Letsatsi la Modimo le le boitshepo le
ditiragalo tsa metlha ya bofelo
Mokwadi wa Baebele, ka tlhotlheletso
ya Mowa o o Boitshepo, a re boleo ke go “tlola molao” 1 Johane 3:4. Boleo bo tsene
mo lefatsheng la rona ka batsadi ba rona ba ntlha, e bong Adamo le Efa, mo
tshimong ya Edene. Ba ne ba reetsa ene yo e leng mosimolodi wa boleo (Esekiele
28:14,15), e bong Satane, ka go ja leungo le Modimo a rileng ba se ka ba le ja,
e seng jalo ba tlaa swa (Genesise 3:3). Setlhare sa molemo le busula se ne
dirilwe e le teko go bona go re a ba rata Modimo le go mo obamela. Jaaka baengele, banni ba Edene
ba ne ba bewa foo ka nakwana go bona go re a ba tshwanetswe ke bonno jo;
boitumelo jwa bone mo lefolong le bo ne bo ka tswelela fela fa ba le boikanyo
mo molaong wa Motlhodi. Ba ne ba ka obamela Modimo e bo ba tshela, kgotsa ba sa
mo obamele e bo ba nyelela. Modimo o ne a ba segofaditse ka masego a mantsi;
mme ga ba ikgatlholosa thato ya Gagwe, Ene yo a se kang a retegela baegele ba
ba leofile, o ne a sa ka ke a ba retegele; tlolo molao e ne e ne e tlaa tlosa
masego mo go bone mme e lere bohutsana le tshenyego. Mme go tlhoka kutlo go ne
ga lere bohutsana le tshenyego mo dipopegong tsa rona, ka gore ka bo rona, re
palelwa ke go tshegetsa molao wa Modimo o o boitshepo, re laolwa ke Satane ka
mo go feletseng.
Mme seemo se, se ka ne se nnetse jalo
ruri fa Modimo ka boutlwelo botlhoko a ne a sa re golola mo boleong. Modimo o
ne a romela Morwa wa Gagwe Jeso Keresete go re a tle go letlanya molao o o
robilweng. Baebele ya re “O ne a ntshediwa ditlolo tsa rona matsanko, a
teketalwa maikepo a rona; petso e e dirileng kagiso e ne e le mo go Ene; re
bile rre fodisiwa ka dingalo tsa Gagwe” Isaia 53:5, le go re, re bone botshelo
jo bosakhutleng (Johane 3:16). Mme gape re bolelelwa go re “botlhe ba ba mo
amogetseng o ba fa nonofo ya go nna bana ba Modimo” Johane 1:12. Nonofo e, ke
tshiamo ya Jeso Keresete e e fiwang botlhe ba
ba mo mogelang jaaka Morena le Mmoloki, go re ba nne le nonofo ya go
fenya boleo, se e leng go “tlola molao wa Modimo”. O ba fa nonofo tsatsi le
letsatsi, aura le aura, ka go re, tsholofetso ya re, “fela jaaka malatsi a gago
a ntse, thata ya gago e tlaa nna fela jalo”Deterenomi 33:25
Jaanong molao wa Modimo wa bone mo go
Ekesodo 20:8 -11, wa re:
“Gakologelwa letsatsi la Sabata go le itshepisa. O dire o bo o swetse tiro
yotlhe ya gago ka malatsi a le marataro; mme letsatsi la bosupa ke Sabata wa ga
Jehofa Modimo wa gago; o se ka wa dira tiro epe mo go lone, wena, le fa e le
morwao, le fa e le morwadio, le fa e le motlhanka wa gago wa monna, le fa e le
motlhanka wa gago wa mosadi, le fa e le dikgomo tsa gago, le fa e le moeng wa
gago yo o mo teng ga dikgoro tsa gago. Gonne Jehofa o dirile legodimo le
lefatshe le lewatle le tsotlhe tse di mo go lone ka malatsi a le marataro, mme
a ikhutsa ka letsatsi la bosupa; ke gone ka moo Jehofa o ne a segofatsa
letsatsi la Sabata, a le itshepisa.”
Ka fa
ditemana tse di buang ka teng Sabata e tshwanetswe ya itshepisiwa ka go sa dira
tiro epe mo go lone fa e se go obamela Modimo. Gape ke letsatsi la segopotso sa
tiro ya tlholo, go lebisa tlhaloganyo ya motho ko Modimong yo tlhodileng dilo
tsotlhe. Le sale le itshepisiwa ko tshimologong ya lefatshe fela fa Modimo a
sena go wetsa tlholo. Baebele ya re, “Legodimo le lefatshe tsa wediwa, le dilo
tsotlhe tse di mo go tsone. E rile ka letsatsi la bosupa, Modimo wa wetsa tiro
ya one e o e dirileng; wa ikhutsa ka letsatsi la bosupa mo tirong yotlhe ya one
e o e dirileng. Modimo wa segofatsa le tsatsi la bosupa, wa le itshepisa, gonne
mo go lone o ne wa ikhutsa mo tirong yotlhe ya one e a e tlhodileng” Genesise
2:1-3. Ke yone fela taolo ya Modimo e e
simololang ka lefoko “Gakologelwa”, ka gore Modimo o ne a itse gore motho o tla
lebala kgotsa a leka go e fotola.
Gore re seka
ra iphitlhela re lebetse kgotsa re fetotse, mme ka go dira jalo re iphitlhela
re tlodile molao wa Modimo, re
tshwanetse ra itshepisa Sabata wa ga Jehofa, ka gore Baebele ya re, “Le fa
motho a ka tshegetsa molao otlhe, mme a tlola taolo e le nngwe fele, o molato
mo go one otlhe” Jakobe 2:10. Ka jalo re tshwanetse ra itse gore letsatsi la
bosupa ke lefe.
Jeso Keresete a re “Ke Nna tsela,
boammaruri le botshelo, ga gona yo tlang kwa go Rara fa e se ka Nna” Johane
14:6. Mabapi le letsatsi le Jeso a neng a le itshepisa gape a obamela Modimo mo
go lone, Baebele ya re, “A fitlha mo Nasaretha, kwa a goletseng teng, a ba a
tsena mo senagogeng (ntlo ya kobamo) ka letsatsi la Sabata ka fa tlwaelong ya
gagwe.” Luke 4:16. Jeso Keresete o ne a godisitswe mo motseng wa Nasaretha mo
lefatsheng la Israele ko go sa berekweng ka Sabata (Sateretaga), e le letsatsi
la kobamo. Mme ka gore Jeso ke “tsela le boammaruri” gape a re “Ke tshegeditse
ditaolo tsa ga Rara” Johane 15:10, go balelwa le go itshepisa Sabata, re
tshwanetse ra mo sala morago ka go itshepisa letsatsi la Sabata (Sateretaga) ka
go sa dira tiro epe mo go lone fa e se go obamela Modimo.
Gape rotlhe re itse gore maitapoloso a
Good Friday a supa gore Jeso o bapotswe ka Friday. Ka jalo temana ya re, “Erile go setse go le maitsiboa
jaanong…ke gore letsatsi la go tloga go
le Sabata, ga tla Josefe wa Aremathae…a lopa setopo saga Jeso….a mmaya mo
phuphung” Mareko 15: 42, 43, 46. Ka o sule ka Friday, ke gore letsatsi go tloga
go le Sabata, go raya gore Sabata ke Sateretaga.
Baebele ha e
buwa ka tsogo ya Morena Jeso, yare: “E rile Sabata a sena go feta, boMaria Magetalena, le Maria mmagwe Jakobe,
le Solome, ba reka ditlhatsana tsa malao gore ba ye go mo tlotsa. Ya re ka letsatsi
la ntlha la beke, go le maphakela a magolo, batla ba fitlha fa phuphung
letsatsi le sena go tlhaba…. mme ba tsena mo phuphung, ba bona motho wa lekau….
a ba raya a re: Se boifeng; lo batla Jeso wa Monasaretha yo neng a bapotswe, o
tsogile, ga a yo fa, bonang felo fa ba neng ba mmeile teng” Mareko 16: 1-6.
Ditemana tse
di re bolelela gore Morena Jeso Keresete o tsogile ka letsatsi la ntlha la
beke, “Sabata a sena go feta.” Ka gore Sabata ke Sateretaga, go raya gore
letsatsi la ntlha la beke ke Sontaga. Gape ditemane tse di supa fa basadi ba,
ba ne ba sa batle go tlola molao wa Modimo ka go reka ditlotso ka Sabata, ka
jalo ba ne ba leta gore Sabata a fete ke gone ba ya go reka.
Go raya gore ka fa re balang malatsi a beke ka
gone, ga se ka fa Modimo a a balang ka teng. Sontaga ke lone le tsatsi la ntlha
la beke mme Sateretaga e be e nna letsatsi la bosupa e bong Sabata.
Ka jalo
Sateretaga ke yone Sabata wa ga Jehofa Modimo wa gago. Ke lone letsatsi le re
tshwanetseng go le itshepisa jaaka basadi ba ba neng ba batla go ya go tlotsa
Jeso, ba ne ba ya go reka ditlotso Sabata a sena go feta. Modimo fa a tswelela
a bua ka masego a Sabata a re: “Go bua jaana Jehofa, a re: Bolokang katlholo,
lo dire tshiamo; gonne poloka ya me e gaufi le go tla, le tshiamo ya me a gaufi
le go senolwa. Go sego motho yo o dirang mo, le morwa motho yo o go tshwarang
thata; yo o ilelang Sabata a sa o tlhapatse, a gone seatla sa gagwe, gore se se
dire bosula bope.” “Le bone baeng ba ba ikopanyang le Jehofa go mo direla, le
go rata leina la ga Jehofa, le go nna batlhanka ba gagwe, mongwe le mongwe yo o
ilelang Sabata a sa o tlhapatse, le kgolagano ya me ba e tshwara ka thata;..,
ke ba jesa monate mo ntlong ya me ya thapelo … gonne ntlo yame e tla bidiwa
ntlo ya borapelelo jwa ditšhaba tsotlhe ” Isaia 56:1,2,6,7.
Mafoko a a buiwa ka
nako e Sekeresete se setse se gorogile mo lefatsheng ka gore Baebele ya re:
“Morena Modimo yo o phuthang balelekwi ba Iseraele, a re: Ke tlaa nama ke phuthela kwa go ene ba sele, kwa ntle ga ba ga gabo ba
ba phuthilweng.” Isaia 56:8. Fana
go porofisiwa go phuthiwa ga baditšhaba ka mafoko a molemo a ga Jeso Keresete.
Mo go bao ba ba tlotlang Sabata, go bolelwa gore ba tla segofadiwa. Ka jalo
nako e molao wa bone o tshwanetsweng ke go tshegetswa e tswelela go fetla nako
ya papolo, ya tsogo le go tlhatlogela kwa legodimong ga ga Keresete, go
fitlhela nako e batlhanka ba gagwe ba rerang mafoko a molemo mo ditšhabeng
tsotlhe tsa lefatshe.
Ke sone se Jeso Keresete a reng
“Sabata e diretswe motho, motho ga a direlwa Sabata” Mareko 2:27. Ke go re
Sabata e diretswe go re motho a amogele masego go tswa ko Modimong ka go sa
bereka ka letsasi leo, fa e se go obamela Modimo.
Jaanong, ke eng bontsi mo lefatsheng
ba itshepisa Sontaga letsatsi la ntlha la beke? A go nnile le phetogo mo
molaong wa Modimo wa bone? Ga go a nna le phetogo epe ka gore Jeso a re “Lo
seka la itlhoma gore ke tsile go senya molao le fa e le baporofiti ga ke a tla
go senya ga e se go tlhomamisa” Mathaeo 5:17
Mme le fa gontse jalo Baebele e re
tlhagisa ka kgosi e tlaa lekang go fetola molao wa Modimo. Daniele o re bolelele
ka kgosi e e tla tlhapatsang Modimo, e e tla lwantshang baitshepi ba Modimo, le
gore “e tla solofela go fetola
metlha le molao” Daniele 7:25. Paulo
le ene o porofisa ka ene kgosi ye gore ke: “monna wa boleo” “yo e
leng morwa tatlhego. E bong yo o ikgantshang, a ikgodisa, a tlhabana le
gotlhe mo go bidiwang Modimo, kgotsa mo go obamelwang; a ba a tle a dule mo
tempeleng ya Modimo, a ikaye gore ke ene Modimo.”
2 Bathesalonika 2:3,4.
“Monna wa boleo” ke mang yo o lekileng go
fetola molao wa Modimo? Karabo ya re:
“Modimo ka monwana wa gagwe o kwadile ditaolo
tsa gagwe di le some a di neela Moshe mo thabeng ya Sinai e le molao wa
Ma-Isaraele ….Keresete le ene fa a rera o supile fa ditaolo tse some e le molao
wa kgolaganyo e ntšha. Mme Phuthego (ya Roma) yone e fetotse letsatsi la boikhutso…. go
tswa ko letsatsi la bosupa go ya ko go la ntlha la beke…Mme ya dira go re
Sontaga e nne lone letsatsi le le itshepisiwang” The Catholic
Encyclopaedia http://www.newadvent.org/cathen/04153a.htm. (Mokwadi ke e ne a ranoletseng ko
Setswaneng)
Mokwalo o fa godimo o supa fa phuthego
ya Roma e ikgantsha gore ke yone e lekileng go fetola molao wa Modimo. Tota
yone ga e re, e lekile, ya re e fetotse. Phuthego ya Roma e eteletswe pele ke
monna o bidiwa mopapa. Go ra ya gore mopapa ke ene “monna wa boleo” yo a tla
“solofelang go fetola molao”.
Mopapa o tsaya kae thata e kana ya go
leka go fetola molao wa Modimo? Baebele ya re o e tsaya mo go Satane yo a
kaiwang e le kgogela (Tshenolo 12:9), fa mmuso wa ga mopapa o kaiwa e le
sebatana (Daniele 7:17): “Mme kgogela ya se naya thata
ya yone, le setulo sa yone sa bogosi, le taolo e kgolo” Tshenolo 13:2.
Satane, a dirisa phuthego ya Roma, o
lekile, ebile o tla tswelela a leka go fetola letsatsi la Sabata ka gore ke
letshwao la Modimo kgotsa sesupo sa Modimo, “Lo itshepise bo Sabata bame; mme
batla nna sesupo gare game le lona, gore lo itse fa ke le Morena Modimo wa lona”
Esekiele 20:20, bona gape Ekesodo 31:17. Mo melaong e some, wa bone ke one fela o o supang gore Jehofa
ke Motlhodi wa dilo tsotlhe. O supa gore (1) Mokwadi wa molao ke Jehofa Modimo.
(2) Maemo a gagwe ke Motlhodi. (3)
Kgaolo ya gagwe ke legodimo le lefatshe le lewatle. Ka gore letsatsi la bosupa
la beke (Sateretaga) ke Sabata se e leng letshwao la Modimo, go raya gore
sabata yo a iteretsweng wa letsatsi la ntlha la beke (Sontaga), ke letshwao la phuthego ya Roma. Ke letshwao
la sebatana.
Re atumela ka bofefo nako e go buiwang
ka yone mo go Tshenolo 13:15-17, fa sebatana se tla pateletsa mongwe le mongwe
mo lefatsheng go amogela letshwao la sebatana se e leng go itshepisa
Sontaga. Malwetse a leroborobo, dintwa,
mauba le dipheretlhego di tla oketsega mo lefatsheng, mme se go tla tsewa e le
dipetso tse di tswang ko Modimong ka ntlha ya go tlhoka go itshepisa Sontaga.
Yo o ganang go itshepisa Sontaga, molao ga o na go mo letelela go reka kgotsa
go rekisa, e bile o tla lebagana le loso fa a tswelela a gana. Mme phuthego ya
Roma e tla bo e se nosi mo tirong e ya go pateletsa lefatshe go itshepisa
Sontaga. E tla bo e na le setshwantsho
sa sebatana, e bong diphuthego tsotlhe tse di kopantsweng ke dintlha tsa tumelo
tse di tshwanang mme di rotloetse mmuso go pateletsa batho ditaolo tsa bone le
gore mmuso o di tshegetse ka madi. Bontsi jwa diphuthego tse, di setse di
kopane ka fa tlase ga lekoko la World Council of Churches (WCC) le le
phuthileng makoko a mangwe jaaka Christian World Communion (CWC), National Council
of Churches (NCC) le a mangwe. Gape ga di duele lekgetho, se se raya gore di
tshegeditswe ke mmuso. Se se setseng fela ke gore mmuso o pateletse batho di
taolo tsa WCC e be e tshwana le phuthego ya Roma jaaka e ne e bogisa baganetsi
mo nakong e e fetileng. Ka mafoko a mangwe WCC e tla be e nna setshwantsho sa
phuthego ya Roman Catholic.
Maloko a CWC
ke : Roman Catholic Church, Seventh Day Adventist Church, Pentecostal churches,
Baptist churches, Anglican, Lutheran, Methodist, le tse dingwe. https://www.oikoumene.org/church-families
Nonofo ya boraro go thusa sebatana, ke
Amerika, e e supiwang e le sebatana sa bobedi sa dinaka tse pedi tsa kwana mo
go Tshenolo 13. Di naka tse pedi tsa kwana di supa tshiamo le bonolo jaaka go
le mo motheong wa Amerika gore (1) Ke mmuso wa batho ka batho eseng wa bogosi,
le gore (2) Batho ba Amerika ba gololesegile go obamela Modimo ka fa ba batlang
ka teng ba sa laolwe ke mmuso jaaka go ne go ntse ko mahatsheng a neng a lwalwa
ke tumelo ya Roma ka nako eo. Mme Amerika e bonala o fetoga ka gore Baebele ya
re, sebatana se, “se bua jaaka kgogela, se dira ka taolo yotlhe ya sebatana sa
ntlha, se pateletsa lefatshe le ba ba agileng mo go lone, gore ba obamele
sebatana sa ntlha” le gore “ba direle sebatana setshwantsho” Tshenolo
13:11,12,14. Go raya gore Amerika ke yone e e tla ntshang molao o o pateletsang
lefatshe go itshepisa Sontaga. Dinonofo tse ka boraro di eteletswe pele ke
Satane yo gape a phutlhileng ditumelo tse dingwe ka fa tlase ga gagwe tse di sa
ipitseng ka leina la ga Keresete.
Ke sone se Modimo a batlang go re
busetsa ko kobamong ya nnete pele ga dinonofo tse di re timetsa mme re felele
re latlhegile. Ka jalo Modimo o re tlisetsa melaetsa e le meraro e e lebaganeng
le dinako tse re tshelang mo go tsone, wa ntlha wa re: “Ka
bona moengele mongwe a fofa gare ga legodimo, a na le mafoko a a molemo a a sa
khutleng go a bolelela ba ba agileng mo lefatsheng, le tšhaba nngwe le nngwe,
le lotso, le puo, le batho; mme a bua ka lentswe le legolo a re: Boifang
Modimo, lo o neye kgalalelo; gonne nako ya katlholo ya one e tsile; lo obamele
One o o dirileng legodimo le lefatshe, le lewatle, le metswedi ya metsi.”
Tshenolo 14:7
Re belediwa go obamela Modimo jaaka
Motlhodi ka go itshepisa Sabata e a e segofaditseng morago ga go tlhola dilo
tsotlhe. Re ka naya Modimo kgalalelo ka
go amogela Jeso Keresete jaaka Mmoloki gore re tle re nne le tshiamo ya gagwe
ka tumelo, e ka yone fela re ka emang ka nako ya katlholo.
Molaetsa wa bobedi wa re,“Mme moengele
yo mongwe, a tla morago ga yoo, a re Babilone o ole, o ole, motse o mogolo, ka
gore o nositse ditšhaba tsotlhe bojalwa jo bo bogale jwa boaka jwa gagwe”
Tshenolo 14:8. Mo Baebeleng, setshwantsho sa sebatana gape se bidiwa Babilone
go tswa mo go lefokong “Babele” kgotsa tlhakatlhakano (Genesis 11:9) ka gore
diphuthego tse di leng mo Babilone kgotsa tsa setshwantsho sa sebatana di na le
dithuto tse di ganetsanang gape di le maaka, mme mo go baka tlhakatlhakano e
kgolo. Babilone gape o tshwantshiwa le seeka kagore o ipitsa ka Keresete, Monna
wa gagwe (2 Bakorinta 11:2.), mme lorato lwa Babilone lo gapilwe ke lefatshe le
Satane. Go wa ga Babilone mo tumelong ke sone se se bolelwang fano. Go wa mo go
diriwa ke dithuto tse di maaka tse di tshwantshiwang jaaka bojalwa. Fela jaaka
bojalwa, dithuto tse di dira gore motho a seka a akanya sentle mabapi le poloko
ya Modimo.
Mo laetsa wa boraro wa re, “Moengele
yo mongwe, e le wa boraro, a tla morago ga bone, a bua ka lentswe le legolo a
re: Fa motho le fa e le mang a obamela sebatana le setshwantsho sa sone, a
iteseletsa go tshwaiwa mo phatleng, kgotsa mo seatleng, le ene o tlaa nwa
bojalwa jwa bogale jwa Modimo, jo bo baakantsweng bo sa tlhakanngwa le sepe, bo
le mo senwelong sa tšhakgalo ya one; mme o tlaa tlhokofadiwa ka molelo le
sulefura, fa pele ga baengele ba ba boitshepo, le fa pele ga Kwana. Mme mosi wa
tlhokofatso ya bone o tlhatloga ka bosakhutleng le ka bosaengkae; ga ba na
tapologo motshegare le bosigo, e bong bone ba ba obametseng sebatana le
setshwantsho sa sone, le botlhe ba ba iteseletsang go tshwaiwa lotshwao lwa
leina la sone. Bopelotelele jwa baitshepi ke jone joo, e bong jwa ba ba
tshegetsang ditaolo tsa Modimo, le tumelo mo go Jeso.” Tshenolo 14:9-12
Ga go na
gope mo Baebeleng mo go buiwang ka bogale jwa Modimo jo bo kana bo sa
tlhakanngwa le boutlwelo botlhoko. Ka jalo go botlhokwa gore re seka ra
itlhokomolosa tlhagiso e. Molaetsa o, wa re go tlaa nna le mefuta e le mebedi
fela ya batho mo lefatshing e maloko a yone a ka sekeng a fetoga (1) Ba ba
obamelang sebatana—Phuthego ya Roma, le setshwantsho sa sone—WCC, kgotsa ba
iteseletsa go tshwaiwa ka lotshwao lwa sone—se eleng go itshepisa Sontaga (2)
Ba ba obamelang Modimo ka go tshegetsa ditaolo tsa Modimo ka tumelo mo go Jeso
le go itshepisa Sabata wa nnete e bong Sateretaga.
Mofutla wa
ntlha o ganne tlhagiso ya Modimo, ka jalo ba otlhaiwa ka bogale jwa Modimo bo
sa tlhakanngwa le kutlwelo bothoko, se e leng dipetso tse supa tsa bofelo tse
di tlogang di tla mo lefatsheng. Mme e re mo kotlhaong ya bofelo ba latlhelwe
mo lekadibeng la molelo le solofera. Se ke loso la bobedi le go senang tsogo mo
go lone. Ke kgaogano ya bosakutleng gareng ga motho le Motlhodi wa gagwe.
Mofutla wa
bobedi ke ba ba tsibogetseng tlhagiso. Ba obamela Modimo e seng motho. Ba
amogetse Jeso jaaka Mmoloki wa bone. Ba siamisitswe ka tumelo mo go Jeso, ba
amogetse tshiamo ya ga Jeso e e supegang ka go tshegetsa ditaolo tsotlhe tsa
Modimo. Ka jalo ga ba kitla ba amiwa ke dipetso tsa bofelo.
Pitso ya bofelo mo go ba ba santseng ba le mo
Babilone, ya re: “E rile morago ga dilo tse ka bona moengele yo
mongwe a fologa mo legodimong, a na le taolo e kgolo; mme lefatshe la bonesega
ka kgalalelo ya gagwe. Mme a tlhaeletsa ka lentswe le le nonofileng a re:
Babilone o mogolo o ole, o ole, o fetogile boago jwa mewa e e maswe le
boitswalelo jwa mowa mongwe le mongwe o o maswe, le boitswalelo jwa nonyane
nngwe le nngwe e e maswe le e e ilwang. Gonne merafe yotlhe e ole ka bojalwa
jwa bogale jwa kgokafalo ya gagwe; dikgosi tsa lefatshe tsa gokafala nae, le
babapatsi mo lefatsheng ba huma ka thata ya go hoahoega ga gagwe. Ka utlwa lentswe le lengwe le le tswang
legodimong le re: Tswang mo go ene lona batho ba me, gore lo se tlhakanele nae
dibe tsa gagwe, le gore lo se bone dipetso tsa gagwe. Gonne dibe tsa gagwe di
ile go fitlha le kwa legodimong. Modimo o gakologetswe maikepo a gagwe.”
Tshenolo 18:1-5
Sebe se segolo sa Babilone jaaka go setswe go tlhalositswe, ke go
intshepisa Sabata yo a iteretsweng ebong Sontaga. Se se dira gore Babilone a gatake Sabata wa
Modimo ebong Sateretaga. Ka jalo ba roba molao otlhe wa Modimo. Babilone e ruta
gore Jeso o re tshegeleditse molao ka jalo ga re mo thateng ya molao mme re mo
thateng ya tshegofatso (Baroma 6:14) Se ke go sokamisa mafoko a Baebele. Kgaolo
e yotlhe e bua ka go gololwa mo thateng ya boleong, le go tshela botshelo jo bo
sha mo go Keresete. Temana e ya re,
“Gonne boleo ga bo ketla bo nna le taolo mo go lona; ka gobo ga lo mo thateng
ya molao, mme lo mo thateng ya tshegofatso” Barome 6:14. Tlhaloso fela e e teng
mo Baebeleng ya boleo, ke gore “Boleo ke go tlola molao” 1 John 3:4. Ka jalo se
temana e, e se buang ke gore, fa tlwaelo ya go tlola molao wa Modimo e sa
tlhole e go laola ka gore o amogetse Keresete jaaka Mmoloki, ebile o ipoletse
maleo a gago mo go Ene, a bo aa phimola, o bo o apara tshiamo ya ga Keresete ka
tumelo, go raya gore, boleo ga bo sa tlhola bo na le thata mo go wena, mme o mo
thateng ya tshegofatso ya Modimo. Tshegofatso ya Modimo jaanong e fa nonofo ya
go tshegetsa molao wa Modimo go balelwa le go itshepisa Sabata. Ke sone se
Paulo a reng “Ke ka dira dilo tsotlhe ka Keresete yo o nnonotshang” Bafilipi
4:13. Yo e leng Ene “Tsela, le Boaammmaruri le Botshelo” a re “Fa lo nthata, lo
tlaa tshegetsa ditaolo tsa Me” Johane 14:15
Babilone e rata go tlhakatlhakanya melao ya mediro ya kgolagano e
kgologolo e e neng e na le bosabata ba yone e e neng e le meriti le dikai, le melao
e 10. Mme ba dirisa ditemana tse, “Wa senya lokwalo lwa kgolego lo lo
kwadilweng mo melaong, lo lo re pegang molato, lo a re sekisa; o le tlositse,
wa lo kokotela mo mokgorong… Ke gone a ope a se ka a lo nyatsa ka go ja, le fa
e le go nwa, le fa e le ka letsatsi la modiro, le fa e le ka kgwedi e rogwang,
le fa e le ka Sabata; e le dilo tse e leng meriti ya dilo tse di tlang; mme
mmele ke wa ga Keresete” Bakolosa 2:14,16,17 “Gonne ke ene kagiso ya rona yo
dirileng bobedi bongwe fela, mme a thubaganya lomota lwa tomologano, ka a nyeleditse
mo nameng ya gagwe kilano, e bong molao wa ditalo” Baefeso 2:14,15
Bakwadi botlhe ba Tesetamente e ncha ba kwadile dikwalo tsa bone
morago ga loso lwa ga Jeso. Se se raya gore mediro yotlhe ya kgolagano e
kgologolo le bosabata ba yone tse di
bolelwang mo go Lefitiko 23, di ne tsa nyelediwa, ko ntle ga Sabata wa ditaolo
tse 10, jaaka go supiwa ke ditemana tse, “Mme ya bo e le letsasti la
iketleetso, mme Sabata o ne a atamela. Le basadi ba ba duleng nae kwa Galilea,
ba mo sala morago, go bona phuphu, le ka fa setopo se bewang ka teng. Mme ba
boa, ba baakanya malao le ditlotso; mme ba ikhutsa ka letsatsi la Sabata ka fa
taolong” Luke 23:54-55 . Ka gore
“lokwalo lwa kgolego lo lo kwadilweng mo melaong” kgotsa “molao wa ditalo” o ne
wa nyelediwa kwa mokgorong, go raya gore go “ikhutsa ka letsatsi la Sabata ka
fa taolong” jaaka go bolelwa ke Luke, ke go ikhutsa ka Sabata wa ditaolo tse 10,
e seng wa mediro ya kgolagano e kgologolo.
Gape Jeso o rile “tshabo ya lona e seka ya nna mariga, le fa e le ka
Sabata” Mathaio 24:20
E nngwe ya dithuto tsa
maaka tsa Babilone ke gore mowa wa motho o tshelela ruri. E ke tumelo ya gore
fa motho a swa o ya legodimong go ne foo kgotsa o ya diheleng go tshubiwa ka
molelo. Mme mo diemong tsotlhe ka bobedi tumelo ya Babilone ke gore motho wa bo
a tshela. Mme se ga se nnete ka gore Baebele ya re: “Gonne batshedi ba itse fa
ba tla swa; mme baswi ga ba itse sepe” “Go le lorato la bone, le kilo, le
bopelotshetlha, jaanong go nyeletse gotlhe fela; le gone ga ba sa tlhole ba na
le kabalano epe ka bosakhuteng mo go sengwe se se dirwang tlase ga letsatsi”
“gonne ga go na tiro, le fa e le maano, le fa e le kitso, le fa e le botlhale
mo bobipong, kwa o yang gone” Moreri 9:5,6,10.
Sebe se
sengwe sa Babilone ke go ruta gore mo lefatsheng go tla nna dingwaga tse di
sekete tsa kagiso le thokgamo, pele ga Jeso a tla. Mo dingwageng tse, ba re
lefatshe le tla sokologa. Thuto e, e isa diketekete tsa batho tlatlhegong ka
ntlha ya gore e ba robatsa semowa. Mme thuto e, e ganetsa Baebele, ka gore Jeso
o buditse potso a re: “Fa Morwa motho a tla gape, a o tla fitlhela tumelo mo
lefatsheng?” Ka gore “Jaaka go kile ga diragala mo metlheng ya ga Noa” “go tla
nna fela jalo mo metlheng o Morwa motho o tlaa senolwang ka one” Luke 18:8;
Luke 17:26,30. Ka nako ya ga Noa: “Jehofa a bona fa boikepo jwa motho bo le
bogolo mo lefatsheng, le go akanya ga megopolo ya pelo ya gagwe gotlhe, go le
bosula ka metlha yotlhe” Genesisi 6:5
Babilone
gape ya re, fa Jeso a tla, o tla busa dingwaga di le 1000 mo lefatsheng. Se ke
maaka, ka gore dingwaga tse 1000 tse go buiwang ka tsone, lefatshe le tla bo le
tobekanye ka ntlha ya tshenyo ya dipetso tse 7 tsa Tshenolo 16. Lefatshe ka
nako eo le tlhalosiwa jaana, “Ka leba lefatshe, ka fitlhela le tobekanye, le
sena sepe; le legodimo le sena lesedi…go sena motho…e le sekaka fela, metse
yotlhe ya teng e sentswe ke Morena ka bogale jo bo tukang ja Gagwe, Morena o
buile jaana a re: Lefatshe lotlhe le tla fetoga sekaka, mme ga nkitla ke le
fedisa lotlhe” Jeremia 4:23-27
Tshoboko ya
go tswalwa ga boutlwelo bothoko le go bofiwa ga ga Satane dingwaga di le 1000
ke ye: Fa Jeso a fetsa tiro ya gagwe ya Bobueledi mo boemong jwa baleofi ko
tshekong ya legodimong (Daniele 7:9,10,13),
foo lobaka le tla bo le gorogile
gore Jeso a ntshe taolo ya gore “Yo o tshiamololo a nne a dire tshiamololo, yo
o leswe a nne a leswediwe; yo a leng tshiamo a nne a dire tshiamo, le yo o leng
boitshepo a nne a dirwe boitshepo” Tshenolo 22:11. Se se raya gore boutlwelo
botlhoko bo tla bo bo tswetswe. Dipetso tsa bofelo tse 7 di tla tshelwa mo
lefatsheng, mme di tla senya bontsi jwa baikepi le lefatshe (Tshenolo 16). Ko
bofelong jwa tsone Keresete o tla labobedi go senya baikepi ba ba setseng le go
tsosa baitshepi ba ba suleng a ba apesa bosasweng ga mmogo le baitshepi ba ba
tshelang(1 Bathesolonika 4:16,17). Mme Jeso Moeresiti Yo Mogolo o tla rwesa
Satane maleo a batho ba Modimo jaaka go ne go dirwa ka moriti wa letsatsi la
tetlanyo le e neng e le letsatsi la katlholo mo Israel (Lefetiko 16:21,22).
Satane o tla bo a bofilwe ke mabaka dingwaga di le 1000 ka gore ga gona gope ko
a tla letelelwang ke go ya teng. Go tla bo go sena ope yo a ka mo tsietsang ka
gore baikepi ba tla bo ba sule mme baitshepi ba tla bo ba le ko legodimong le
Keresete, ba rena nae gape ba athlola baikepi. (Tshenolo 20:4-6).
Mme morago ga dingwaga di le 1000,
Keresete le baitshepi ba tla boela mo lefatsheng. Keresete o tla tsosa baikepi
go ba fa katlholo ya bone ya bofelo. Baikepi ba tsoga ka mokgwa o ba tseneng mo
losong ka one, wa go tlhowa Keresete. Ga gona gore ba ka tlhola ba fetoga.
Jaanong ba ka fa tlase ga taolo ya ga Satane ka mo go feletseng. O ba bolelela
gore ke ene a ba tsositseng, e bile ba tshwanetse go tlhasela motse wa Modimo
ka gore ke wa gagwe. Mme fa ba santse ba re ba ya go tlhasela, Keresete o
bonala mo setulong sa bogosi ko godimo ga motse wa Modimo, a bo a ntsha
katlholo ya bone go tswa mo dikwalong: “Mme fa mongwe a ne a fitlhelwa a sa
kwalwa mo lokwalong lwa botshelo, o ne a latlhelwa mo bodibeng jwa molelo”
Tshenolo 20:7-15 . Ka jalo Satane le balatedi ba gagwe ba nyelela ka
bosakhutleng.
Mme Modimo
o santse a na le batho ba gagwe mo Babilone ba ba sa itseng ka nnete ya Modimo,
ka jalo pele ga dikotlhao tsa Modimo di tla, O wa lo bitsa gore lo tswe “lo se
tlhakanele nae dibe tsa gagwe, le gore lo se bone dipetso tsa gagwe ” Ke sone
se se supiwang ka moengele a fologa kwa legodimong, lefatshe le bonesega ka
kgalalelo ya gagwe, mme a tlhaeletsa ka lentswe le le golo a bolela dibe tsa Babilone
a re “tswang mo go ene lona batho ba me”
Mmadi yo o
rategang, fa e le gore o santse o le mo Babilone, o tshwanetse wa kgaogana le
baikepi, wa halola, wa boloka botshelo ja gago. Baebele ya re “se pataganeleng
jokwe le ba ba sa dumeleng, gonne tshiamo e na le bolekane bofe le tshiamololo?
Kgotsa lesedi le na le kabalano e fe le lefifi? Keresete o na le kutlwano efe
le Beliale? Kgotsa yo dumelang o na le kabalano e fe le yo sa
dumeleng?…Tswang mo gare ga bone lo kgaogane le bone, go bua Morena…mme Ke
tla lo amogela” 2 Bakorintha 6:14,15,17 Amen.
Andrei Lesiapeto