Seemo sa baswi ka fa Baebela e buang ka teng

Lefoko la Modimo la reng mabapi le motho gaa sule? A Modimo wa bo a mo tsere go ya go tshela le ene kwa legodimong?  Baebele ya re motho ga a na kakanyo fa a sule. “Mowa wa gagwe o wa tswa, mme o boela mo mmung wa gagwe; ka le tsatsi leo fela dikakanyo tsa gagwe di a nyelela” Pesalema 146:4. “Lorato lwa bone, le kilo ya bone, le dikeletso tsa bone, jaanong di nyeletse….Ga no go na tiro, le fa e le kitso, le fa e le botlhale, mo phuphung, ko o yang teng” Moreri 9:6,10

E rile kgosi Hesekile a leboga Modimo go bo a mo okeleditse dingwaga tsa botshelo ka dingwaga di le 15, a bua mafoko a: “Gonne phuphu ga e kake ya go baka; loso ga le kake la go galaletsa; ba ba fologelang mo bobipong ga ba kake ba solofela boammaruri. Motshedi, motshedi ene, o tlaa go baka jaaka ke dira gompieno” Isaia 38:18,19. Thuto e e ratiwang ke bontsi e supa fa baitshepi ba ba suleng ba le ko legodimong ba galaletsa Modimo; mme Hesekile o ne a sa bone go ntse jalo. Mafoko a gagwe a dumalane le mo pesalema aa reng: “Gonne mo losong ga o na go gakologelwa; mo phuphung ke mang o tlaa go bakang?” Peselema 6:5 “Baswi ga ba bake Morena, le fa e le ba ba fologelang mo tuulalong” Peselema 115:17

Ke fela fa Jeso Keresete a tla labobedi fa baswi ba ba swetseng mo Moreneng ba tla tsogang, “Gonne morena ka esi o tla fologa kwa legodimong, ka loshalaba, le ka lentswe la moengele yo mogolo, le ka go galaotega lwa lonaka lwa Modimo; mme baswi ba ba swetseng mo go Keresete ba tlaa tsoga pele: Foo rona ba re ta bong re tshedile re tlogetswe, re tla tsholediwa nabo mo marung, re ya go kgatlhantsha Morena mo loaping”1 Bathesolonika 4:16,17. 1 Bakorintha 15:51-54 e bua ka go thswana. Go papametse gore fa Jeso a tla, baswi ba tsosiwa mo borokong jwa loso, ga ba tle le Jeso go tswa ko legodimong.

Jaanong thuto ya gore fa motho a swa o ya legodimong gone foo e tswa kae? E tswa ko go Satane. Modimo o ne a laetse batsadi ba rona ba ntlha gore ba ka ja maungo otlhe a tshimo, “mme leungo lwa setlhare se se fa gare ga tshimo,….lo seka lwa lo ja, le gone lo seka lwa lo ama, lo ka tla lwaa swa”Genesisi 3:3. Mme Satane a ba raya a re, “ruri ga lo kitla loo swa….lo tla nna jaaka Modimo” Genesisi 3:4,5. Mme batsadi ba rona ba dumela Satane go na le Modimo, e tswa Modimo a ne a ba tlhagisitse ka ene e bile a setse a kubilwe ko legodimong ka ntlha ya go tlhoka kutlo. Mme go tlhoka kutlo ga bone ga tsenya boleo mo lefatsheng la rona. Boleo bo tlhaloswa e le “go tlola molao” wa Modimo (1 Johane 3:4). Se se raya gore Satane ke ene mosimolodi wa boleo.

 Motho ko tshimologong o ne a filwe di nonofo tse di tlotlegang le tlhaloganyo e e lekalekaneng sentle. O ne a le phepa mo moweng. Dikakanyo tsa gagwe di ne di itshekile, maikaelo a gagwe a ne a itshekile. Mme ka ntlha ya go tlola molao wa Modimo wa lorato dinonofo tsa gagwe tsa sokama mme bopelotshetlha ja tsaya setilo sa lorato mo pelong. Popego ya gagwe ya tlholego e ne ya koafala ka ntlha ya go tlola molao mo e leng gore go ne go sa kgonagale gore ka nonofo ya gagwe o ka lwantsha nonofo ya bosula. O ne a dirwa legolegwa ke Satane, mme o ka ne a nnetse ruri jalo fa Modimo a ne a sa re utlwela botlhoko.

“Gonne Modimo o ratile lefatshe mo go kalo kalo, wa ntsha Morwa wa Gagwe yo a tsetsweng a le esi, gore le fa e le mang yo a dumelang mo go ene, a seka a nyelela mme a bone botshelo jo bo sa khutleng ” Johane 3:16. Go na le gore Modimo a nyeletse motho, Morwa wa Modimo a tswa kwa legodimong go tla go duela ka loso lwa Gagwe tlolo molao e e dirilweng ke motho; gore motho a tle a tswe mo bokgobeng ja ga Satane, mme a busetswe mo kgolaganong le Modimo. Se se supa gape ka botlalo gore molao wa Modimo ga o fetoge e seng jalo go ne go sa tlhokafale gore Keresete a swe ka gore Modimo a ka bo a ne a fetotse nngwe ya molao o some go thusa motho mo seemong sa gagwe sa go wela tlase.

Fa a tlhalosa thomo ya Gagwe mo lefatsheng, Jeso a re, Morena “O ntloditse go rerela bahumanegi mafoko a molemo;… go rerela bagolegwi kgololo” Luke 4:18.

Ka jalo re gololwa fela ke Keresete mo bokgobeng ja ga Satane ja go rata go tlola molao wa Modimo. Kgololo mo bokgobeng jwa ga Satane e diragala fela fa re amogela Jeso jaaka Mmoloki wa rona, re bo re ikotlhaela maleo a rona ka boamaruri, aa kokotetseng Jeso mo mokgorong. Mme fa re dira jalo, re amogela gape tshiamo ya Gagwe ka tumelo, e e re fang nonofo ya go lwantsha boleo gore re nne bana ba Modimo “Mme botlhe ba ba mo amogelang o ba fa nonofo ya go nna bana ba Modimo” Johane 1:12. Ke fela fa re dirisa nonofo e ya ga Keresete go fenya diteko re ka yang kwa legodimong, a re “Yo o fenyang, ke tlaa mo naya gore a dule le nna mo setulong sa me sa bogosi, fela jaaka le nna ke fentse, mme ke dutse le Rre mo setulong sa gagwe sa bogosi” Tshenolo 3:21

Go tlhoka go swa go ne go solofeditswe motho fela fa a le kutlo mo Modimong. Mme Adamo ka go tlhoka kutlo o ne a tsene ka fa tlase ga seru sa loso. O ne sa kake a fitisetse ko dikokomane tsa gagwe se a se nang sone; mme ebile go ka bo go sena tsholofelo mo tšhabeng e e oleng, fa Modimo, ka setlhabelo sa Morwae, a ne a sa tisa bosasweng gaufi le motho. “Gonne maduo a boleo ke loso; mme mpho ya Modimo ke botshelo jo bo sa khutleng” Baroma 6:23. “ba ba batlang kgalalelo, le tlotlo, le bosasweng, ba le pelotelele mo go direng molemo, o ba naya botshelo jo bo sa khutleng” Baroma 2:7

Batho fela ba ba ko legodimong ba ba tswang mo lefatsheng le, ke Enoke, “Enoke a sepela le Modimo; mme a bo sa tlhole a bonala, gonne Modimo o ne a mo tshotse” Genesisi 5:24; Moshe, “Mikaele moengele yo mogolo, e rile a ganela le diabolo, a ganetsanya nae ka ga mmele waga Moshe, a boifa go mo sekisa ka go mo gobolola, mme a bua a re “A Morena a go kgalemele”” Juta 1:9; Elija, “Mme ga diragala, ya re ba ntse ba tswelela pele, ba ntse ba bua, bonang, ga bonala kara ya molelo, tsa ba kgaoganya boo babedi, mme Elija a tlhatlogela kwa legodimong ka sefefo”2 Dikgosi 2:11; le batho ba ba tsogileng le Jeso fa a ne a tsoga mo phuphung, “Le diphuphu tsa atlhamologa; le mebele e le mentsi ya baitshepi ba ba neng ba robetse ba tsosiwa. Ba tswa mo diphuphung morago ga tsogo ya Gagwe, ba tsena mo motseng o o boitshepo, ba bonwa ke batho ba le bantsi” Mathaio 27:52-53.

 Ko ntle ga batho ba, ga gona ope jaaka re setse re bone yo a yang ko legodimong gone foo morago ga go swa. Jeso ga a ise a tle labobedi, torompeta ga e ise e galabetege, mme gape gaa tla “matlho otlhe a tlaa mmona” Tshenolo 1:7. Ka mafoko a mangwe, go tla ga Gagwe labobedi ga se sephiri.

Jeso a re, “Lobaka lo etla, lo botlhe ba ba mo diphuphung ba tlaa utlwang lentswe la gagwe ka lone. Mme ba tla tswa; ba ba dirileng molemo ba tswela tsogelong ya botshelo” Johane 5:28,29.  Fela jaaka ditemana tse re di badileng tsa tsogo, baswi baa tsosiwa mo mabitleng, ga ba tswe kwa legodimong kgotsa ko diheleng. Mo tsogong ya ntlha kgotsa ya botshelo, ke gone ba ba dirileng molemo ba newang botshelo jo bosakhutleng ke Jeso.

 Temana e fa godimo ya ga Johane fa e tswelela ya re, “mme ba ba dirileng bosula ba tswela tsogelong ya tshekiso ”Johane 5:29. Tsogo ya tshekiso kgotsa ya bobedi e diragala dingwaga tse 1000 morago ga tsogo ya ntlha. Baebele ya re, “Baswi ba bangwe bone ba se ka ba tsoga go tsamaya dingwaga tse 1000 difeta pele….Go sego, go bile go boitshepo yo a nang le kabelo mo tsogong ya ntlha; bao, loso lwa bobedi ga lo na thata mo go bone; ba tlaa nna baperesiti ba Modimo le ba ga Keresete, mme ba tlaa busa nae dingwaga di le 1000. E tlaa re dingwaga tse 1000 di sena go feta, Satane o tlaa gololwa mo ntlong ya kgolegelo ya gagwe… Diabolo yo o ba tsieditseng a latlhelwa mo bodibeng jwa molelo le solofera, kwa sebatana le moporofiti yo e seng ene, ba leng teng…Ka bona baswi, bagolo le bannye ba eme fa pele ga setulo sa bogosi; mme dikwalo dingwe tsa bulwa; lo e leng lekwalo lwa botshelo; mme baswi ba atlholwa ka dilo tse dikwadilweng mo dikwalong, ka fa ditirong tsa bone…Mme fa mongwe a ne a fitlhelwa a sa kwalwa mo lokwalong la botshelo, o ne a latlhelwa mo bodibeng jwa molemo” Tshenolo 20:5,6,7,10,12,15.

Amen

Andrei Lesiapeto