“Babilone o
mogolo o ole, o ole, o fetogile boago jwa mewa e e maswe,…..Ka utlwa lentswe le
lengwe le le tswang legodimong le re: Tswang mo go ene lona batho ba me, gore
lo se tlhakanele nae dibe tsa gagwe, le gore lo se bone dipetso tsa gagwe.”
Tshenolo 18:1-5
Lefoko la
Babilone, le le tswang mo babel (Genesise 11:9) le kaya tlhakatlhakano, le
dirisiwa mo Baebeleng go supa mefuta e e farologaneng ya bodumedi jo bo sa
ikanyegeng kgotsa jo bo kgelogileng. Dikereke tse di bopang Babilone di na le
ditumelo tse di sa dumalaneng gape le dithuto tse di sa siamang, mme di leka go
itshupa di le seoposengwe ka go tlhama lekoko la Dikereke tsa Lefatshe ka
Bophara–World Council of Churches (WCC) le le nang le makoko a mangwe jaaka
Christian World Communion (CWC), le National Council of Churches (NCC)….le tse
dingwe . Go wa mo tumelong ga Babilone ka ntlha ya dithuto tse di sa siamang ke
gone go begwang mo ditemaneng tse di fa godimo. Modimo o bitsa botlhe ba gagwe
ba ba ikanyegang go tswa mo dikerekeng tse tsa Babilone pele ga dipetso tse 7
tsa bofelo di wela mo lefatsheng. Dikereke tse di leng karolo ya Christian
World Communion di akaretsa: Kereke ya Roma ya Katholiki, Kereke ya Baliti ya
Sabata wa Bosupa (SDA), Dikereke tsa Pentekoste, Baptiste, Efelangene,
Anglikane, Luthere, Methodiste…le tse dingwe. https://www.oikoumene.org/church-families
Ka jalo,
potso ke gore, fa dikereke tsotlhe jaanong e le karolo ya Babilone, kereke ya
Modimo e kae? Gonne Modimo ga a ke a tlhoka go nna le kereke mo lefatsheng ka
dinako tsotlhe. Pele ga re araba potso eo, a re lebe porofiso ya Isaia e e
bolelelang pele ka seemo sa dikereke mo nakong ya rona. Ya re, “Mme mo
letsatsing leo basadi ba supa ba tlaa tshwara monna a le mongwe, ba re, re tlaa
ja senkgwe sa rona, re apare diaparo tsa rona; fela re bidiwe ka leina la gago
gore re tlose kgobo ya rona.” Isaia 4:1. Ka gore ke porofiso e e kwadilweng ka
matshwao, re tshwanetse go tlhaloganya matshwao pele, go tswa foo re lebe gore
e diragetse leng.
“Bosupa”
bo emela bo tlalo, sekai, malatsi a supa a emela beke yotlhe e e tletseng.
“Mosadi” o emela kereke, mosadi yo o phepa—kereke e e phepa, sekai:
“Ke lo itlamile ka monna a le mongwe, e bong Keresete, gore ke tle ke lo
neele Keresete jaaka kgarebane e e itshekileng” 2 Bakorintha 11:2. Mosadi wa
seeka o emela kereke e e sa siamang, sekai, Babilone mo Tshenolo 17:5 o bidiwa
mma diaka, e leng kereke e e sa phepafalang e e nang le dikereke tse di mo
salang morago mo mokgweng wa bosula le kgokafalo. “Monna a le mongwe” o emela
Keresete. “Senkgwe” se emetse dijo tsa semowa ebong Lefoko la Modimo,
sekai: Jesu o bua a re, “Ke nna senkgwe se se tshelang se se
fologileng kwa legodimong: fa mongwe a ka ja senkgwe seno, o tlaa tshela ka
bosakhutleng…Mowa ke one o tshedisang…Mafoko a ke a buang ke Mowa
ebile ke botshelo” (Johane 6:51,63). “Diaparo” di emetse tshiamo kgotsa go
tlhoka tshiamo: Diaparo tse di phepa di emetse tshiamo ya Keresete ye a e
neelang baitshepi, sekai, “Mme mosadi (kereke) a neelwa gore a ikapese ka
leloba le le boleta, le le phatsimang, le le ntle. Gonne leloba le le boleta ke
tshiamo ya baitshepi” Tshenolo 19:8, fa diaparo tse di leswe di emetse tshiamo
e e sa siamang ya motho, sekai, “Ditshiamo tsotlhe tsa rona di ntse jaaka
seaparo se se leswe” Isaia 64:6.
Ka jalo, fa
re beela matshwao kwa ntle, temana ya re, “Mo letsatsing leo, dikereke
tsotlhe di tlaa tshwara Monna a le mongwe, e bong Keresete, di re, re tlaa ja
dijo tsa semowa (mafoko/dithuto) tsa rona le go ikapesa diaparo tsa tshiamo ya
rona, fela re bidiwe ka leina la gago, e bong Bakeresete, go tlose kgobo ya
rona.” Isaia 4:1.
Porofiso eno
e diragetse leng? Ga e kake ya diragala ka nako ya ga Isaia ka gonne Iseraele e
ne e le kereke e le nngwe ya nnete ka nako eo. E bile ga e ka ke ya nna ka nako
ya Baaposetoloi ka gonne go ne go le kereke e le nngwe fela ya nnete. Gape, ga
e ka ke ya nna ka nako ya bokgelogi jo bogolo ja tumelo, fa kereke ya Roma ya
Katoliki e busa mo lefatsheng e sa letelele baganetsi ba tumelo ya yone ya
maaka, e ba bogisa, mme se, sa tlama kereke ya nnete ya Modimo gore e ye go
iphitlha ko e ka se bonwe teng ko “nageng”, “Mosadi a tshabela kwa nageng kwa a
baakanyeditsweng bonno ke Modimo teng, gore ba tle ba mo otle malatsi a le
1260” Tshenolo 12:6. Letsatsi le lengwe la profiso le emetse ngwaga o le mongwe
(Dipalo 14:34 le Esekiele 4:6).
Re tla tlhalosa ka bokhutshwane porofiso ya
dingwaga tsa 1260 tsa Tshenolo 12:6, jaana:
E rile
bogosi jwa Roma jwa Bophirima bo phutlhama ka ngwaga wa 476, kereke ya Roma ya
Sekeresete, e eteletswe pele ke mopapa, e e neng jaanong e tlhakantse tumelo
ya Sekeresete le tumelo ya disetwa, gape e le yone tumelo ya bogosi jotlhe, ya
bo e batla go busa ditšhaba tsotlhe tsa bophirima. Mme ditšhaba di le tlharo, e
bong Heruli, Vandals le Ostrogoths tsa gana go busiwa ke kereke ya Roma. Ka
jalo kereke ya Roma e dirisa masole a mmuso ya lwatsha ditshaba tse. Mme
tšhaba ya bofelo go fenngwa ke Ostrogoths, mme ya patelesega go
tswa mo motseng mogolo wa Roma ka ngwaga wa 538 ka March. (https://en.wikipedia.org/wiki/Siege_of_Rome_(537–538)
Ka jalo ngwaga wa March 538 AD ke one tshimololo ya
mmuso wa kereke ya Roman Katoliki. Mme ngwaga wa
befelo wa mmuso wa Kereke ya Roman Katoliki ke February 10 1798 fa moeteledi
pele wa masole a France e bong Louis Berthier a ne a tsaya mopapa Pius VI e le
legolegwa, a mo isa ko France. Mme a ntsha taolo ya gore go se ka ga tlhola go
nna le mopapa.
Ka jalo re bona gore go tswa ko go 538 go tsena ko go
1798 ke dingwaga di le 1260 fela jaaka porofiso e buile! Mme e rile ka ngwaga wa 1929, Cardinal
Gasparri le Benito Mussolini ba ne ba kanela tumalano ya Lateran Treaty gareng
ga lefatshe la Italy le Vatican. Gaspari o ne a emetse mopapa mme Mussolini a
emetse Italy. Tumalano e ne e busetsa dithata tsa ga mopapa mo go laoleng
Vatican City le phuthego ya Roman Catholic. Ka jalo “go rengwa ga yone ga loso
ga bo go fodile; mme lefatshe lotlhe la gakgamalela sebatana se, la se sala
morago” (Tshenolo 13:3).
Re bo
tswelela ka porofiso ya ga Isaia 4:1. Fa re tla mo nakong ya “Molaetsa wa
Katlholo” ka 1844 ka nako ya di-Protestants, o tla ka Adventists. Nngwe ya
maikaelelo a molaetsa e ne e le go kgobokanya bana ba Modimo ka fa tlase ga
kereke e le nngwe gore ba kgaogane le mekgwa ya lefatshe e e bosula. Se se ne
sa diragala fa go tlhamiwa kereke ya Seventh Day Adventist (SDA). Mme e rile
kereke ya SDA e kgeloga, e huralela Modimo ka go letelela Lokwalo La Ditaelo
(Church Manual) ka 1932 e sa tlhole e ikanya Lefoko La Modimo e bong Baebele
fela, porofiso ya ga Isaia 4:1 e ne ya diragala. Mme SDA e ne ya kanela go gana
Modimo ka go nna leloko la Babilone la Christian World Communion e e
eteletsweng pele ke kereke ya Roma. Jaaka porofiso e boletse, dikereke tsotlhe
di ruta dithutho tse e leng tsa tsone jaaka Church Manual, le go apara tshiamo
e e leng ya tsone, mme botlhe ba batla go bidiwa ka leina la ga Keresete.
Ka jalo
kereke ya Modimo e ko “nageng” gape, mme gompieno ga se ka gore Baebele e
kganetswe. Mo nakong e e fitileng fa Kereke ya Modimo e ya ko “nageng” ka ntlha
ya go bogisiwa ke kereke ya Roma, Satane o ne a e dirisa go hitha Baebele ka go
kganela gore e balwe. Mme gampieno Baebele e gongwe le gongwe, ka jalo Satane o
dirisa motlhale o sele. O tlhotlheletsa bakwadi ba Babilone go gasa dithuto tsa
maaka tse di ntsi tse di sokamisang Baebele e be di anamisa lefifi la semowa. Nngwe
ya dithuto tse tsa maaka ke gore Keresete o kokotetse melao e some mo
mokgorong, go bo go raya gore batho ba tlola molao, se e leng boleo (1 Johane
3:4). Go bo go tshwana jaaka o ka re Baebele ga e yo go senola boleo. Mme nnete
ke gore ke melao ya ditlhabelo e e kokotetsweng ko mokgorong, ka gore Jeso
Setlhabelo sa nnete se bapotswe (Baefeso 2:15).
Gape ba ruta
batho gore ba ngaparele thuto ya maaka ya bopapa ya gore motho o tshela ka
bosakhutleng le gore fa a sule o ntse o a tshela, ka jalo ba ganetsa Baebele e
eleng yone fela tshirelotso mo meweng e e bosula ya ga Satane. Thuto ya gore
motho fa a ya diheleng o ya go boga ka bosakhutleng e dirile gore bontsi bo
seka ba dumela Baebele.
Mme fa molao wa bone wa Modimo o bewa fa pele
ga batho gore o tshwanetswe ke go obamelwa, gore letsatsi la Sabata la bosupa
ke Sateretaga mme le tshwanetswe la itshepisiwa jaaka Baebele e bua, baruti ba
Babilone gore ba ikgolole mo tirong e ba sa batleng go e dira, ba ruta gore
molao o kokotetswe mo mokgorong. Ka jalo ba latlhela kwa ntle molao wa Modimo
ga mmogo le Sabata.
Mme ka gore
dikereke tse di reng di tshegetsa molao wa Modimo di mo botsalanong ja semowa
le tse di sa o tshegetseng ko W. C. C, batho ba tlhakana ditlhogo le go feta,
mme se sefelela se dira bontsi gore ba belaele bo nnete jwa Baebele.
Ka nako ya
ntlha kereke e le ko “nageng” e ne ya nna teng lobaka la dingwaga di le 1260
Tshenolo 12:6 jaaka re bone. Mme gampieno seemo sa mo “nageng” ga se na lobaka
ka gore nako yotlhe ya porofiso e feledile ka 1844, Baebele ya re, “Lobaka ga
le kitla le tlhola le nna teng” Tshenolo 10:6.
Tswee tswee
ikopanye le rona ko The Remnant of Her Seed gore re tle re fefose go tla ga
Morena Jeso Keresete.