The Remnant Of Her Seed
—-Masalela
https://theremnantofherseed.com/
A. Lesiapeto
“Bojalwa ke mosoti”
Diane 20:1
Mofine o o sa belang- Matute a moretlwa wa
Sekgowa
Lefoko la
mofine kgotsa “moweine” jaaka le ranotswe go tswa ko temeng ya Sehebera le ya
Segerika mo Baebeleng ya Setswana ya 1970 le raya matute a moretlwa wa Sekgowa,
ke gore mofine o o sa belang, ga se bojalwa.
“Go bua
Jehofa a re : E a re fa go fitlhelwa matute a moweine (tiyrowsh) mo lesitlheng, go twe: Se le senye,
gonne lesego le mo go lone.” Isaia 65:8. Testamente e Kgologolo e kwadilwe ka
Sehebera, mme lefoko le le dirisitsweng la moweine ke “tiyrowsh”
kgotsa “tee-rosh” mo temaneng e, lefoko le, le dirisitswe ga 38, le raya moretlwa
wa Sekgowa. Ka jalo ga
se mofine o o bedileng. O ka jewa kgotsa wa nowa o ntse fela jalo. Mofuta wa
mofine o, ga se o o tagang, mme ke lesego go tswa ko Modimong jaaka re utlwa mo
temaneng.
Sekai se sengwe ke temane e e reng, “Ke go file diabe tsa lookwane lo lontle le
tsa matute a moweine a a monate otlhe le tsa mabele a pila otlhe, e bong tse di
gaisang ka molemo tsa tsona, tse ba di neeleng Morena” Dipalo 18:12. Ka gore ke
matute a moretlwa, a kgona go abelwa Modimo ke Baperesiti, ga se bojalwa.
Ha gongwe
bakwadi ba Mahebera ba dirisa lefoko le le tlwaelesegileng la “yayin” gore raya
mofine o o sa belang , kotsa o o bedileng, se e leng bojalwa. Ka jalo fa
“yayin” a dirisitswe, re tshwanetse ra ela tlhoko gore go buiwa ka eng. Jaaka
temana e e latela, go dirisitsweng “yayin”:
“Go tlositswe boitumelo le lethabo mo tshimong; ga ba
duduetse le e seng go ipela mo masimong a moweine (yayin). Mogati ga a gate
maungo a moweine mo digatelong. Ke tlositse mogolokwane.” Isaia 16:10. Mafoko
a, a bua ka moweine e le maungo a tsenngwang mo dikgatelong go dira seno, o sa
bedisiwa, ka jalo ga se bojalwa.
“Matlho a me a thibilwe ke dikeledi, mo teng ga me go
a huduega, ke phatlogile pelo ka ntlha ya go thubakanngwa ga morwadia morafe wa
me; le ka go timelela ga bana le masea mo dipatlelong tsa motse. Ba lelela mo
go bommabo ba re: ‘Bogobe bo kae le mofine (yayin) o kae?’”Dikhutsafalo 2:11,12. Temana e e bua
ka moweine kgotsa mofine o o ka nowang ke bana, ka jalo ga se bojalwa.
Mofine o o
bedileng- Bojalwa
“Weine (yayin) ke mosotli, bojalwa ke motsosa-lorata;
le fa e le mang yo a timelang ka jone ga a botlhale” Diane 20:1. E ke “weine”
kgotsa mofine o o bedileng, se e leng bojalwa, mme o ama tlhaloganyo le botsogo
ka mo go sa siamang, ka jalo ba ba o nwang ga ba botlhale.
“A tatlhego ya bone ba ba phakelelang go batla
bojalwa, le ba ba nnetseng weine (yayin) e e ba tlhapelang go ya gare ga
bosigo”Isaia 5:11. Temana e e bua ka weine kgotsa mofine o sa siamang ka gore
Baebele ya re ba ba o nwang ba latlhegile.
“A kampo ga lo itse gore basiamolodi ga ba kitla ba
rua puso ya Modimo? Se tsietsegeng; le fa e le diaka kgotsa baobamedi ba medimo
ya disetwa, kgotsa ba bonyatsi, kgotsa banna ba ba robalang le banna ba bangwe,
kgotsa magodu, kgotsa ba ba bohula, kgotsa matagwa,
kgotsa bakgadi, kgotsa dinokwane, ga go ope wa bone yo tla ruang bogosi jwa
Modimo ”1 Bakorinthe 6:9,10. Ditemane tse di supa fa matagwa ba le mo palong ya
ba ba sa kakeng ba rua bogosi jwa Modimo. Di supa gore go nwa bojalwa ke boleo.
Keresete o
fetola metsi go nna mofine
Bangwe ba
supa fa go nwa bojalwa e se boleo ka gore Jeso o ne a fetola metsi go nna
mofine ko lenyalong la Kana, mme a fa batho gore ba nwe (Johane 2:1-10).
Keresete ke e ne a fileng Isaraele mo
testamenteng e kgologolo tlhagiso ya gore, “Mofine ke
mosotli, bojalwa ke motsosa-lorata” Diane 20:1. Ka jalo ga a kake a fa batho
seno se se sotlang. Satane ke ene a o raelang batho gore ba nwe seno se se tla
tisang tlhaloganyo ya bone mo seemong se se sotlang, mme Keresete o re ruta
gore re tshwanetse ra laola megopolo le mokgwa ya rona ka nonofo ya Gagwe.
Botshelo ja Gagwe jotlhe e ne e le botshelo ja go ikitsa bonna. Gore a kgaole
nonofo ya keletso ya dijo, O ne a itshokela teko e e bogisang mo beemong ja
rona, e motho o neng a sa kake a e kgona.
Ke Keresete yo o laetseng Johane wa mokolobetsi gore a
seka a nwa mofine o o loileng le fa e le seno se se tagang, “Ga a nke a nwa
weine, le fa e le seno se se tagang, mme o tla tlala Mowa o o Boitshepo go
tloga sebopelong sa ga mmagawe” Luke 1:15.. Ke Keresete gape yo a boleletseng
mosadi wa ga Manoa gore a seka a nwa mofine o o bedileng (Baatlhodi 13:14).
Keresete ga a kake a ganetsa kgotsa a bua se se pharologanyo le se a se
buileng. Mofine o o sa belang ke one a o fileng batho ko lenyalong.
“Ga gona sepe
se kwa ntle ga motho se se ka mo itshekololang” Mareko 7:15
Bangwe ba re mafoko a builweng ke Jeso a fa godimo, a
supa gore bojalwa bo ka nowa ka gore bo tswa kwa ntle ga motho. Mme se ga se
sone se Jeso a neng se raya. O ne a re, “Mo teng, mo dipelong tsa batho, go
tswa megopolo e e bosula, le dikgokafalo, le bogodu, le dipolao, le boaka, le
bopelotshetlha….dilo tse tsotlhe di tswa mo teng, mme di itshekolola motho”
Mareko 7:21
Go dira bosula go simologa mo pelong, mo
tlhaloganyong, mo teng ga motho, ga e simololwe ke sepe se se tswang kwa ntle.
Ka ko ntle, matlho a rona a ka bona dilo tse di ntsi tse di ka re raelang gore
re dire bosula. Go bo go tswa mo go rona gore a re tla laolwa ke se re se
bonang kgotsa se re se utlwang, kgotsa se re se nkgang go dira bosula. Mme fa
re ikanya mo nonofong ya ga Keresete ya go tlhabana le tlhaelo, dilo tse
tsotlhe ga di kake tsa re fenya gore re felele re dirile bosula. Ka jalo dipelo
tsa rona ga di na go nna le dikakanyo tse dibosula tse di itshekololang motho.
Gore motho a felele a nwa bojalwa kgotsa, kgotsa a goga motsoko, a dira boleo
bope fela, o tshwanetse pele kakanyo ya tswa pelong. Ke sone se Jeso gape o ne
a bua a re “Mongwe le mongwe yo o lebang mosadi ka go mo eletsa, o setse a
dirile boaka nae mo pelong” Mathaeo 5:28. Motho yo o molato ka gore o leba ka
go elestsa, ka gore mo pelong ya gagwe o na le keletso kgotsa kakanyo ya go
dira boaka.
Nonofo mo go
Jeso Keresete
Ka
mafoko a mangwe, lebaka tota le rona batho re batlang go nwa bojalwa kgotsa go
dira boleo bope fela, ke gore “maikutlo a senama”, ditshokamelo tsa rona tsa tlholego di batla se
Modimo a sa se batleng. Fa re sa letelele Modimo ka Mowa wa Gagwe o o Boitshepo
go fetola “maikutlo a senama” go re a nne a a laolwang ke molao wa Modimo, ga
go kgatlhalesege gore re ntsha ditemana di le kae go supa gore Modimo ga a
batle bojalwa, re tla tswelela re nwa bojalwa go fitlhela re senngwa mo
lekadibeng la molelo
Keresete o ne a tla mo lefatsheng go
boloka baleofi. Ga go kgathalasege gore ke boleo bofe jo Satane a go bofileng
ka jone, e kwa tswa e le botagwa, boaka, boikgodiso, kana bope fela. Fa re
innela mo go Jeso Keresete, re mo amogela jaaka Mmoloki wa rona, re ikotlhaela
maleo a rona, re ipolela maleo a rona, tsholefetso ya Baebela ke gore, “O
boikanyo le tshiamo go re itshwarela maleo a rona, le go re tlhatswa mo
tshiamololong yotlhe”, le gore “Botlhe ba ba mo amogelang, ba ba dumelang mo
ineng la Gagwe, o ba fa nonofo ya go nna bana ba Modimo” 1 Johane 1:9; Johane
1:12.
Ka jalo nonofo e teng mo go Jeso go
kgaogana le boleo le bokgoba ja ga Satane. Mo apostolo Paulo a re “Tsotlhe ke
di kgona ka ene yo o nthatafatsang, e bong Keresete” Bafilipi 4:13. Se ke tiro
ya tsatsi le letsasti, ka gore tsholofetso e nngwe ya Modimo ke gore “Jaaka
malatsi a gago a ntse, thata ya gago e tla nna fela jalo” Diteronome 33:25