Letshwao la go senngwa ga Babilone

 

“E re fa lo bona makgapha a tshenyego a eme fa felong ga boitshepo, a a boletsweng ke moporofeti Daniele, a yo o balang a tlhanyege. Foo ba ba leng mo Jutea a ba tshabele kwa dithabeng. Yo mo godimo ga ntlo a a se fologe go tsaya tse di mo ntlong ya gagwe” Mathaio 24:15,17

 

Mabapi le porofiso e, moporofeti Ellen White a re, “Jeso o ne a bolelela barutwana ba Gagwe kotlhao e  e tlaa welang Israele wa mo tlhanogi, bogolo jang kotlhao ya go ipusolosetsa e e tlaa ba welang ka ntlha ya go gana le go bapola Mesia. Dikai tse di sa timetseng di tlaa diragala pele ga kotlhao e. Nako e e tshabegang e, e tlaa tla ka tshoganetso le ka bofefo. Mme Mmoloki a tlhagisa balatedi ba Gagwe go re: “E re fa lo bona makgapha a tshenyego a eme fa felong ga boitshepo, a a boletsweng ke moporofeti Daniele, a yo o balang a tlhanyege. Foo ba ba leng mo Jutea a ba tshabele kwa dithabeng” A re fa ba bona ditshwantsho tsa medimo wa disetwa ya mmuso wa Roma di tlhomilwe mo lefolong lo lo boitshelo le leng le sekgele go tswa mo lobotlaneng le le dikologileng lwa motse wa Jerusalema, foo balatedi ba ga Keresete ba tshwanetse go re ba sie ba tshabe ba se ka ba diega. Mo Jutea le gone mo Jerusalema, fa ba bona letshwao le le boletseng la go sia, ba tshwanetswe ke go le obamela.” The Great Controversy, 1884, page 26

 

Moporofeti o tlhalosa go re “Porofiso e (ya ga Jeso) e ne e na le ditlhaloso di le pedi: e ne e supa go senngwa ga Jerusalema, le ditiragalo tse  di boitshegang tsa malatsi a bofelo” The Great Controversy, 1884, page 26.

 

Porofiso e e supa go senngwa ga Jerusalema wa bogololo wa motlhanogi le go senngwa ga Jerusalema wa gampieno wa motlhanogi. Jerusalema o bidiwa motlhanogi ka go re o tlhanogetse Modimo. Fa re bua re akaretsa, Jerusalema o emetse diphuthego tsothe mo lefatsheng tse di ipitsang ka leina la ga Keresete, tse di tlhanogetseng Modimo tse di kaiwang e le Babilone mo lokwalong lwa ga Tshenolo. Ka ngwaga wa 1844 fa malatsi a 2300 a wela aa mo go Daniele 8:14, diphuthego tsotlhe tse di ganneng molaetsa wa moengele wa ntlha (Tshenolo 14:6,7) , di ne tsa bediwa Babilone ke Modimo. Moporofeti a re, “E rile diphuthego di gana molaetsa wa Modimo wa go tla ga ga Jeso, Modimo le Ene a di gana” Moengele wa ntlha o ne a salwa morago ke wa bobedi a re, “Babilone yo mogolo o ole, ole, yo o dirileng gore merafe yotlhe e nosiwe bojalwa jwa bogale jwa boaka jwa gagwe” Tshenolo 14:8. Molaetsa o, o ne o tlhaloganngwa ke Adventists gore ke mafoko a bolelang go wa mo tumelong ga diphuthego ka ntlha ya go gana molaetsa wa ntlha. Moaletsa wa go re ‘Babilone o ole’, o ne wa fiwa ka selemo sa 1844, mme batho ba ka nna 50 000 ba tswa mo di phuthegong.” The Great Controversy, 1884, page 232

 

Mme tota ke phuthego e fe mo malatsing a no a bofelo, e e neng e kgethegile, e e go ka tweng ke yone Jerusalema yo mosha yo o tlhanogileng? Moporofeti a re, “Jerusalema ke se sekai sa seemo se phuthego e tla nnang mo go sone fa e gana go tsamaya mo leseding le Modimo a le e fileng. Jerusalema e ne e kgethilwe ke Modimo jaaka ba beeletsi ba dithuto tse diboitshepo. Mme batho ba Jerusalema ba ne ba sokamisa nnete, le go gana tlhagiso….Mme fela jalo Keresete o hutsafalela le go lelela diphuthego tsa rona, dikolo tsa rona, tse di paletsweng ke go tsamaya ka fa Modimo a batlang ka teng. Fa a tla go tlhatlhoba ko Battle Creek, e e tsamayang fela mo tseleng e e tshwanang le ya Jerusalema. Ntlo e e gatisang dikwalo e hetogile tempele e e itshekologileng, lefelo la kgwebo  la dilo tse di sa itshepisiwang….Go na le kotsi ya go re Battle Creek (phuthego ya Seventh Day Adventist) e tla nna jaaka Jerusalema wa bogologolo, lefelo le legolo la nonofo e kgolo. Fa re sa tsibogele ditlhagiso, bosula jo bo wetseng Jerusalema bo tlaa re wela”  Testimonies for the church Volume 8, 1904, page 67,68,133. Hano ka 1904, SDA e ne e sa ntse e tlhagisiwa, e ne e ise e tlhanoge ka mo go feletseng.

 

Pele ga Jerusalema a senngwa ka go fisiwa ka molelo ke mmuso wa Roma wa medimo wa disetlwa, o ne a senngwa semowa ka go amogela dithuto tsa medimo ya disetlwa. Ka mo go tshwanang Jerusalema yo a tlhanogileng wa gompieno (SDA) o sentswe semowa ke Roma wa “Sekeresete”, ka go amogela dithuto tsa go re mowa wa motho go o swe le go itshepisa Sontaga.  Tumelo ya go re mowa wa motho ga o swe e supafalo mo SDA fa ba kwala ba re “Ke fela fa Keresete a tla gape la bobedi, fa re tlaa phepafadiwang” Taylor G. Bunch, Ministry Magazine, December, 1965, p 9. Ka mafoko a mangwe, fa Jeso a tla gape o santse o na le boleo mo go wena, go na le go re o nyelediwe ka molelo, Jeso o tla bo a go fa botshelo jo bo sa khutleng. Mme Baebele ya re, “Siamang ka botlalo jaaka Rraeno wa legodimo a siame ka botlalo” Mathaio 5:48. Se se ka kgonagala fa re amogela tshiamo ya ga Keresete ka tumelo e e re fang nonofo ya go fenya boleo.

 

Sontaga o itshepisiwa ke SDA fa e kwala go re Sontaga ke le tsatsi la Morena mo lokwalong lwa ga moruti Samuel Bacchiocchi wa SDA, lwa From Sabbath to Sunday, mme ga a ise a ko a tseelwe dikgato dipe. Semowa sa SDA se ne sa senyega se mmuso fa e nna maloko a lekgota la World Council of Churches (WCC) ka go nna leloko la lekgota la Christian World Communion (CWC). Maloko a CWC ke:- The Roman Catholic Church, Seventh Day Adventist Church, Pentecostal, Baptist, Evangelical, Anglican, Lutheran, Methodist churches, etc https://www.oikoumene.org/church-families.     

 

Go gapiwa ga phuthego ya SDA ka fa semoweng, go ne ga bontshiwa moporofeti ka ngwaga wa 1867, a re, “Bosigong joo ke ne ka lora ke le ko Battle Creek ke lebetse ko ntle ka fensetere e e fa kgorong, ke fa ke bona setlhopha sa batho ba tla ko ntlong ba gata jaaka masole, ba le ba bedi ba setse morago ba le ba bedi, ke go re 2 le 2. Difatlhogo tsa bone di ne di lebega di gagametse e bile di na le maikaelelo. Ke ne ke ba itse fela thata, mme ka emelela go ya go bula kgoro go ba amogela, mme ka akanya ga bedi, ka re, tla ke lebe gape. Mme pono ya hetoga. Setlhopha jaanong sa lebega jaaka Makatoliki. Yo mongwe o ne a tshotse mo seatleng sa gagwe sefapano, yo mongwe a tshotshe sebaga. E rile ba atumela ntlo, yo a neng a tshotse sebaga a dikologa ntlo, a  bua ga raro, a re, ‘Ntlo ye e thibetswe. Sengwe le sengwe mo teng ga yone se tshwanetswe sa gapiwa. Ba buile kgatlhanong le tsamaiso ya rona e e boitshepo’ Ke ne ka tsenwa ke letshogo, mme ka sia ka tswa ka kgoro e ko bokone, mme ka iphitlhe ke le fa gare ga setlhopa sa batho, bangwe ke ne ke ba itse, mme ka se ka ka bua sepe ka ke ne ke tshaba go re ke tlaa okiwa. Ka leka go batla gongwe ko thoko, go nna teng go re ke tle ke lele ke rapele go sena matlho aa ntebeletseng gongwe le gongwe ko ke yang teng. Nako yotlhe ke ne ke ntse ke boelela mafoko a: ‘Ke eletsa jang go tlhaloganya seemo se! Ha ne fela ba ka mpolelela go re ke buile eng kgotsa ke dirile eng!’ Ke ne ka lela le go rapela thata fa ke bona dilo tsa rona di gapiwa” Testimony for the church, vol. 1, p.578.

 

Mogopolo wa go re SDA ga e ka ke ya nna Babilone go sa kgatlhalesege go re e dira eng, ga se nnete, ke go sokamisa mafoko a moporofeti Ellen White fa a ne a bua ka kgang e. Se a se buileng ke se, “Go na phutego e le nngwe mo lefatsheng e gompieno e baakanyang lobotla lo lo oleng lwa tempele ya Modimo, mme go re motho a lebise matlho a batho ko phuthegong e, a bo a e bitsa Babilone, ke go dira tiro ya yo o bayang molota bakaulengwe” Review and Herald September 5 1893. Hana o ne a kgalemela setlhopha sa batho mo phuthegong ba ba neng ba re SDA ke Babilone mme go sa nna jalo, ka go re ka nako eo (1893) go ne go sena dithuto dipe tsa Babilone tse di neng di fitlhelwa mo SDA.  O ne a bua gape a re, “Ditsholofetso tsa Modimo tsotlhe di fiwa fela fa re le kutlo. Fa re dira go rata ga Gagwe, fa re tsamaya mo tseleng ya Gagwe…Modimo o tla utlwa di kopo tsa rona; mme ga a kake a re segofatsha fa re tlhoka kutlo” Faith and Works, p. 47.

 

Fela jaaka Isaraele wa bogologolo, SDA e ne ya gana go reetsa ditlhagiso le dikgalemo tse di neng di romelwa ke Modimo ka moporofeti Ellen White. Fela jaaka Isaraele wa bogologolo “E ne e le lehela go re Modimo a bo a ba romela ditlhagiso ka baporofeti ba Gagwe…tshokologo nngwe le nngwe e ne e latelwa ke botlhanogi jo bo golo go feta jwa pele” Desire of Ages, p. 28. Mme fela jaaka Isaraele wa bogologolo, nako e nngwe ba ne ba ikoba fa pele ga Modimo, jaaka ka 1893, mme a bo a ba segofatsa, mme e re ko morago ba tsenwe ke boganana gape.

 

Molaetsa wa ga moporofeti Jeremia wa kgaolo 26 o ne wa fiwa SDA ka 1876 mo go “Testimonies to the church Voume 4”, ka fa tlase ga setlhogo se se reng “Jeremia o kgalemela Iseraela” (tsebe ya 164-167). Wa fiwa gape mo go “Review and Herald, June 30 1885” ka fa tlase ga setlhogo se se reng “Lefoko lwa Modimo ga le a tshwanelwa ke go ikgatlholosiwa”. Mme ko befelong wa fiwa mo lokwalong lwa “Prophet and Kings” lwa 1917 ka fa tlase ga setlhogo se se reng “Jeremia o kgalemela Iseraele” fela jaaka o ne wa fiwa Iseraele wa bogologolo pele ga ba gapiwa ke mmuso wa Babilone:

 

“Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, o bua jaana , a re: Siamisang ditsela tsa lona le ditiro tsa lona, mme ke tla lo agisa mo felong le. Lo se ka lwa ikanya mafoko a maaka, lwa re: Tempele ya ga Jehofa, tempele ya ga Jehofa, tempele ya ga Jehofa ke dikago tse….”Jeremia 7:2-4…. “Fa lo gana go ntheetsa, go sepela mo melaong ya me, o ke o beileng fa pele ga lona, le go reetsa mafoko a batlhanka ba me, e bong baporofeti, ba ke ba romileng kwa go lona, ke phakela fela ke ba roma, mme lwa se ka lwa reetsa; foo ke tla dira ntlo e go re e nne jaaka Shilo, ke tla dira motse o go re o nne phutso mo merafeng yotlhe ya lefatshe” Jeremia 26:4-6. Bao ba ba emeng mo tempeleng ba reeditse mafoko a ga Jeremia ba ne ba tlhaloganya sentle go re ga a bua ka Shilo o ne a raya jang, le go re ka nako ya ga Eli fa Bafilisitia ba ne ba fenya Iseraele ba tsaya araka ya tesetamente, Iseraele o ne a akanya go re lentswa ba ne ba dira ditiro tsa boleo, boleng teng jwa araka bo tlaa ba fenyetsa Bafilisitia. Ka mo go tshwanang, e rile ka dinako tsa ga Jeremia, banni ba Juta ba ba ne ba kanya go re fa ba sala morago ditirelo tsa tempele tse di tlhomilweng, ba tla sireletsega mo go otlhaelweng ditiro tsa bone tse di bosula.

 

“Se ke thuto mo go ba ba emeng mo maemong a boikarabelo mo phutlhegong ya Modimo tsatsi jeno! Se ke tlhagiso e e masisi, go re go dirwe ka boikanyo le maleo a a tisang lenyatso mo tirong ya Modimo. A ope yo a ipolelang go re ke mo beeletsa wa molao wa Modimo, a se ka a iphora ka go re, go supa ka fa ba ratang molao ka teng ka fa ntle, go tla ba sireletsa mo kotlhaoong ya Modimo. A go sa nne le ope yo o ganang go kgalemelwa fa a dira bosula, kana go baa molato batlhanka ba Modimo wa go re ba matlhagatlhaga jwa go leka go ntsha bosula mo phuthegong. Modimo yo a ilang boleo o raya botlhe ba ba reng ba tshegetsa molao wa Gagwe go re ba kgaogane le maleo otlhe. Go gana go ikotlhaya le go obamela Modimo go tlaa tisa ditlamorago tse di tlhaofetseng jaaka di ne tsa tla mo go Iseraele wa bogologolo. Go na le molelwane o Jehofa a o tlhomileng go re fa o fetwa, dikotlhao tsa Gagwe ga di ka ke tsa tlhola di diega. Go senngwa ga Jerusalema ka nako ya ga Jeremia ke tlhagiso e e masisi mo go Iseraele wa gompieno, go re dikgakololo le dikgalemo tse ba di filweng ka ba ba tlhophilweng ga di ka ke tsa itlhokomolosiwa go sena kotlhao…..Mme fela jaaka mafoko a ga Jehofa ka mopofeti (Jeremia) a ne a supafala go re a nnete, le gone fela jalo molaetsa wa Gagwe o tla tlhomamisiwa gompieno” Prophet and Kings pages 413-442

 

Erile morago ga molaetsa o o sena go fiwa Iseraele wa bogologolo, ba se ka ba o tsaya tsie le go hetola mokgwa wa bone, mme ba felela ba fentswe le go gapiwa ke mmuso wa Babilone wa ga Nebukadineza. Mme fela jalo, Iseraele wa gampieno wa motlhanogi e bong SDA, ba amogetse molaetsa o tshwanang, mme le bone ba o gana (santlha ka 1876, go tsweng fo ka 1886, la bofelo ka 1917), mme ka ntlha ya go gana molaetsa ba felela ga gapilwe semowa ke Babilone wa gampieno e bong World Council of Churches, e eteletswe pele ke Roman Catholic church. 

 

Fela jaaka go builwe ka Iseraele wa bogologolo nako e ba neng ba gana go ikotlhaya: “ ‘Morena Modimo o bua jaana a re: Tlosang tlhoro ya borena, rola serwalo sa bogosi’. Ke fela fa Keresete ka bo Ene a sena go tlhoma mmuso wa Gagwe, fa Juta a tla letelelwa ke go nna le kgosi. ‘Ke tla ribegetsa, ke ribegetsa, ke go ribegetsa’ se e ne e le yone taolo ya Modimo mabapi le bogosi jwa ntlo ya ga Dafite; ‘le gone ga go kitla go tlhola go nna jalo, go tsamaya go tla Ene yo o nang le tshwanelo, yo ke tla bo mo neelang bogosi’ Esekiele 21:26-27” Prophet and Kings, page 451. Mafoko aa tshwanang a builwe ka SDA gore bogosi jwa one bo tlositswe ka ntlha ya go gana molaetsa wa tlhagiso le go re jaanong e gapilwe semowa ke Babilone wa gampieno.

 

Ke makgetho a le mabedi (1888 le 1901), Modimo a eletsa go thela Mowa O O Boitshepo mo go SDA go re ba fetse tiro le go baakanya tsela ya go re Jeso a tle gape la bo bedi. Ka ngwaga wa 1888 Modimo wa romela molaetsa wa go siamiswa ka tumelo ka E. J. Waggoner le A. T. Jones  ko General Conference ya 1888, mme bontsi jwa baeteledi pele ba phuthego ba gana molaetsa, ka jalo Mowa O O Boitshepo wa se ka wa tshelwa mo bathong ba Modimo (Letter 96, 1896). Ka nako yo ne e, Satane o ne a batla phetogo mo molaong wa America, go re Sontaga a patelediwe batho go mo itshepisisa ka go sa bereka ka letsatsi leo. O ne a bereka ka mokgatlho o bidiwa National Reform Association, mme ka go re balebeledi mo loboteng lwa Sione ba ne ba robetse, batlhanka ba Modimo ba ba boikanyo ba ne ba rapela go re phetogo e, e se ka ya diragala (Review and Herald, January 1, 1889). Mme Modimo wa reetsa ditlhapelo tsa bone go re molao wa Sontaga a se ka wa nna teng. Modimo o ne a dira ka A.T. Jones le ba bangwe ka 1889 le 1890 go fenya phetogo e ya molao ko palamenteng.

 

 E rile gape ka 1901 Modimo a eletsa go tshela Mowa O O Boitshepo mo boeteleding pele. Mme baeteledi ba SDA ba gana gape, ba re “Gompieno o ka tsamaya, mme ke tla re fa ke bonye lobaka lo lo siameng ke go bitse” Battle Creek Letters, 1902, p. 55

 

Kgabagare ka April 21 1903, Modimo wa bua go re jaanong SDA ke seaka, mme a e rapela go re e ikotlhae e sokologe e seng jalo “e tla ja leungo la ditiro tsa yone go fitlhela e sa tlhole e ithata”. O bua jaana ka mporofeti, a re:-

 

“Seemo sa rona mo lefatsheng ga se sone. Re kgakala gona le fa re tshwanetseng go nna teng fa re ne re tsamaya le lesedi le re le filweng…. Mme bontsi ba ba neng ba na le lesedi le le haphegileng ba itlhakantse le lefatshe e bile go thata go lemoga pharologanyo. Ga ba sa thola ba emela hale jaaka batho ba Modimo ba ba tlhophilweng e bile ba le tlhotlhwa. Go thata go lemoga yo o direlang Modimo le yo sa mo direleng. Mo sekaleng sa motlaagana, phuthego ya Seventh Day Adventist ya go kadiwa. E tla atlholwa go lebilwe ditshono tse dihaphegileng tse e nnileng le tsone. Ha seemo sa yone sa semowa se sa tsamaelane le ditshono tse Keresete a di e fileng ka tlhwatlhwa e kgolo, ha masego a e a neetsweng e sa a dirisa mo tirong e e neetsweng, mo go yone go tla tswa katlholo e re: “O fitlhetswe o tlhaela”….Go tlhagisiwa ka go senngwa ga dikago tsa tirelo go re ra ya gore: “Gakologelwa kwa e rileng o wa, wa bo o tswa teng, mme o ikwatlhaye, o dire ditiro tsa ntlha” Tshenolo 2:5 …..Ka bona Morutuntsi wa rona a supa diaparo tse go tweng ke tshiamo. O ne A tlosa diaparo tse, mme O ne A bontsha mo mpepeneneng bosula jo bo khurumeditsweng. Mme A nthaya a re: “A o bona ka fa ba hithileng bosula le sebodu sa dipopego tsa bone? Ana motse oo boikanyo o fetogile o ntse seaka jang! Ntlo ya ga Rara e dirilwe ntlo ya kgwebo, lefelo le boleng jwa selegodimo le kgalalelo di tsamaileng! ” Phuthego gompieno e boela kwa morago mo semoyeng, mme fa e sa ikwatlhaye, e be e sokologa, e tla ja leungo la ditiro tsa yone go fitlhela e sa tlhole e ithata” Testimonies for the Church, Volume 8, p. 247-251 (April 21, 1903)

 

Baebele ya “Le tla ba itse ka maungo a bone” Mathaio 7:16 ka go re maungo ga a ake. Maungo a SDA a supa go re ga ba ikwatlhaela maleo a bone. Go supega ka botlalo go re e rile fa lentswe la kgalemo lwa morongwa wa Morena le sa tlhole le le teng, le fa bagologolo ba phuthego ba sena go swa, SDA e ne ya tlhanoga ka mo go feletseng, mme ba felela ba gapilwe semowa ke Babilone wa gampieno, fela jaaka morongwa wa Morena a buile, go re, “Mme fela jaaka mafoko a ga Jehofa ka mopofeti (Jeremia) a ne a supafala go re a nnete, le gone fela jalo molaetsa wa Gagwe o tla tlhomamisiwa gompieno”

 

Mme gape phetogo e ne Satane a batla go e dira mo SDA, e morongwa wa Modimo a neng a e porofisa go re e tla diragala ka October wa e ne 1903 mo Letter 242, 1903, e diragetse:-

  • “Phuthego e ncha e tlhomilwe” mme go sa fetolwe leina Seventh Day Adventist (SDA). Phuthego e ncha e, e laolwa ke General Conference lefatshe lotlhe
  • “Dithuto tsa boammaruri”tse Modimo a di fileng phuthego di “beetswe ko tlhoko”, jaaka thuto ya Motlaagana.
  • Dikwalo tsa “thulaganyo e ncha di kwadilwe”, jaaka Church Manual ka 1930, Questions on Doctrine ka 1957, le tse dingwe.
  • “Sabata e tsewa motlhofo” jaaka lekwalo lwa From Sabbath to Sunday la ga moruti Samuel Bacchiocchi wa SDA ka 1977 le a supang gore Sontaga ke letsatsi la Morena. Mme ga a ka a tseelwa dikgato dipe ke phuthego ya SDA.
  • “Ga go na se se leteletsweng go ema fa pele” ga phuthego e ncha, jaaka go kobiwa ga maloko a Hungari ka 1984 a le 1300 ka gore ba ne ba le kgatlhanong le phuthego gore e nne leloko la National Council of Churches.
  • SDA jaanong ke leloko la Christian World Communion e e leng leloko la World Council of Churches https://www.oikoumene.org/church-families
  • Phuthego e ncha “e dirile tiro e gakgamatsang”. Maloko a phuthego a feta di milione di le 21 le tlhotlhwa ya phuthego e feta $15 billion.

 

Se se setseng fela ke “sefefo le setsuatsue” go “diga kako”, se e leng go senngwa ga phuthego ka dipetso tsa bofelo tse 7. Mme ga di wela mo lefatsheng boutlwelo botlho jwa Modimo bo tla bo bo tshwetswe. Ka jolo ke nako ya gore yo a santseng a le mo SDA kgotsa mo phuthegong ya Babilone a tswe pele ga dipetso di tla mo lefatsheng.

 

Fa re boela ko porofisong ya ga Jeso ya go senngwa ga Jerusalema wa bogologolo, le go senngwa ga Jerulasema wa motlhanogi wa gampieno, e bong SDA le Babilone, Ellen White a re sesupo sa teng ke go tlhamiwa ga molao wa lefatshe o o pataletsang mongwe le mongwe go re a itshepise Sontaga, jaaka fa a tlhalosa fa:

“Ka go tlhama molao wa phuthego ya Roma o o pateletsang mongwe le mongwe go itshepisa Sontaga, kgatlhanong le molao wa Modimo, lefatshe la rona le tla bo le ikgaogantse ka mo go feletseng le tshiamo. Fa Baporotesetanta ba otolola letsogo go tshwara letsogo la nonofo ya Roma, ba fedisa dipharologanyo gareng ga bone tse di ntseng di ba kgaoganya. Fa ba otolola letsogo go tshwara letsogo lwa dithuto tsa mewa ya badimo, le gone ba fedisa dipharologanyo gareng ga bone. Ka fa tlase ga dinonofo tse tlharo tse, lefatshe la rona le tla latola motheo mongwe le mongwe wa puso ya rona ya batho ka batho le wa go sa busiwa ke sedumedi, mme le tla letelela dithuto tse di maaka gape di tsietsa tsa phuthego ya Roma, mme re tla itse go re nako e gorogile ya go re Satane a dire dilo tse di makatsang le go re bokhutlo bo gaufi ”

 

“Hela jaaka go atumela ga masole a mmuso wa Roma e ne e le sesupo mo barutwaneng ba ga Keresete go re tshenyego ya Jerusalema e gaufi, le rona botlhanogi jo, bo tla nna sesupo sa gore boitlwelo botlhoko jwa Modimo go fedile, le go re boleo jwa mmuso wa rona bo tletse, le go re moengele wa boutlwelo botlhoko o gaufi le go tsamaya, mme ga a na go tlhola a boa.” Testimonies for the Church, volume 5, p.451

 

“Hela jaaka masole a mmuso wa Roma a ne a dikaganyetsa motse wa Jerusalema, e ne e le sesupo sa go falola mo Bakereseteng ba Jutea, le rona, go tlhamiwa ga molao ke lefatshe la rona o o pateletsang botlhe go itshepisa sabata wa phuthego ya Roma, e tla bo e le tlhagiso mo go rona. E tla nna nako ya tswa mo ditoropong tse di tona, le go ipaakanyetsa go tswa mo go tse dinnye, le go ya ko magaeng a a iphitlhileng a a ko ditlhabeng ” Testimonies for the Church, volume 5, p.465

 

Ela tlhoko go re ka nako ya go senngwa ga Jerusalema wa bogologolo go diragala ka AD 70, Modimo o ne a sa bolo go kgaogana lseraele fa dibeke tse 70 tsa Daniele 9 di wela ka ngwaga wa AD 34 fa Bajuta ba kgobotla Setefane ka maje. Jaanong ka mo go tshwanang e tla re Jerusalema wa gampieno wa motlhanogi a senngwa (SDA le Babilone yotlhe), ka dipetso tsa bofelo tse 7, Modimo o tla bo a sa bolo go kgaogana le SDA .

 

Pele ga molao wa go itshepisa Sontaga o tlhomiwa, fa molaetsa wa go wela tlase ga Babilone o gasiwa, moporofeti a re, “Bontsi bo tla gakgamalela mafoko a gore Babilone ke phuthego, e ole ka ntlha ya diphoso le maleo a yone, ka ntlha ya go gana nnete e e e romeletsweng go tswa kwa legodimong. Batho ba tla ya ko baruting ba bone ka potso ya gore, a dilo tse ke boammaruri? Baruti ba araba ka ditlhamalakane, ba porofisa dilo tse di borethe, go ritibatsa letshogo la bone le go didimatsa segakolodi sa bone se se tsogileng. Mme ka gore bontsi bo gana go kgotsofadiwa fela ke taolo ya motho mme ba batla lefoko “Go bua Jehofa”, baruti jaaka Mafarasai ba bogologolo, ba tla tsenwa ke bogale ka gore taolo ya bone e ya botsoloswa, mme ba tla bua gore molaetsa o ke wa ga Satane. Ka jalo ba tla tlhotlheletsa bontsi jo bo ratang boleo go bogisa ba ba gasang molaetsa o.”  The Great Controversy, 1888, page 606,607

 

“E rile morago ga dilo tse ka bona moengele yo mongwe a fologa mo legodimong, a na le taolo e kgolo; mme lefatshe la bonesega ka kgalalelo ya gagwe. Mme a tlhaeletsa ka lentswe le le nonofileng a re: Babilone o mogolo o ole, o ole, o fetogile boago jwa mewa e e maswe le boitswalelo jwa mowa mongwe le mongwe o o maswe, le boitswalelo jwa nonyane nngwe le nngwe e e maswe le e e ilwang. Gonne merafe yotlhe e ole ka bojalwa jwa bogale jwa kgokafalo ya gagwe; dikgosi tsa lefatshe tsa gokafala nae, le babapatsi mo lefatsheng ba huma ka thata ya go hoahoega ga gagwe. Ka utlwa lentswe le lengwe le le tswang legodimong le re: Tswang mo go ene lona batho ba me, gore lo se tlhakanele nae dibe tsa gagwe, le gore lo se bone dipetso tsa gagwe: Gonne dibe tsa gagwe di fitlha le kwa legodimong, Modimo o gakologetswe maikepo a gagwe.” Tshenolo 18:1-5.

 

A Modimo a go segofatse o bonesege ka kgalalelo ya moengele wa Tshenolo 18, se e leng tshiamo ya ga Keresete. A Mowa O Boitshepo a go thuse o kgaogane le SDA le Babilone mme o tle o nne le botsalano jo bo tletseng le Morena Jeso Kereste. Amen

 

Andrei Lesiapeto

03/09/2023