Go tlhatlosiwa le
go wela tlase ga phuthego ya Seventh Day Adventist (SDA)
Andrei Lesiapeto
Ka gore bontsi jwa Adventists ba ne ba gana molaetsa wa motlaagana le wa
moengele wa boraro morago ga maswabi a 1844, Modimo o ne a tsosa phuthego e
nngwe mme ya bidiwa Seventh Day Adventists go gasa molaetsa wa bofelo wa
kutlwelo botlhoko. Ba ne ba dumela go ya go bereka mo tshimong ya Morena ya
mofine, mme tota ba ne ba gana jaaka morwa wa bobedi mo setshwantshong sa
Matheo 21:28-32. Ba dirile se fa boeteledipele bo gana molaetsa wa go siamisiwa
ka tumelo mo go Jeso Keresete, ko Minneapolis General Conference ka ngwaga wa
1888. Molaetsa o o ne o ntse o gasiwa ko tshimologong ke moporofiti Ellen White
mme o ne o sa tsewe tsia. Ka jalo Modimo a roma barongwa ba sele gore kgotsa batla
reediwa, e bong moruti E. J. Wagonner le A.T. Jones.
Mme boeteledi ja gana go amogela molaetsa. Jaaka diphuthego tse dingwe
tsa Babilone, SDA ba ne ba batla go apara tshiamo e e leng ya bone. Mme ka jalo
SDA ya gana tshiamo ya ga Keresete, ba gana go reetsa tlhagiso ya moporofiti
Ellen White. Mengwe ya melaetsa ya tlhagiso ya re:
“Go gana go kgaogana le megopolo e e itlhametsweng ke
sone se e neng e le motheo wa kganetso ko Minneapolis kgatlhanong le barongwa
ba molaetsa wa Morena e bong bakaulengwe [E.J.] Waggoner le [A.T.] Jones. Ka go
gakatsa kgathano e, Satane a kgona go thibela Mowa O Boitshepho o Modimo A neng
a batla go o tshela mo bathong ba Gagwe. Mmaba o ne dira gore ba seka ba nna le
bokgoni ja go tsaya nnete go e isa ko lefatsheng jaaka baapostolo ba ne ba gasa
molaetsa ka le tsatsi la Pentecost le morago ga moo. Lesedi le le neng le
tshwanetse go bonesega lefatshe ka kgalalelo le ne la ganwa. Mme ka ditiro tsa
bakaulengwe ba rona lesedi le le ne la thibiwa mo go tona gore le seka la
fitlha ko lefatsheng” Selected Messages Book 1, pages 234-235
“Lefatshe ga le
a tshwanela go tsena mo phuthegong le be le nyalana le phuthego. Ka kgolagano
le lefatshe, phuthego e tla lesofala, e nna ‘boitswalelo jwa
nonyane nngwe le nngwe e e maswe le e e ilwang’” Review and Herald, February 26, 1895.
“Re mo
diphatseng tsa go nna monnawe Babilone yo o oleng, ka go letlelela diphuthego
tsa rona go lesofala, di tladiwa ke mewa yotlhe e e maswe, boitswalelo jwa
nonyane nngwe le nngwe e e maswe le e e ilwang…”
Manuscript Releases, vol. 21, p. 380.
“Fa re kopana sa ntlha re le Lekoko,
go ne go tseya gore General Conference e tshwanetse ya anama le lefatshe lotlhe
ko diphuthego tsa rona di leng teng. Mme se ga se thulaganyo ya Modimo” General Conference Bulletin April 5, 1901
“Seemo sa rona mo lefatsheng ga se
sone. Re kgakala gona le fa re tshwanetseng go nna teng fa re ne re tsamaya le
lesedi le re le filweng…. Mme bontsi ba ba neng ba na le lesedi le le
haphegileng ba itlhakantse le lefatshe e bile go thata go lemoga pharologanyo.
Ga ba sa thola ba emela hale jaaka batho ba Modimo ba ba tlhophilweng e bile ba
le tlhotlhwa. Go thata go lemoga yo o direlang Modimo le yo sa mo direleng. Mo
sekaleng sa motlaagana, phuthego ya Seventh Day Adventist e ya go kadiwa. E tla
atlholwa go lebilwe ditshono tse dihaphegileng tse e nnileng le tsone. Ha seemo
sa yone sa semowa se sa tsamaelane le ditshono tse Keresete a di e fileng ka
tlhwatlhwa e kgolo, ha masego a e a neetsweng e sa a dirisa mo tirong e e neetsweng,
mo go yone go tla tswa katlholo e re: “O fitlhetswe o tlhaela”….Go tlhagisiwa
ka go senngwa ga dikago tsa tirelo go re ra ya gore: “Gakologelwa kwa e rileng
o wa, wa bo o tswa teng, mme o ikwatlhaye, o dire ditiro tsa ntlha” Tshenolo
2:5 …..Ka bona Morutuntsi wa rona a supa diaparo tse go tweng ke tshiamo. O ne
A tlosa diaparo tse, mme O ne A bontsha mo mpepeneneng bosula jo bo
khurumeditsweng. Mme A nthaya A re: “A o bona ka fa ba hithileng bosula le
sebodu sa dipopego tsa mokgwa wa bone? Ana motse oo boikanyo o fetogile o ntse
seaka jang! Ntlo ya ga Rara e dirilwe ntlo ya kgwebo, lefelo le boleng jwa
selegodimo le kgalalelo di tsamaileng! ” Phuthego gompieno e boela kwa morago
mo semoyeng, mme fa e sa ikwatlhaye, e be e sokologa, e tla ja leungo la ditiro
tsa yone go fitlhela e sa tlhole e ithata” Testimonies for the
Church, Volume 8, p. 247-251 (April 21, 1903)
“Morena Jeso o
tla tswelela a nna le batho ba ba tlhophilweng go mo direla. E rile Bajuta ba
gana Jeso, Kgosana ya botshelo, o ne a ntsha bogosi jwa legodimo mo go bone a
bo neela Badichaba. Modimo o tla tswelela a bereka ka tsela yone e. Ha phuthego
e itshupa gore ga e na boikanyo mo lefokong la Modimo, go sa kgathalesege gore
maemo a bone ke a fe, Morena ga a kake a tswelela a bereka le bone. Ba bangwe
ba tla tlhophiwa go rwala boikarabelo jo bo botlhokwa. Mme le bone ha ba sa
phepafatshe matshelo a bone, ha ba sa tsepame mo ditsetleng tse di boitshepho,
Morena o tla ba tlhokofatsa le go ba nolofatsa, mme ha ba sa ikwatlhaye, o tla
ba tlosa mo maemong a bone a ba tlhabisa ditlhong” Manuscript 33, April 27,
1903
“Mmaba wa
mewa o tisitse kakanyo ya gore go tshwanetswe ga nna le phetogo e kgolo mo gare
ga Seventh Day Adventists, le gore mo phetogong e, re tshwanetse ra kgaogana le
di dithuto tse e leng dipilara tsa tumela ya rona, le gore re ikage sesha. Fa
phetogo e e ka diragala, maduo a yone e tla nna eng? Dithuto tsa boammaruri tse
Modimo mo botlhaleng ja Gagwe a di fileng phuthego ya masalela di tla beelwa ko
thoko. Tumelo ya rona e tla fetoga. Dithuto tsa rona tse di ntseng di
tshegeditse tiro dingwaga tse 50 tse di fitileng di tla tsewa e le diphoso. Go
tla tlhomiwa phuthego e ncha. Go tla kwalwa dikwalo tsa thulaganyo e ncha. Go
tla nna le dithuto tsa dikakanyo tsa setho. Batlhami ba mokgatlho o, ba tla
tsena mo ditoropong, mme ba tla dira tiro e e makatsang. Sabata o tla tsewa
motlhofo le Modimo yo a mo tlhodileng. Ga go na se se tla letelelwang go ema fa
pele ga mokgatlho o mosha o. Baeteledi pele ba tla ruta gore go botoka go dira
molemo go na le bosula, mme ka gore Modimo o tlositswe, ba tla ikaega mo
nonofong wa setho, e e senang mosola ka ntlha ya go tlhoka Modimo mo teng.
Motheo wa bone o agilwe fa godimo ga mmu, mme sefefo le setsuatsue di tla diga
kago ya bone.” Letter 242 1903 (Lokwalo la bo 242 ka
ngwaga wa 1903).
Ka maswabi ditlhagiso tsa seka tsa
tsewa tsie, mme diphetogo tsa ga Satane tse di porofisitsweng di diragetse:
·
Phuthego e ncha e tlhomilwe, e ikagile sesha
mme go sa fetolwe leina Seventh Day Adventist (SDA).
·
General Conference ya SDA e laola diphuthego
tsa SDA lefatshe lotlhe.
·
Dithuto tsa boammaruri tse Modimo a di fileng
phuthego di beetswe ko tlhoko, jaaka thuto ya Motlaagana. Ga di sa tlhola di
rutiwa thata gape thuto tsa teng di sokamesitswe.
·
Dikwalo tsa thulaganyo e ncha di kwadilwe,
jaaka Church Manual ka ngwaga wa 1932, e e laolang gore phuthego e tsamaisiwa
jang, go na le gore phuthego e laolwe ke Mowa-O-O-Boitshepo le Baebele.
·
Sabata e tsewa motlhofo, jaaka lekwalo la ga
moruti Samel Bacchiocchi wa SDA (From Sabbath to Sunday) ka ngwaga wa 1977.
Lekwalo le le supa gore Sontaga ke letsatsi la Morena. Mme ga a ka a tseelwa
dkgato dipe ke phuthego ya SDA.
·
Ga go na se se leteletsweng go ema pele
phuthego e ncha, jaaka go ne go kobiwa maloko a SDA ko Hungari a le 1300 ka
ngwaga wa 1984 ka gore ba ne ba le kgatlhanong le gore SDA e nne leloko la Lekoko
La Diphuthego Tsa Lefatshe. (National Council of Churches.)
·
SDA mo bo gampieno ke leloko la Christian
World Communion se e leng leloko la World Council of Churches. https://www.oikoumene.org/church-families.
·
Phuthego e ncha e dirile tiro e gakgamatsang.
Maloko a phuthego a feta di milione di le 21.
·
Tiro e e gakgamatsang e e dirilwe fela jaaka
phuthego ya Roma e ne ya dira ka go isa tlase Sekeresete gore motho a kgone go
nna leloko motlhofo. Mme ka ntlha yone e batho ba tsena ka mmetlela mo phuthegong
ba ntse ba nyaparetse mekgwa ya bone ya bogologolo. Jaaka phuthego ya SDA e nna
le botsalano le go bona thuso mo babusing ba lefatshe, batho ba e amogela ka
bontsi. Mme le fa ka fa ntle ba lebega e le Bakeresete, bontsi bo tswelela ka
mo obamela medimo ya bone ya disetwa mo sephiring.
Se
se setseng fela ke gore “sefefo
le setsuatsue” se e leng dipetso tsa bofelo tse 7 di tle go “diga kago ya
bone.”
Ellen
White o ne a porofisa gape gore maloko a SDA ba tla gakgamala thata go utlwa
gore phuthego ya bone ke Babilone: “Ba gakgamalela mafoko a gore Babilone ke
phuthego, e ole ka ntlha ya diphoso le maleo a yone, ka ntlha ya go gana nnete
e e e romeletsweng go tswa kwa legodimong. Batho ba tla ya ko baruting ba bone
ka potso ya gore, a dilo tse ke boammaruri? Baruti ba araba ka ditlhamalakane,
ba porofisa dilo tse di borethe, go ritibatsa letshogo la bone le go didimatsa
segakolodi sa bone se se tsogileng. Mme ka gore bontsi bo gana go kgotsofadiwa
fela ke taolo ya motho mme ba batla lefoko “Go bua Jehofa”, baruti jaaka
Mafarasai ba bogologolo, ba tla tsenwa ke bogale ka gore taolo ya bone e ya
botsoloswa, mme ba tla bua gore molaetsa o ke wa ga Satane. Ka jalo ba tla
tlhotlheletsa bontsi jo bo ratang boleo go bogisa ba ba gasang molaetsa o.” The Great Controversy, 1911, tsebe 607.
Ka jalo erile Ellen White moporofiti wa Modimo a sena go
tlhokafala le bagologolo ba ba bangwe ba phuthego, Satane a tsena mo phuthegong
ya Seventh Day Adventist ka mashetla otlhe, mme phuthego ya felela e le
Babilone yo oleng. Ela tlhoko gore
tshiamo ya ga Keresete e gape e leng sekano sa Modimo, ke yone fela tshireletso
kgatlhanong le dipetso tse 7 tsa bofelo, mme ga e kake ya newa motho fa a
santse a le mo dibeng kgotsa a tlhakanetse dibe le phuthego ya Babilone. Ke
sone se Modimo a reng “Tswang mo go ene lona batho bame, gore lo se tlhakanele
nae dibe tsa gagwe, le gore lo se amogele dipetso tsa gagwe” Tshenolo 18:4
Le fa go ntse jalo, ba ba neng ba batla go sala Modimo morago, ba ne ba
kgaogana le SDA. Ke bone ba go tisetsang molaetsa o. A Modimo o go
segofatse. Amen.