“Boifang Modimo le O neye kgalalelo, gonne nako ya katlholo ya One e tsile” Tshenolo 14:7

A.Lesiapeto https://theremnantofherseed.com/

“Nako ya katlholo” e simolotse ka ngwaga wa 1844. E ne ya lere maswibi a 1844 mo baneng ba Modimo ba ba neng ba bidiwa Adventists, ka ba ne ba tsaya gore ke go tla ga labobedi ga ga Jeso go tla go atlhola baikepi ka molelo le go tseela baitshepi ko legodimong. Ba ne ba tlhakanya malatsi a porofiso ka nnete, jaaka re tla supa, mme tiragalo e ne e se yone. Molaetsa wa bone o ne o tswa mo porofisong ya ga Daniele 8:14 fa e reng: “Go tla feta malatsi a le 2300; foo motlaagana o tlaa ntlafadiwa”. Porofiso ena e na le dikarolo tse pedi tse di botlhokwa (1) go feta ga malatsi a le 2300 (2) tiragalo ya go ntlaafadiwa ga motlaagana.  

A re lebelele go feta ga malatsi a 2300 pele. Daniele mo porofisong o ne a tlhalosetswa gore tshimologo ya malatsi a 2300 ke “Go tswa ka nako ya taolo ya go shafatsa le go aga Jerusalema” Daniele 9:25. Taolo ya go aga Jerusalema gape, ya bofelo, e e feletseng, e ne ya tswa ko go kgosi Artaxerxes wa Bamete le Baperesia ka ngwaga wa bo 7 a ntse a busa ka paka ya letlhabula (Esera 7:6-26). Go tsamaya ka Ptolemy Canon Of Kings, Artaxerxes 1 o simolotse go busa ka 464 BC. Ka jalo ngwaga wa gagwe wa bo 7 ke 457 BC:

(-464 + 7 = -457)

Mo porofisong letsasi le lengwe le emetse ngwaga e le nngwe jaaka go kaiwa mo go Dipalo 14:34 le Esekiele 4:6. Ka jalo fa 457 BC a tlhakanngwa le 2300 re bona 1844. Ela tlhoko gore ka ntlha ya palo e ntsi ya 2300 fa e tlhakanngwa le 457 BC, e ya go re gorosa ko dingwageng tsa AD, mme ka gore ga gona ngwaga wa 0 (zero) AD, re ya go tlamega go oketsa ka 1, mme maduo ke:             

(-457 + 2300 +1 = 1844)

Diporofiso tse di diragetseng tse di nang le nako ya tshimologo ya 457 BC

Phuthego e ya Adventists e ne ya tiiswa moko ke go bona diporofiso tsotlhe tse di simologileng ka ngwaga wa 457 BC di diragetse tsa Daniele 9:24-27. Jaaka porofiso ya go tlodiwa ga ga Jeso Kerese ka Mowa O Boitshepo ka ngwaga wa 27 AD fa a kolobediwa, le ngwaga wa go bapolwa mo mokgorong ga Morena Jeso ka 31 AD le go kanela go gana molaetsa wa mafoko a a molemo ke Bajuta ka ngwaga wa 34 AD se e leng bokhutlo ja kereke ya Bajuta jaaka kereke ya Modimo.

Ka ngwaga wa 27 AD go ne ga diragatswa mafoko aa reng: “Go ya go fitlha ko go Yo Tloditsweng e tlaa nna dibeke di le 7, le dibeke di le 62” Daniele 9:25. Dibeke tsotlhe di 69 mme fa di fetolelwa ko malatsing e nna 69×7 = 483. Mme ka gore letsatsi le emetse ngwaga, re tlhakanya 483 le 457 BC go fitlha ko go 27 AD ka paka ya Letlhabula fa Jeso a ne a kolobediwa a bo a tlodiwa ke Mowa o Boitshepo. E rile fela morago ga nako ye a simolola tiro ya gagwe ya go rera mafoko a molemo a re “Nako e fitlhile, e bile bogosi jwa Modimo bo atametse; ikwatlhayeng, lo dumele mafoko a a molemo” Mareko 1:15. O ne a raya gore nako ya dibeke tse 69 kgotsa dingwaga tse 483 tsa porofiso ya ga Daniele “e fitlhile”:

(-457 + 483 + 1 = 27)  

Gape, go rurafatsa porofiso ya ga Daniele ya go kolobediwa ga ga Jeso, Luke a re Jeso o ne a kolobediwa ka ngwaga wa bo 15 wa puso ya ga Kaesara Tiberio (Luke 3:1,21,22). Rragwe Tiberio, e bong Augustus o sule ka 14 AD. Mme Tiberio o ne a simolola go busa ga mmogo le rragwe ka ngwaga wa 12 AD ka gore rragwe o ne a lwala fela thata, a le gaufi le go swa (Suetonius, The 12 Caesars, Book 3). 12 + 15 = 27 AD.

Ka ngwaga wa 31 AD go ne ga diragatswa mafoko aa reng, “O tlaa dira kgolagano ee tlhomameng le ba bantsi ka beke[malatsi a le supa] e le nngwe fela, mme e tla re fa gare ga beke O tlaa khutlisa setlhabelo” Daniele 9:27. E rile fa gare ga dingwaga di le 7 ke gore 3½ morago ga go kolobediwa, Jeso o ne a bapolwa ka ngwaga wa 31 AD. “Mme sesiro sa tempele sa gagoga ka bogare, go tswa kwa godimo go ya kwa tlase” Mareko 15:38, e le sesupo sa gore ditlhabelo di tsile bokhutlong ka gore Setlhabelo se se golo se diragetse.

Dingwaga tse di setseng tse 7 tsa kgolagano, e bong, dingwaga di le tlharo le sephato di ne tsa dirisiwa ke barutwana ba ga Jeso go rerela Bajuta mafoko a a molemo. Mme se se ne sa tla bokhutlong fa Bajuta ba kgobotla Setefane ka maje ka ngwaga wa 34 AD. Se gape e ne e le bokhutlo jwa porofiso ya “dibeke tse 70” kgotsa dingwaga di le 490 tse di neng di filwe Bajuta go re baikwatlhaye, tse di mo go Daniele 9:24.

(-457 + 490 + 1 = 34)

Dikai tse tlharo tsa go tla ga ga Jeso di diragetse

Mo godimo ga mo, dikai tse tharo tsa go tla labobedi ga ga Keresete jaaka di boletswe mo Baebeleng di ne di diragetse. Sekai sa ntlha se diragetse ka nwaga wa November 1 1755, fa go ne ga nna le tlhoromo ya lefatshe e mashetla, go di fetla ka nako eo.  Sekai se, se ne se diragatsa mafoko a porofiso aa reng “E rile a konolola sekano sa borataro ka leba, ga bo go le thoromo e kgolo ya lefatshe” Tshenolo 6:12. E ne ya diragala kwa motseng mogolo wa Portugal ko Lisbon. Mme e ne ya utlwala mo Europa ka bophara le Afrika Bokone le Amerika. Lisbon ka nako eo e ne e na le batho ba ka nna 150 000, mme go ne ga tlhokafala batho ba ka nna 90 000. E diragetse ka letsatsi le phutego ya Roma e ne e ipelela baswi ba bone ba ba itshephi.

Sekai sa bobedi se nnile ka May 19 1780, fa letsatsi le ngwedi di fifala. Se ne se diragatsa mafoko a porofiso aa reng, “Le le tsatsi la ntshofala la nna jaaka letsela la boditse, le ngwedi yotlhe ya nna jaaka madi a mahibidu” Tshenolo 6:12 ( bona gape Mareko 13:24).  Se se diragetse ko Amerika Bokone, “E ne e le lefifi la bosigo gare mo motshegareng…” Dr Adams. Moitsaanape wa tsa lewapi Herschel are: “Letsatsi le le ntsho la Amerika Bokone e ne e le nngwe ya dikgakgamatso tsa tlholego e boitsaanape bo sa kakeng ja le tlhalosa” Fa e sale nako ya ga Moshe ga go na nako e go kileng ga kwalwa ka lefifi le le ntseng jaana.

Sekai sa boraro se nnile ka November 13 1833 fa dinaledi di wa ko Amerika Bokone. Se ne se diragatsa porofiso e e reng: “Le dinaledi tsa legodimo tsa wela fa fatshe, jaaka feige e tle e tlhotlhorege difeige tsa yone tse di sa butswang, fa e hukiwa ke phefo e kgolo” Tshenolo 12:13 (bona gape Mareko 13:25).  “Go wa ga dinaledi go a bonwa mo mafelong a farologaneng mo bosheng, mme tse di anameng e bile gape di gakgamatsa, ke tsa November 13 1833”

Ka jalo ga bo go le bosupi jwa diporofiso tse di diragetseng fa pele ga bone ma Adventist, mme ngwaga wa 1844 o ne wa goroga, tiragalo e neng e solofetswe ya seka ya direga e bong go tla ga ga Jeso. Adventists ka bontsi ba ne ba tlogela phuthego morago ga maswabi a 1844, mme palo e  potlana etswa le bone ba ne ba swabile, ba ne ba sa kgobega marapo ka gore ba ne ba itse fa Modimo a ne a ba eteletse pele. Ba ne ba boela ko Baebeleng go batla phoso ya bone.

Adventists ba lemoga phoso ya bone

Erile moraga ga maswabi a 1844, Modimo o ne a tlhoma Ellen G. White go nna moporofiti a le dingwaga di le 17. Ka jalo Modimo o bua le rona ka lekwalo la moporofiti la Great Controversy, o tlhalosa phoso le lebaka la maswabi a 1844, le ka fa go tsamaelanang ka teng le molaetsa wa baengele ba ba raro le leano la poloko:

“Porofiso ya molaetsa wa moengele wa ntlha e e bonwang mo go Tshenolo 14 e ne ya diragatswa ke Adventists ka dingwaga tsa 1840 – 1844. Ko Europe le America, banna ba tumelo le thapelo ba ne ba tshikhinyega mo moweng mme ditlhaloganyo tsa bone tsa leba ko porofisong, mme ba latedisa dikwalo tse diboitshepo, mme ba bona fa dilo di tla ko bokhutlong. Mowa wa Modimo wa ba rotloetsa go fa tlhagiso. Molaetsa wa utlwala kgakala o re: “Boifang Modimo lo O neye kgalalelo, gonne nako ya katlholo ya one e tsile” Tshenolo 14:7……

 “Le baka la gore molaetsa wa moengele wa ntlha o rerwe, e ne e le go ntsha phuthego ya Modimo mo dilong tsa lefatshe tse di rotloetsang tshenyego ya SeKeresete. Mme bontsi le mo BaKereseteng tota ba ne ba bofilwe ke dilo tsa lefatshe thata go na le dilo tsa legodimo. Ba ne ba ikanya go reetsa tlhaloganyo ya selefatshe, ka jalo ba huralela molaetsa o o hukutsang pelo wa nnete… E rile diphuthego di gana molaetsa wa Adventists, Morena le e ne a gana diphuthego. Molaetsa wa moengele wa ntlha o ne wa salwa morago ke wa bobedi, o re: “Babilone yo mogolo o ole, o ole, o o dirileng gore merafe yotlhe e nosiwe bojalwa jwa bogale jo bo tsositsweng ke kgokafalo ya gagwe” Tshenolo 14:8. Molaetsa o, o ne o tlhaloganngwa ke Adventists gore ke mafoko a bolelang go wa mo tumelong ga diphuthego ka ntlha ya go gana molaetsa wa ntlha.” (tsebe ya 222- 232)

“Nako e ne ya feta, Morena a se ka a tla…. Jaanong go tsholetsa gape mokgoleyo o bokete wa mathata le ditlhodiego tsa botshelo, le go itshokela go kgobiwa ka dipuo ke batho ba lefatshe, e ne e le teko e boitshegang ya tumelo le bopelotelele….Mme le fa go ntse jalo, maswabi a bone a ne a se magolo jaaka maswabi a barutwana ba ga Jeso ka nako ya ntlha ya go tla ga gagwe. E rille Jeso a tsena mo Jerusalema a pagame esela, ba latedi ba gagwe ba dumela gore o gaufi le go palama setilo sa bogosi saga Dafite, le go golola Isaraela mo pusong ya ba bogisi ba gagwe. Ka di tsholofelo tse di kgolo le boitumelo jo bo golo ba ne ba gaisana go supa tlotlo mo Kgosing ya bone….E rile Bafaraseya ba tshwenyegile e bile ba tenegile ka ntlha ya modumo o wa boitumelo, ba raya Jeso gore a kgalemele barutwana ba gagwe, a ba hetola a re, “Fa ba, ba ka didimala, maje a tlaa goa” Luke 19:40

 “Porofiso e tshwanetse ya diragadiwa. Barutwana ba ne ba diragatsa maikaelelo a Modimo; mme le fa go ntse jalo e ne ya re morago ba nna le maswabi aa botlhoko. E rile malatsinyana fela a sena go feta, ba bona Mmoloki a swa loso le le botlhoko, e bo ba mo robatsa mo lebitleng. Ditsholofelo tsa bone di ne tsa seka tsa diragala, mme di ne tsa swa le Jeso. Ke fela morago ga Morena a sena go tsoga mo lebitleng fa ba kgona go tlhaloganya tsotlhe tse di neng di boletswe ke porofiso gore, “go ne go tshwanetse fa Keresete a tlaa swa, le go tsoga gape mo losong” Ditiro 17:3. Ka mo go tshwanang porofiso ya molaetsa wa moengele wa ntlha le wa bobedi e ne ya diragatswa. E ne ya fiwa ka nako e e tshwanetseng, mme ya diragatsa maikaelelo a Modimo. (tsebe ya 232- 254)

Motlaagana wa legodimo

“Fela jaaka Bakeresete ba bangwe Adventists ba ne ba tsaya gore lefatshe kgotsa bontlha bongwe ja lone ke motlaagana. Le gore go ntlafadiwa ga motlaagana ke go pepafadiwa ga lefatshe ka molelo wa bofelo. Se bane ba tlhaloganya gore se tla diragala fa Jeso a tla la bobedi ka ngwaga wa 1844. Mme nako e e beilweng ya goroga, Morena a se ka a tla. Badumedi ba ne ba itse gore lefoko la Modimo ga le ke le fosa; se se raya gore tlhanolo ya bone ya porofiso e tshwanetse e be e na le phoso; mme phoso e fa kae?….. Ka gore ba ne ba sa bone phoso epe mo go tlhakanyeng dipalo tsa porofiso, ba ne ba tlhotlhomisa kgang ya motlaagana ka mo go tseneletseng. Ha ba ntse ba bala, ba fitlhela e le gore motlaagana o Moshe a neng a o aga ka taolo ya Modimo, ka go yeng ka se a se bontshitsweng mo tlhabeng, e ne e le “setshwantsho se se tshwanetseng motlha wa nako eo; jaaka go ne go isiwa dineo le ditlhabelo” le gore mafelo a mabedi a a boitshepo e ne e le “ditshwantsho tsa dilo tse di kwa magodimong” le gore Keresete Moperisiti yo Mogolo ke “modiredi wa felo ga boitshepo, le wa motlaagana wa boammaruri o Morena a o tlhomileng e seng motho” le gore “Keresete ga a ka a tsena mo felong gongwe ga boitshepo, fa go dirilweng ka diatla, fa e leng setshwano sa lefelo la boammaruri, mme o tsene mo go leng legodimo tota, go tla go bonalela rona fa pele ga sefatlhego sa Modimo” Bahebera 9:9,23; 8:2; 9:24.  Motlaagana o ko legodimong, o Jeso a direlang teng, ke one motlaagana wa boammaruri, mme o o agilweng ke Moshe e ne e le setshwantsho sa o ko legodimong…..

“Fela jaaka dibe tsa batho bogologolo di ne di hudusediwa ko motlaaganeng wa lefatshe ka madi a ditlhabelo, le rona, dibe tsa rona, ka boammaruri, di hudusediwa ko motlaaganeng wa legodimo ka madi a ga Keresete. Mme fela jaaka motlaagana wa lefatshe o ne o ntlafadiwa ka ntlha ya dibe tse di neng di o lesofaditse, le motlaagana wa legodimo le one o ntlafadiwa ka go phimolwa dibe tse di kwadilweng mo dikwalong.

Katlholo ya go tlhotlhomisa se se kwadilweng mo dikwalong

“Se se tlama gore go tlhatlhobiwe dikwalo tse go kwadilweng teng ditiro tsa mongwe le mongwe, gore go itsiwe yo o ikotlhaetseng dibe tsa gagwe, le gore ka tumelo mo go Keresete, ke mang yo o tshwanelwang ke tetlanyo ya madi a ga Keresete. Ka jalo go ntlafadiwa ga motlaagana ke tiro ya katlholo. Mme tiro e, e tshwanetswe ya dirwa pele ga Keresete a tla go rekolola batho ba gagwe; ka gore fa a tla, tuelo ya gagwe o e tshotse go duela mongwe le mongwe ka fa tirong ya gagwe. Tshenolo 22:12

“Ka jalo bao ba ba neng ba setse morago lesedi le le golang la lefoko la porofiso, ba ne ba bona gore tshwanelo ya gore Keresete a tle mo lefatsheng ko bofelong ja malatsi a le 2300 ka ngwaga wa 1844, O ne a tsena mo felong ga boitshepo jwa maitshepo ko motlaaganeng wa legodimo go dira tiro ya bofelo ya tetlanyo pele ga a tla mo lefatsheng.” (tsebe ya 258 -266.)

““Ka leba” go bua moporofiti Daniele “ga tsamaya ga bewa ditulo tsa bogosi, mme ga dula mongwe yo o leng Mogologolo wa malatsi; diaparo tsa gagwe di le ditshweu jaaka kapoko; le moriri wa tlhogo ya gagwe o ntse jaaka bobowa jwa nku jo bo itshekileng; setulo sa gagwe sa bogosi, e le dikgabo tsa molelo, le maotwana a sone a a dikologang e le molelo o o tukang. Ga pumpunyega nokana ya molelo e elela e tswa fa pele ga gagwe; ba ba makgolokgolo ba ne ba mo direla, le ba ba makgolo a makgolokgolo ba ema fa pele ga gagwe; tsheko ya bewa, le dikwalo tsa petlekwa.” “mme bonang, ga tla mo marung a legodimo mongwe yo o tshwanang le mongwe Morwa motho, a tla fela kwa go yo Mogologolo, mme ba mo atametsa fa pele ga gagwe. A newa puso, le kgalalelo, le bogosi, gore batho botlhe ba ditšhaba, le ba merafe le ba dipuo ba mo direle; puso ya gagwe ke puso e e sa khutleng, e e se ketlang e feta, le bogosi jwa gagwe ke jo bo se ketlang bo senngwa.” Daniele 7:9,13,14

“Se ke se se bonweng ke moporofiti e le tshimologo ya katlholo ya go tlhotlhomisa se se kwadilweng mo dikwalong. Go tla ga ga Keresete mo go buiwang ka gone fano, ga se go tla ga gagwe labobedi mo lefatsheng. O tla ko go Mogologolo wa malatsi ko legodimong go amogela puso, le kgalalelo, le bogosi jo a tla bo neelwang ko bokhutlong ja tiro ya gagwe ya bo Bueledi. Ke go tla gone mo, eseng go tla ga gagwe labobedi mo lefatsheng, mo go neng ga bolelwa mo porofisong gore go tla diragala ko bokhutlong ja malatsi a le 2300 ka ngwaga wa 1844. A dikaganyeditswe ke baegele, Moperesiti wa rona Yo Mogolo o tsena mo felong ga boitshepo jwa maitshepo go dira bodiredi ja gagwe jwa bofelo — go dira tiro ya katlholo ya ditlhotlhomiso tsa dikwalo, go direla botlhe tetlanyo ba ba nang le tshwanelo ya go bona tetlanyo.

““Baswi ba atlholwa”, go bua Johane, “Ka dilo tse di kwadilweng mo dikwalong, ka fa ditirong tsa bone” Tshenolo 20:12. Baegele ba Modimo ba kwadile mo dikwalong ditiro tsa matshelo a botlhe mo lefatsheng, mme botlhe ba ya go atlholwa ka ditiro tsa bone….

“Keresete ka bo ene a re: “Yo o fenyang, o tla apesiwa diaparo tse di tshweu; mme ga nke ke phimola leina la gagwe gope mo lokwalong lwa botshelo, ke tla ipolela leina la gagwe fa pele ga Rre, le fa pele ga baengele ba gagwe” Tshenolo 3:5. Gape o reile barutwana ba gagwe a re: “ “Ke gone mongwe le mongwe yo o tlaa impolelang fa pele ga batho, le nna ke tlaa mo ipolela fa pele ga Rre yo o kwa legodimong. Mme le fa e le mang yo o tlaa intatolang fa pele ga batho, le nna ke tlaa mo itatola fa pele ga Rre yo o kwa legodimong.” Mathaio 10:32,33

Matshelo a botlhe ba ba dumetseng mo go Jeso a kanokiwa fa pele ga Modimo. Go simolala ka ba ntlha go tshela mo lefatsheng, Mmueledi wa rona o tlhatlhoba botlhe ba dikokomane tse di fitileng, mme o tswala ka ba ba tshelang. Leina lengwe le lengwe le a tlhatlhobiwa. Maina a amogelwa, maina a ganwa….

“Katlholo e tsweletse ko motlaaganeng wa legodimo…Kgabagare — ga re itse gore leng— katlholo e tla fetela kwa go ba ba tshelang. Matshelo a rona aa tla feta fa pele ga Modimo go sikasikiwa. Ka nako e bogolo go nako tsotlhe go maleba go reetsa tlhagiso ya Mmoloki fa a re: “Itiseng, lo lebelele lo rapele, gonne ga lo itse lobaka gore ke lofe” “Ke gone lebelelang …eseng kgotsa fa a ka tla ka tshoganetso a lo fitlhela lo robetse .” Mareko 13:33,35,36.

 ““Ka re, fa o sa dise, ke tlaa tla jaaka legodu, mme ga o ketla o itse nako e ke tlaa go welang ka yone.” Tshenolo 3:3. Go kotsi jang mo go bao ba lapisiwang ke go lebelela mme ba retologa ba leba ko dilong tsa lefatshe. Fa monna wa kgwebo a diilwe ke go batla dikhumo,  fa yo o ratang monate a batla go iitumedisa, fa mosetsana wa mekgabo a baakanya diaparo tsa gagwe,– e ka tswa e le yone ka nako eo Moatlhodi wa lefatshe a ntshang katlholo e e reng: “O kadilwe mo sekaleng , mme go fitlhetse o tlhaela”. Mongwe le mongwe yo o ipitsang Mokeresete o na le kgang e e mo emetseng ko kgotla tshekelong ya legodimo. Ke beke ya tsheko mo go rona, ka jalo katlholo ya kgang nngwe le nngwe ke yone ya bofelo” (tsebe ya 307 – 315)

“Bao ka tumelo ba salang morago Jeso mo tirong e kgolo ya tetlanyo, ba tlaa amogela madou a bo boeledi jwa Gagwe mo boemong jwa bone; mme ba ba ganang lesedi le le supang tiro ya Gagwe ya bodiredi, ga ba na go bona thuso epe. Bajuta ba ba ganneng lesedi le le filweng ka nako ya ntlha ya go tla ga ga Jeso, le go gana go dumela mo go Ene jaaka Mmoloki wa lefatshe, ba ne ba se ka ba bona boitshwarelo jwa dibe ka Ene…Seemo sa Bajuta ba ba sa dumelang se supa seemo sa ba ba ipitsang Bakeresete mme ba sa dumela, ba e leng gore ba itlhokomolosa ka bomo tiro ya Moperesiti wa rona Yo Mogolo yo boutlwelo botlhoko. Mo tirong ya motlaagana wa lefatshe, fa mopereiti yo mogolo a tsena mo felong ga boitshepo jwa maitshepo, Iseraele yotlhe o ne a phuthagana ko motlaaganeng, mme ka boikokobetso jo bo masisi ba ikoba fa pele ga Modimo, gore ba bone boitshwarelo jwa dibe, le gore ba se ka ba kgaolwa mo phuthegong ” Jaanong go botlhokwa jang, go re mo letsatsing la tetlanyo la nnete le re leng mo lone gampieno, go re tlhaloganye tiro ya Moperesiti wa rona Yo Mogolo, le gore go batliwa eng mo go rona gampieno.

“Molaetsa o ne wa romelwa go tswa Legodimong ka nako ya ga Noa, mme poloko ya banni ba lefatse e ne e ikaegile mo go reng molaetsa o, ba o tsaya jang. Ka gore ba ne ba gana tlhagiso, Mowa wa Modimo o ne wa tloswa mo chabeng e o, mme ba bolawa ke morwalela. Ka nako ya ga Abrehama, boutlwelo botlhoko jwa ema go rapela batho ba Sodoma, mme botlhe ko ntle ga ga Lote le mosadi wa gagwe le ba setsana ba gagwe ba ba bedi, ba ganyaolwa ke molelo o o tswang kwa logodimong. Mme ka nako ya ga Jeso, Morwa Modimo a raya Bajuta ba ba sa dumeleng, a re “Bonang, ntlo ya lona lo e tlogeletswe e le letlotla fela” Mathaio 23:38 . Fa a leba ko malatsing a bofelo, Modimo o raya bone ba ba “se ka ba amogela lorato lwa go rata boammaruri, gore ba bolokiwe. Ka ntlha ya gone moo, Modimo wa roma tiro e e timetsang kwa go bone, gore ba tle ba dumele maaka. Gore ba sekisiwe botlhe ba ba se kang ba dumela boammaruri, mme ba natefelelwa ke tshiamololo”  Bathesolonika 2:10-12 . Jaaka ba gana lefoko lwa Gagwe, Modimo o tlosa Mowa O Boitshepo, a bo a ba tlogelela ditsietso tse ba di ratang” (tsebe ya 269 – 271) .

Go tlhatlosiwa le go wela tlase ga kereke ya Seventh Day Adventist (SDA)

Morago ga maswabi a 1844, bontsi jwa Adventists ba ne ba gana molaetsa wa motlaagana o gape o supang molaetsa wa moengele wa boraro. Molaetsa o, o ne o senola botlhokwa ja go tshegetsa molao wa Modimo otlhe ka tumelo mo go Jeso, go balelwa le go itshepisa letsatsi la Sabata e bong Sateretaga e seng Sontaga. Ka jalo Modimo a tsosa phuthego e nngwe go ya go gasa molaetsa ko bathong, e bong Seventh Day Adventist. Mme e rile ko morago phuthego ya Modimo, e bong SDA ya nna bothitho mo semoweng, ba se molelo kgotsa tsididi. Modimo a ba romelela molaetsa wa Laodikea (Tshenolo 3:14-22) (Manuscript 1, 1857) ka moporofiti Ellen White le e mengwe ya kgalemo le tlhagiso le kgotlhatso. Melaetsa e, e ne e diretswe go re ba ipaakanyetse go tshelwa ka Mowa O Boitshepo go re ba fetse tiro, go re Jeso a bo a tla la bo bedi. Bontsi bo ne ba tsibogela molaetsa o, mme e rile ba bona maduo a teng a sa feleletse gone foo ka Mowa O Boitshepo, ba tsena gape mo seemong sa bothitho jwa semowa (Testimonies for the church No. 5, p. 1-26).

Jaanong e rile ka ngwaga wa 1888 Modimo a batla go tshela Mowa O Boitshepo mo bathong ba Gagwe go re ba fetse tiro. Ka jalo a romela molaetsa wa go siamiswa ka tumelo ka  Waggoner le Jones ko General Conference ya 1888. Moporofeti Ellen White o ne a sa bolo go fa molaetsa o mme “o ne wa latlhega” ka go re “o ne o sa diragatswe mo matshelong a bana ba Modimo… e ne e se lesedi le lesha… e ne e le lesedi la bogologolo, mme le beilwe fa le tshwanetsweng ke go nna teng mo molaetseng wa moengele wa boraro” Manuscript 24 1888. Ka tlhotlheletso ya ga Satane, bontsi jwa baeteledi pele ba ne ba gana molaetsa o, mme Mowa O Boitshepo wa se ka wa tshelwa mo bathong ba Modimo (Selected Messages Book 1 page 234). E rile morago ga dingwaga di se kae, bangwe ba baeteledi pele ba simolola go bona lesedi, mme bontsi mo phuthegong ba ne ba ntse ba le bothito fela mo semoweng.

E rile gape ka ngwaga wa 1901 Modimo a eletsa go tshela Mowa O Boitshepo mo boeteledi pele jwa SDA go re ba fetse tiro mme Jeso a tle gape la bobedi. Mme boeteledi pele jwa SDA ba gana gape ba re, “Gompieno o ka tsamaya, mme ke tla re fa ke bonye lobaka lo lo siameng ke go bitse” Battle Creek Letters, 1902, p. 55. Ka ngwaga wa 1903 Modimo wa bua ka moprofiti gore fa SDA e gana tswa mo bothithong jwa semowa, Satane o tla tisa phetogo ya gagwe mo phuthegong, mme e tla felela e senngwa ka dipetso tse supa ga mmogo le Babilone yotlhe. O bua jaana a re:

 “Mmaba wa mewa o tisitse kakanyo ya gore go tshwanetswe ga nna le phetogo e kgolo mo gare ga Seventh Day Adventists, le gore mo phetogong e, re tshwanetse ra kgaogana le di dithuto tse e leng dipilara tsa tumela ya rona, le gore re ikage sesha. Fa phetogo e, e ka diragala, maduo a yone e tla nna eng? Dithuto tsa boammaruri tse Modimo mo botlhaleng jwa Gagwe a di fileng phuthego ya masalela di tla beelwa ko thoko. Tumelo ya rona e tla fetoga. Dithuto tsa rona tse di ntseng di tshegeditse tiro dingwaga tse 50 tse di fitileng di tla tsewa e le diphoso. Go tla tlhomiwa phuthego e ntšha. Go tla kwalwa dikwalo tsa thulaganyo e ntšha. Go tla nna le dithuto tsa dikakanyo tsa setho. Batlhami ba mokgatlho o, ba tla tsena mo ditoropong, mme ba tla dira tiro e e makatsang. Sabata o tla tsewa motlhofo le Modimo yo a mo tlhodileng. Ga go na se se tla letelelwang go ema fa pele ga mokgatlho o mosha o. Baeteledi pele ba tla ruta gore go botoka go dira molemo go na le bosula, mme ka gore Modimo o tlositswe, ba tla ikaega mo nonofong wa setho, e e senang mosola ka ntlha ya go tlhoka Modimo mo teng. Motheo wa bone o agilwe fa godimo ga mmu, mme sefefo le setsuatsue di tla diga kago ya bone.” Letter 242, 1903.

Moporofiti o ne a bolelelwa gore a dire gotlhe mo a ka go kgonang go itsa gore phetogo e ya ga Satane e seka ya diragala. Mme ka tshegofatso ya Modimo o ne a kgona. Mme ka maswabi e rile moporofiti a sena go tlhokafala ka 1915, le bagologolo ba rona ba phuthego ba sena go tlhokafala, Satane o ne a tsena ka mashetla mo phuthegong  ya SDA mme ya felela e le Babilone.

Porofiso ya Letter 242 ya 1903 e diragetse jaaka moporofiti a buile:

(1) “Phuthego e ntšha e tlhomilwe” mme go sa fetolwe leina Seventh Day Adventist (SDA). Phuthego e ntšha e, e laolwa ke General Conference lefatshe lotlhe, mme se ga se a tshwanela go nna jalo (General Conference Bulletin April 5, 1901)

(2) “Dithuto tsa boammaruri”tse Modimo a di fileng phuthego di “beetswe ko tlhoko”, jaaka thuto ya Motlaagana.

(3) Dikwalo tsa “thulaganyo e ntšha di kwadilwe”, jaaka Church Manual ka 1932 go laola phuthego mo boemong jwa Mowa O Boitshepo. Questions on Doctrine ka 1957, e e neng e ganetsa dithuto tse dingwe tsa phuthego.

(4) “Sabata e tsewa motlhofo” jaaka lekwalo la From Sabbath to Sunday la ga moruti S. Bacchiocchi ka 1977 le a supang gore Sontaga ke letsatsi la Morena. Mme ga a ka a tseelwa dikgato dipe ke phuthego ya SDA.

(5) “Ga go na se se tla letelelwang go ema fa pele ga mokgatlho o mosha o”, jaaka go kobiwa ga maloko a Hungari ka 1984 a le 1300 ka gore ba ne ba le kgatlhanong le phuthego gore e nne leloko la National Council of Churches. SDA jaanong ke leloko la Babilone, se e leng, World Council of Churches https://www.oikoumene.org/church-families

(6) Phuthego e ntšha “e dirile tiro e gakgamatsang”. Maloko a phuthego a feta di milione di le 21 le tlhotlhwa ya phuthego e feta $15 billion.

Se se setseng fela ke “sefefo le setsuatsue” go “diga kago”, se e leng go senngwa ga kereke ya SDA le Babilone yotlhe ka dipetso tsa bofelo tse 7. Ka jalo Modimo a re, “Babilone o mogolo o ole o ole, o fetogile boago jwa mewa e e maswe…..tswang mo go ene lona batho bame, gore lo se tlhakanele nae dibe tsa gagwe, le gore lo se bone dipetso tsa gagwe” Tshenolo 18:1,4. Tshiamo ya ga Jeso Keresete ke yone fela tshireletso mo dipetsong tsa bofelo tse supa, mme ga e kake ya apeswa ope fa a santse a le mo dibeng tsa gagwe kgotsa a tlhakanetse dibe le Babilone.