Tlhagiso ka sebatana, setshwantsho le letshwao la sone

(Molaetsa wa bofelo wa kutlwelo botlhoko)

“Moengele yo mongwe, e le wa boraro, a tla morago ga bone, a bua ka lentswe le legolo a re: Fa motho le fa e le mang a obamela sebatana le setshwantsho sa sone, a iteseletsa go tshwaiwa mo phatleng, kgotsa mo seatleng, le ene o tlaa nwa bojalwa jwa bogale jwa Modimo, jo bo baakantsweng bo sa tlhakanngwa le sepe, bo le mo senwelong sa tšhakgalo ya one; mme o tlaa tlhokofadiwa ka molelo le sulefura, fa pele ga baengele ba ba boitshepo, le fa pele ga Kwana. Mme mosi wa tlhokofatso ya bone o tlhatloga ka bosakhutleng le ka bosaengkae; ga ba na tapologo motshegare le bosigo, e bong bone ba ba obametseng sebatana le setshwantsho sa sone, le botlhe ba ba iteseletsang go tshwaiwa lotshwao lwa leina la sone.” Tshenolo 14:9-11

Mo molaetseng wa moengele wa boraro go fitlhewa tlhagiso e e boitshegang go di feta tsotlhe tse di kileng tsa tlhagisa le sika la motho. E tshwanetse e le sebe se se maswe thata se se bitsang bogale jwa Modimo bo sa tlhakanngwa le kutlelo botlhoko. Batho ga ba na go tlogelwa mo lefifing mabapi le kgang e botlhokwa e tshwanang le e, le gore matshwao a (sebatana, setshwantsho sa sebatana le letshwao la sebatana) a raya eng. Lefatshe lotlhe le tlhagisiwa ka sebe se sa go obamela sebatana le setshwantsho sa sone, kgotsa go amogela letshwao la sone pele ga dipetso tsa Modimo di goroga, gore botlhe ba itse gore ba otlhaelwaang, mme ba nne le sebaka sa go falola pele ga ditla.

Phalolo yone e bonwa mo temaneng ya bo 12 fa e re: “Bopelotelele jwa baitshepi ke jo, e bong ba ba tshegetsang ditaolo tsa Modimo le tumelo mo go Jeso”. Ba ba farologane le mofuta wa ntlha ka gore ba amogetse Jeso jaaka Mmoloki wa bone. Mme ka tumelo mo go Jeso ba tshegetsa ditaolo tsotlhe tsa Modimo. Ka jalo bone ba obamela Modimo.

Go tlhaloganya matshwao a, re tla simolola mo lokwalong la ga Tshenolo 13 ka gore le lone le bua ka sebatana, setshwantsho le letshwao la sebatana.

“Ka bona sebatana sengwe se tlhatloga mo lewatleng, se na le dinaka di le some le ditlhogo di supa, mo dinakeng tsa sone ga bo go le dikorone di le some, mo ditlhogong tsa sone ga bo go le maina a tlhapatso.  Sebatana se ke se bonyeng sa bo se tshwana le nkwe, maroo a sone a bo a ntse jaaka maroo a bera, molomo wa sone o ntse jaaka molomo wa tau; mme kgogela ya se naya thata ya yone, le setulo sa yone sa bogosi, le taolo e kgolo.  Ka bona tlhogo nngwe ya sone, e kete e kile ya rengwa ya swa; mme go rengwa ga yone ga loso ga bo go fodile; mme lefatshe lotlhe la gakgamalela sebatana se, la se sala morago; ….  Mme sa newa molomo o o buang dilo tse dikgolo le ditlhapatso; sa newa taolo ya go tswelela pele ka dikgwedi di le 42.  Mme sa tswa molomo sa tlhapatsa Modimo, sa tlhapatsa leina la one, le bonno jwa one, e bong bone ba ba ntseng mo legodimong.  Sa newa go tlhabantsha baitshepi, le go ba fenya; sa newa taolo mo lotsong longwe le longwe, le tšhaba, le puo, le morafe.  Mme botlhe ba ba agileng mo lefatsheng ba tlaa se obamela, e bong mongwe le mongwe yo leina la gagwe le se kang la kwalwa mo lokwalong lwa botshelo lwa Kwana, yo o sa leng ka a tlhajwa lefatshe le thaiwa.. Botlhale ke jo. Yo o nang le tlhaloganyo, a a bale palo ya sebatana; gonne ke palo ya motho: palo ya sone ke 666.”

Mo go Tshenolo 13 go na le dibatana di le pedi, mme mo bogompieno re ta itebaganya le sebatana sa ntlha fela. Re bona sebatana se, se kaiwang ka mekgwa e le some:

1.  Se tlhatloga mo lewatleng (13: 1).

2.  Se na le dinaka di le some (13: 1).

3. Se na le dikarolo tsa Nkwe, Bera le Tau (13:2). 

4.  Se newa thata ke kgogela (13:2).

5. Se busa dikgwedi di le 42 (13:5).

6.  Se ne sa rengwa mo tlhogong, mme sa fola (13:3).

7.  Se busa lefatshe lotlhe mme se tlhakantse le tumelo (13: 3, 7-8).

8.  Se tlhapatsa Modimo (13:1, 5-6).

9.  Se lwantsha baitshepi ba Modimo le go ba fenya (13:7).

10. Se na le palo ya 666 (13:18).

Mokgwa wa #1:  “se tlhatloga mo lewatleng” (Tshenolo 13:1)

Sebatana go tewa kgosi kgotsa bogosi (Daniele 7:17).  Lewatle go tewa boidiidi jwa batho le merafe le dipuo tse di farologanyeng (Tshenolo 17:15). Ka jalo bogosi jo bo tlhatloga fa gare ga merafe ya nako eo.

Mokgwa wa #2“se na le dinaka di le some le ditlhogo di supa, mo dinakeng tsa sone ga bo go le dikorone di le some” (Tshenolo 13:1)

Dinaka go tewa nonofo (Habakkuk 3:4). Ka gore dinaka tse di na le dikorone go raya go re mmuso o wa sebatana o busa ka dinonofo tse some kgotsa ka magosi a le some.

Mokgwa wa #3“se tshwana le nkwe, maroo a sone a bo a ntse jaaka maroo a bera, molomo wa sone o ntse jaaka molomo wa tau” (Tshenolo 13:2)

 

Re setse re bone gore mmuso o o tlhagoga fa gare ga matshititshwiti a batho gape o tshegeditswe ke magosi a le some. Mme gape o na le dikarolo tsa mmuso wa “Nkwe”, le wa “Tau” le wa “Bera”. Go re re tlhaloganye mebuso e gore ke e fe, re tla tshwanela ke go ya ko lokwalong lwa ga Daniele. Mo ponatshegelong Daniele o ne a bona dibatana di le 4 di tlhatloga mo lewatleng ka go latelana: (1) Tau,      (2) Bera, (3) Nkwe le (4) Sebatana sa dinaka tse some (Daniele 7:1-7)

 

Daniele o ne a tlhalosediwa gore dibatana tse ke mebuso e tla busang le fatshe (Daniele 7:17). Go tswa mo ditemaneng tsa Baebele re tla bone gore magosi a mane a ke one a neng a supentshiwa kgosi Nebukadinesa wa Babilone mo torong ye a neng a e lora ya setshwantso se se golo sa motho yo a neng a na le dikarolo tsa mefuta ya tshipi e le mene. (1) Tlhogo e le gauta, (2) sehuba le mabogo e le solofera, (3) mpa le dirope e le kgotlho, (4) dinao e le tshipi le letsopa (Daniele 2:1-40).  Magosi a mane a latelelana jaana:

 

(1) Babilone: Daniele fa tlhalosetsa kgosi Nebukadinesa wa Babilone toro o simolotse ka tlhogo, a re “ke wena tlhogo ya gauta” Daniele 2:38. Sebatana sa ntlha mo ponatshegelong ya ga Daniele 7 ke Tau, ka jalo le yone e emetse Babilone.

(2) Bamete le Baperesia: Daniele fa tswelela a re “Morago ga gago go tla tsoga bogosi jo bongwe jo bo botlana mo go wena” Daniele 2:39. E rile ka mmuso wa ga Beleshasa ngwana wa ga Nebukadinesa, moengele fa a tlhalosa ponatshegelo e nngwe e Daniele a neng a e filwe wa phelefu le phoko, a re “Phelefu e o e bonyeng e e dinaka tse pedi, ke dikgosi tsa Bamete le Baperesia” “e kgorometsa ntlheng ya bophirimatsatsi, le ya bokone, le ya borwa, mme go ne go sena ditshidi dipe tse di ka emang fa pele ga yone” Daniele 8: 20,4. Ka jalo Bamete le Baperesia ke mmuso wa bobedi o gape a kaiwang ka sehuba le mabogo a solofera mo torong ya ga Nebukadinesa le ka Bera mo ponatshegelong ya ntlha ya ga Daniele.

 (3) Magerika: Moengele fa a tswelela a re “Phoko e e maodi, ke kgosi ya Gerika” e e neng ya “thula phelefu, ya roba dinaka tsa yone tsoo pedi, mme go ne go sena thata mo phelefung ya go ema fa pele ga yone” “mme lonako lo logolo lo lo fagare ga matlho a yone ke kgosi ya ntlha” Daniele 8:21,7. Kgosi ya ntlha ya Gerika ke Alekesanda yo Mogolo. Erile a sena go swa ba eteledipele ba sesole sa gagwe ba le bane ba kgaogana bogosi ga ne, Baperesia ko botlhabatsatsi, Egepeto ko borwa, Masedona ko bophirimatsatsi le Siria ko bokone fela jaaka porofiso e buile “lonaka lo logolo ra robega; mme mo boemong jwa lone ga tlhoga dinaka di le nne tse di bonalesegang di lebagane le diphefo tse nne tsa legodimo” Daniele 8:8 “bogosi jwa yone bo tlaa thujwa, botla kgaoganyediwa kwa diphefong tse nne tsa legodimo, mme se seng kwa go ba losika lwa ga yone” Daniele 11:4. Bogosi jo ja boraro ja Magerika bo kaiwa gape ka mpa le dirope tsa kgotlho mo torong ya ga Nebukadinesa le ka Nkwe mo ponatshegelong ya ntlha ya ga Daniele. Magosi a mane a a ne a lwantshana mme e ntse e le ba morafe o le mongwefela wa Magerika.

(4) Roma: “Mo go longwe lwa tsone (la dinaka tse nne) ga tswa lonaka lo lo golelang thata kwa ntlheng ya borwa, le ntlheng ya botlhabatsatsi, le ntlheng ya lefatshe le lentlentle” Daniele 8:9. Go tsweng mo nngweng ya dinaka tse nne kgotsa tsa magosi a MaGerika a mane a Bokone, Botlhabatsatsi, Borwa le Bophirimatsatsi ga tswa mmuso wa bone wa lefatshe. Mmuso wa Roma ke one wa bone ka gore o ne wa fenya santlha mmuso wa Masedona wa bophirimatsatsi, mme go tswa fo wa “golelang thata kwa ntlheng ya borwa, le ntlheng ya botlhabatsatsi, le ntlheng ya lefatshe le lentlentle (Judia e e neng e le bontlha jwa mmuso wa Bokone)”. Go raya gore Roma o kaiwa gape ka dinao tsa tshipi mo torong ya ga Nebukadinesa le sebatana sa dinaka tse some mo ponatshegelong ya ntlha ya ga Daniele. Mme gape re itse gore mo ditsong mmuso wa Roma o ne o busa ka magosi a le some:  (1) Alemanni (2)  Anglo-Saxons (3)  Burgundians ( 4) Franks (5)  Heruli  (6) Lombards (7)  Ostrogoths (8) Suevi (9) Vandals (10)  Visigoths. Mo nakong e, tumelo ya Roma e ne e le ya medimo ya disetwa. Re tla bona ko pele gore tumelo ya Roma e ne ya fetoga.

Morago ga go bona sebatana sa dinaka tse some, ponatsegelo ya Danile 7 ya tswelela: “Ka lebelela dinaka, mme bonang, ga tlhoga lonaka lo longwe gare ga tsone, e le lo lonnye, lo di le tharo tsa dinaka tsa pele tsa khumolwa ka metswe fa pele ga lone; mme bonang, mo lonakeng loo ga bo go le matlho a a tshwanang le matlho a motho, le molomo o o buang dilo tse dikgolo…. Ka leba, mme lonaka loo lwa tlhabana le baitshepi, mme lwa ba fenya…. Ka ga dinaka tse some, dikgosi di le some di tlaa tsoga mo bogosing jo; e nngwe e tlaa tsoga morago ga tsone; e tlaa nna e sele mo go tsa pele, mme e tlaa gatela dikgosi di le tharo. E tlaa bua mafoko a a nyatsang Mogodimodimo, e tlaa lapisetsa ruri baitshepi ba Mogodimodimo; e tlaa solofela go fetola metlha le molao; mme ba tlaa tsenngwa mo seatleng sa yone go ba go tla ga feta motlha le metlha le ntlha nngwe ya motlha.”(Daniele 7:8,21,24,25)

Ditso di rebolelela gore mmuso wa lefatshe o o busitseng morago ga go wa ga Roma wa Bophirima ka nwaga wa 475 AD ke phuthego ya Roman Catholic e thusiwa ke dikgosi tsone tsele tse some tsa mmuso wa Roma. Lonaka lo lonnye lo emetse mopapa. Tumelo ya bogosi jwa Roma ya fetogela ko tumelong ya phuthego ya Roma fa mopapa e le ene moeteledi pele wa semowa gape e le ene a tlhomang dikgosi.  Mme gore phuthego ya Roman Catholic e tsepame mo pusong, e ne ya tswanelwa ke go fenya mebuso e le meraro e bong Heruli, Ostrogoths le Vandals tse di neng di gana go busiwa ke phuthego ya Roman Catholic.

 

E la thoko gore mmuso wa lonaka lo lonnye la Daniele 7 o na le mekgwa e latelang:

a) O tlhagoga fa gare ga dinaka tse some (Daniel 7:24)

b) O tlhapatsa Modimo (Daniel 7: 25)

c) O tlhabana le baitshepi (Daniel 7: 25)

d) O busa ka lobaka la “motlha le metlha le ntlha nngwe ya motlha.” (Daniel 7: 25). Ko pele re tla bona gore lobaka lo le tshwana le lobaka la dikgwedi di le 42 tsa mmuso wa sebatana sa Tshenolo 13:5

Mekgwa e yotlhe e ya sebatana sa lonaka lo lonnye e fitlhelwa mo sebataneng sa ntlha sa Tshenolo 13. Se se raya gore ke mmuso o le mongwefela e bong phuthego ya Roman Catholic e e tlhatlogileng gareng ga merafe le dipuo tse difarologanyeng. Mme gore phuthego ya Roman Catholic e nne sone sebatana se, e tshwanetse go nna le mekgwa yotlhe e some e kaiwang ke sebatana se.

Fa re tswelela ka Mokgwa wa #3 wa gore sebatana se se tshwana le nkwe, se na le maroo a bera le molomo wa tau (Tshenolo 13:2). Re bone gore nkwe e e metse mmuso wa Magerika, bera yone Bamete le Baperesia, tau yone Babilone. Jaanong, potso ke gore a tumelo ya phuthego ya Roma e na le dikarolo tsa tumelo ya mmuso wa Babilone , Bameta le Baperesia  le Magerika? Re tla nannkola di se kae fela:

Babilone: Babilone e ne e obamela modingwana wa one e bong Marduk ka letsatsi la Sontaga la ntlha la beke. Mme re bona phuthego ya Roman Catholic le yone e itshepisa Sontaga. Ba kwadile jaana ba re:

“Modimo ka monwana wa gagwe o kwadile ditaolo tsa gagwe di le some a di neela Moshe mo thabeng ya Sinai e le molao wa Ma-Isaraele ….Keresete le ene fa a rera o supile fa ditaolo tse some e le molao wa kgolaganyo e ntšha. Mme Phuthego (ya Roma) yone e fetotse letsatsi la boikhutso…. go tswa ko letsatsi la bosupa go ya ko go la ntlha la beke…Mme ya dira go re Sontaga e nne lone letsatsi le le itshepisiwang” The Catholic Encyclopaedia http://www.newadvent.org/cathen/04153a.htm. (Mokwadi ke e ne a ranoletseng ko Setswaneng)

Bamete le Baperesia: Molao wa Bamete le Baperesia o ne o sa fetolwe. O ne o nnela ruri. Re bona sekao se mo lekwalong la ga Daniele 6:6-17. Darius kgosi ya Bamete le Baperesia o ne a tlhoma Daniele go nna tautona ya bogosi jotlhe jwa Bamete le Baperesia. Se se ne sa tisa lehuha mo baeteledipele ba bangwe. Mme ka jalo ba mo logela leano la go mo tlosa mo maemong a gagwe. Ba ne ba itse ka fa Daniele a rapelang Modimo wa gagwe ka teng. Ka jalo ba tsietsa kgosi Darius go re a dire molao o reng: Mo malatsing a le 30 ga go na go obamelwa ope fa e se kgosi Darius fela e seng jalo o tla latlhelwa mo mongobong wa ditau (Daniele 6:7).

Mme Daniele e rile a sena go utlwa gore molao o dirilwe a tswelela a rapela Modimo mo ntlong ya gagwe jaaka gale ga raro ka letsatsi difensetere di butswe. Mme Darius a utlwa botlhoko fa a sena go lemoga gore o tsieditswe. A leka go batla tsela ya go boloka Daniele mme ga pala ka gore molao wa Bameta- le Baperesia ga o ka ke wa fetolwa. Ka jalo a latlhela Daniele mo mongobong wa ditau. Mme Modimo a tswala melomo ya ditau go re motlhanka wa gagwe a falole. 

Phuthego ya Roman Catholic le yone e dumela gore mopapa ga a kake a dira phoso. Fa a dirile molao ga o ka ke wa fetolwa. (https://en.wikipedia.org/wiki/Papal_infallibility).

Bagerika: Bagerika ba ne ba itsege ka batlhalefi ba selefatshe ba ba tshwanang le bo Plato, Socrates, le Aristotle. Plato o ne a dumela gore mowa wa motho o tshelela ruri le gore fa motho a sule mowa wa gagwe o tswelela o tshela.

Mme re fitlhela tumelo e mo phuthegong ya Roman Catholic, ya gore baitshepi ba phuthego ya bone ga ba swa ba ya legodimong fa basiamolodi ba ya diheleng go tshubiwa ka molelo go phepafadiwa.

Ka jalo re bona phuthego ya Roman Catholic e na le ditumelo tsa Babilone, Bamete le Baperesia le Magerika fela jaaka sebatana sa Tshenolo 13:2 se kaiwa. E tlhakantse tumelo ya medimo ya disetwa le Sekeresete.

Mokgwa wa #4: “mme kgogela ya se naya thata ya yone, le setulo sa yone sa bogosi, le taolo e kgolo” (Tshenolo 13:2).

“kgogela” ke mang? Baebele ya ke: “kgogela e kgolo, noga ya bogologolo” “ yone e e bidiwang Diabolo le Satane, motsietsi wa lefatshe lotlhe(Tshenolo 12: 9). 

Go raya gore Satane ke ene a neetseng phuthego ya Roman Catholic thata le setulo sa yone. Mme Satane o file jang phuthego ya Roma thata ya gagwe le setulo sa gagwe?

Morongwa yo mogolo yo a neng a tlhabantsha bana ba Modimo ke mmuso wa Roma wa tumelo ya medimo ya disetwa. Ka jalo lefa kgogela e kaiwa e le Satane mme gape ke mmuso wa Roma wa medimo ya disetwa.

Satane a dirisa mmuso wa Roma (wa tumelo ya disetwa) o ne a leka go bolaya Jeso fa a tsholwa mme a palelwa “Kgogela ya ema fa pele ga mosadi yo o tlaa tlogang a belega, gore e tle e re a sena go belega, e be e je ngwana wa gagwe.” (Tshenolo 12:4) mme “moengele wa Morena a bonala kwa go Josefe ka toro a re: Tloga o tseye ngwanyana le mmaagwe, o tshabele kwa Egepeto, o bo o nne teng go tle go tsamaye ke go itsise; gonne Herote o tlaa batla ngwanyana go mmolaya.….Foo Herote, o rile a lemoga fa a sotlilwe ke banna ba ba botlhale bao, a gakala thata, mme a roma batho, a bolaya tshimane yotlhe ya Bethelehema, le ya tikologo yotlhe ya teng, go simolola ka ba ba dingwaga pedi le bomonnaa bone” (Mathaio 2:13,16)

Erile Satane a bona go re o paletswe ke go bolaya Jeso a dirisa paeteledi pele ba ma Juta go bogisa Jeso le go mo bapola mo mokgorong. Maikaelelo e le gore Jeso a tle a dirise nonofo ya Gagwe go leka go ipoloka. Ka jalo leano la go boloka setho le tla bo le padile. Mme Jeso Keresete o ne a itetla go bapolwa mo mokgorong go re rekolola mo bokgobeng ja ga Satane. Mme e rile a tsoga mo losong a re: “e bile ke nna Motshedi; ke ne ke sule, mme bonang, ke tshedile ka bosakhutleng; ke tshotse dikopololo tsa loso le tsa   Bobipo.” (Tshenolo 1:18). Satane a be a paletswe gape.

Erile Jeso a sena go tlhatlogela kwa legodimong Satane a tswelela a bogisa phuthego ya Modimo ka mmuso wa Roma (wa medimo ya disetwa) mme a palelwa ke go ba nyeletsa. Ka jalo a tswa ka lenaneo la go tsenelela mo phuthegong ya Modimo. Kgosi ya Roma e bong Constantine a “kolobediwa” mme erile ka ngwaga wa 313 AD, kgosi ya ntsha taolo ya gore Bakeresete se seka ba tlhola ba bogisiwa. Mme kgosi e latelang e bong Theodosius I, a ntsha taolo ya go re bishopo wa motse mogolo Roma e nne moeteledi pele wa babishopo botlhe ba phuthego ya Modimo mme gape tumelo ya phuthego ya Roma e nne tumelo ya bogosi jotlhe. Mme re setse re bone gore tumelo ya Roma e tlhakantse Sekeresete le tumelo ya medimo ya disetwa. Ka jalo bishopo wa phuthego ya Roma a simolola go laola diphuthego tsotlhe tsa Modimo fela jaaka mothanka wa Modimo Paulo a ne a buile a re ke: “monna wa boleo” “yo e leng morwa tatlhego. E bong yo o ikgantshang, a ikgodisa, a tlhabana le gotlhe mo go bidiwang modimo, kgotsa mo go obamelwang; a ba a tle a dule mo tempeleng ya Modimo, a ikaye gore ke ene Modimo.” (2 Bathesolonika 2:3,4)

Ka jalo mmuso wa Roma o o neng o le ka fa tlase ga ga Satane wa neele bishopo ya Roma boeteledi pele jwa bobishopo botlhe. Mme tumelo ya mmuso wa Roma ya fetoga go tswa ko medimong ya disetwa go ya ko Sekeresete se patagane le tumelo ya medimo ya disetwa. Mme e rile ka ngwaga wa 380 AD kgosi ya hudugela ko Constantinople ya tlogela mopapa mo motseng mogolo wa Roma fela jaaka porofiso e buile “mme kgogela ya se naya thata ya yone, le setulo sa yone sa bogosi, le taolo e kgolo Mme erile mmuso wa Roma (wa medimo ya disetwa) o phutlhama, phuthego ya Roman Catholic e eteletswe pele ke mopapa ya busa Roma le lefatshe le go bogisa Bakeresete.

Mokgwa wa #5: “sa newa taolo ya go tswelela pele ka dikgwedi di le 42.” (Tshenolo 13:5)  

Ka gore kgwedi bo Baebeleng e na le malatsi a le 30 (Genesise 7:11,24, 8:3,4), se se raya gore dikgwedi tse di 42 ke malatsi a le 1260. Gape letsatsi mo porofisong le emetse ngwaga (Dipalo 14:34; Esekiel 4:6), go raya gore phuthego ya Roman Catholic e busa dingwaga di le 1260.

Morago ga go phuthama ga puso ya Roma (wa medimo ya disetwa) ka ngwaga wa 476 AD, phuthego ya Roma ya tswelela ka go busa ka mebuso e some. Mme e le meraro e ne ya gana go busiwa ke phuthego ya Roman Catholic e bong, Heruli, Vandals, le Ostrogoths. Ka jalo ga tlhagoga ntwa kgathanong le mebuso e meraro. Wa bofelo go fenngwa ke Ostrogoths ka ngwaga wa 538 AD.

Ka jalo ngwaga wa March 538 AD ke one tshimololo wa mmuso wa phuthego ya Roman Catholic. Mme ngwaga wa befelo wa mmuso wa phuthego ya Roman Catholic ke February 10 1798 fa moeteledi pele wa masole a France e bong Louis Berthier a ne a tsaya mopapa Pius VI e le legolegwa, a mo isa ko France. Mme a ntsha taolo ya gore go se ka ga tlhola go nna le mopapa.

Mme re bona gore go tswa ka March 538 AD go tsena ka February 1798 ke dingwaga di le 1260, kgotsa dikgwedi di le 42 tsa porofiso ya puso ya sebatana, fela jaaka Baebele e kaya mokgwa wa sebatana se.

Potso ke gore phuthego ya Modimo yone e ne e le kae ka “nako e ya lefifi” ya dingwaga di le 1260? Lefoko la Modimo la re: “Mosadi a tshabela kwa nageng kwa o baakanyeditsweng bonno ke Modimo teng, gore ba tle ba mo otlele gone ka malatsi a le 1260” (Tshenolo 12:6)

 

A go bakwe leina la Modimo!! Ka gore e rile Satane a dirisa phuthego ya Roman Catholic go le ka go nyeletsa baitshepi ba Modimo. Rara a ba sireletsa ko “nageng” dingwaga di le 1260 tsone tse mmuso wa phuthego ya Roman Catholic e neng e busa ka tsone. Ko “nageng” go tewa gore phuthego ya Modimo e ne e se ko pele mo ditiragalong tsa lefatshe. Bangwe ne ba sietse ko dithabeng gore ba tle ba obamele ka kgololesego.

 

Tshenolo 12:14 le yone fa e buwa ka sebaka se phuthego ya Modimo e neng e le mo “nageng” ya re: “Mme mosadi a newa diphuka tse pedi tsa ntswi yo motona, gore a fofele kwa nageng, kwa bonnong jwa gagwe, kwa o otlwang teng ka motlha, le metlha, le ntlha e nngwe ya motlha, a itshabisa sefatlhogo sa noga.” Ka mafoko a mangwe dingwaga di le 1260.  E la tlhoko go re puso ya lonaka lo lonnye la Daniele 7:25 le yone e busa ka lobaka “la motlha le metlha le ntlha nngwe ya motlha”. Se se supa gore puso ya “lonaka lo lonnye” le “sebatana” se sa Tshenolo 13 e bong phuthego ya Roman Catholic ke selo se le sengwe fela.

 

Mokgwa wa #6: Se ne sa rengwa mo tlhogong, mme sa fola (13:3). “Ka bona tlhogo nngwe ya sone, e kete e kile ya rengwa ya swa; mme go rengwa ga yone ga loso ga bo go fodile”

Go renwa motlhogong ke go ne fa moeteledi pele wa masole a France e bong Louis Berthier a ne a tsaya mopapa Pius VI e le legolegwa, a mo isa ko France. Mme a ntsha taolo ya gore go se ka ga tlhola go nna le mopapa. Mme Baebele ya se ne sa fola.

E rile ka ngwaga wa 1929, Cardinal Gasparri le Benito Mussolini ba ne ba kanela tumalano ya Lateran Treaty gareng ga lefatshe la Italy le Vatican. Gaspari o ne a emetse mopapa mme Mussolini a emetse Italy. Tumalano e ne e busetsa dithata tsa ga mopapa mo go laoleng Vatican City le phuthego ya Roman Catholic. Ka jalo “go rengwa ga yone ga loso ga bo go fodile; mme lefatshe lotlhe la gakgamalela sebatana se, la se sala morago (13:3).

 Se se rurahatsa gore phuthego ya Roman Catholic e na le mokgwa o wa sebatana wa go rengwa mo tlhagong mme ya fola.

Mokgwa wa #7Se busa lefatshe lotlhe mme se kopantse le bodumedi (13: 3, 7-8). “mme lefatshe lotlhe la gakgamalela sebatana se, la se sala morago;” “; sa newa taolo mo lotsong longwe le longwe, le tšhaba, le puo, le morafe. Mme botlhe ba ba agileng mo lefatsheng ba tlaa se obamela, e bong mongwe le mongwe yo leina la gagwe le se kang la kwalwa mo lokwalong lwa botshelo lwa Kwana,”

Jaaka re bone gore ke nnete phuthego ya Roman Catholic e ne ya busa lefatshe lotlhe morago ga puso ya Roma (ya tumelo ya disetwa).

Mokgwa wa #8: Se tlhapatsa Modimo (13:1, 5-6). “mo ditlhogong tsa sone ga bo go le maina a tlhapatso.”  “Mme sa newa molomo o o buang dilo tse dikgolo le ditlhapatso….Mme sa tswa molomo sa tlhapatsa Modimo, sa tlhapatsa leina la one, le bonno jwa one, e bong bone ba ba ntseng mo legodimong.”

 

Go tlhapatsa Modimo go tewa jang?

 

Bajuta ba ne ba batla go kgoba Jeso ka matlapa ka gore O ne a re Ke Modimo. Mme e le nnete ke Modimo “Nna le Rara re mongwe fela” (Johane 10:30). “Bajuta ba mo fetola ba re: Ga re go kgobotleletse tiro e e molemo, fa e se tlhapatso, le ka ntlha ya gobo o re o le motho, o itira Modimo.”(JOHANE 10:33)

 

A mopapa o itira Modimo?

 

“Ke ngwe ya dithuto tse di tlwaelesegileng tsa phuthego ya Roman Catholic go re mopapa ke moeteledi pele wa phuthego ya ga Keresete. Mme ebile o filwe thata ya go okama bobishopo le baruti mo lefatsheng lotlhe. Mo godimo ga mo, mopapa o iphile maemo a  Modimo. A re ke e ne: Morena Modimo Mopapa. Gape o laotse gore batho botlhe ba mo obamele” (E.G White The Great Controversy, 1884, page 53)

 

Gape re bona fa Jeso a sena go alafa segole A se raya a re dibe tsa gagwe di itshwaretswe mme BaJuta ba re:  “Monna yo o buelang jaana? O a tlhapatsa. E mang yo o ka itshwarelang dibe, fa e se a le mongwe fela, e bong Modimo?”(Mareko 2:7)

 

A mopapa o buwa gore o kgona go itshwarela dibe?

 

“Mmuso wa phuthego ya Roman Catholic o ne wa simolola lobaka la Nako Ya Lefifi. Ha nonofo ya yone e oketsega lefifi le lone la oketsega. Tumela ya hudisiwa go tswa mo go Keresete, ya iswa ko go mopapa. Go na le gore go lebiwe Morwa Modimo go bona poloko le boitshwarelo jwa dibe, batho ba leba ko go mopapa le baruti ba gagwe. Batho ba rutiwa gore mopapa ke e ne mmueledi mme ebile ga go ope yo ka tlang ko Modimong ga e se ka e ne” (E.G White, The Great Controversy, 1884, page 58)

 

Se se raya gore mopapa le phuthego ya Roman Catholic ba tlhapatsa Modimo ka go re ba re mopapa ke Modimo gape o kgona go itshwarela dibe

 

Mokgwa wa #9: “Sa newa go tlhabantsha baitshepi, le go ba fenya”  (13:7).

A phuthego ya Roman Catholic e kile ya bogisa baitshepi ba Modimo?

“Lephata la Inquisition la phuthego ya Roman Catholic le ne la tlhomiwa go bogisa botlhe ba neng ba le kgathanong le dithuto tsa phuthego ya Roman Catholic. Le bolaile batho ba ka nna 50 million mo ngwageng tse di 300” The Other End of the World, p 127, by Roger Rusk, Plantation House, 1988.

 

Bakwadi ba ditso ba rurahatsa gore phuthego ya Roman Catholic e bogisitse baitshepi ba Modimo, ka jalo phuthego ya Roman Catholic e na le mokgwa wa sebatana se.

 

Mokgwa wa #10Se na le palo ya 666 (13:18). “Botlhale ke jo. Yo o nang le tlhaloganyo, a a bale palo ya sebatana; gonne ke palo ya motho: palo ya sone ke 666.”

 

Ka fa temana e e buwang ka teng palo ya 666 ke palo ya motho mme motho yo eteletseng pele phuthego ya Roman Catholic ke mopapa. Ka jalo go ra ya gore palo e e amana le maemo a ga mopapa.

 

Maemo a ga mopapa a semolao mo phuthegong ya Roma ke afe?

 

Re tla leta gore yone phuthego ya Roman Catholic e tlhalose: “Maemo a ga mopapa ke Vicarius Filii Dei.Sacrosancta concilia ad regitionem exacta, by Philippe Labbe, SJ., vol. I, p 1534: Paris, 1671

 

Ba buwa gape bare: “Maemo a ga mopapa ke Vicarius Filii Dei. Se se kwadilwe mo thorong ya gagwe” Our Sunday Visitor, (Catholic Weekly), November 14, 1915, under “Bureau of Information,” p 3.

 

Ka gore Vicarius Filii Dei ke maemo a ga mopapa, re ka bala jang palo ya leina la gagwe kgotsa maemo a gagwe? Pele ga go dirisiwa dithaka tsa dipalo tsa: 0,1,2,3,4,5,6,7,8,9 go ne go dirisiwa: I =1   V or U= 5     X=10     L=50    C=100    D=500

 

Latin e ne e le yone puo e e dirisiwang ka nako ya puso ya Roma, ka jalo re tla dirisa dipalo tse di fagodimo go bala palo ya maemo a ga mopapa ya Vicarius Filii Dei.

 

V=5,    I=1,    C=100,    A=0,    R=0,    I=1,    U=5,    S=0,    F= 0,    I=1,    L=50,    I=1,    I=1,  D=500    E=0,    I=1.

Dipalo tse ga di tlhakanngwa di re fa 666. Se go raya gore palo ya 666 ke palo ya leina la ga mopapa e e leng palo ya “sebatana” sa Tshenolo 13

Go ra ya gore mekgwa yotlhe e some ya “sebatana” sa Tshenolo 13 e fitlhelwa mo phuthegong ya Roman Catholic. Ka jalo se se raya gore phuthego ya Roman Catholic ke “sebatana” sa ntlha sa Tshenolo 13. A go bakwe leina la Morena go re senolela selo se!

 

Sebatana sa bo bedi

“Ka bona sebatana se sengwe se tlhatloga mo lefatsheng; sa bo se na le dinaka di le pedi jaaka kwana” Tshenolo 13:11

Mmuso o wa bobedi ke o fe?

“Ka nako e nonofo ya mmuso wa phuthego ya Roman Catholic o ne o phuthama (Tshenolo 13:3,10), moporofiti o ne a bona mmuso o mosha o tlhatloga o kaiwa ka sebatana sa dinaka tsa  kwana. Tebego ya sebatana se le mokgwa o se tlhatlogang ka gone ga se tshwane le dibatane tse di fitileng. Mebuso e e fitileng e ne e busa ka dintwa le go tlhankgola mebuso e mengwe. E ne e kaiwa ka dibatana tse di bogale tse di bolayang ditshidi tse dingwe, ditlhatloga fa ‘diphefo tse nne tsa legodimo di photsega mo lewatleng le legolo’ Daniele 7:2. Mme sebatana sa dinaka tsa kwana se ‘tlhatloga mo lefatsheng’ Tshenolo 13:11. Se se raya gore ga se a thankgola mmuso o mongwe gore se kgone go busa mme se tlhatloga ka tidimalo mo lefelong le le senang batho ba bantsi. Fana re bona gore sebatana se, se kaiwa e le mmuso wa lefatshe la rona (America). Dinaka tsa kwana di supa bonolo gape di kaya mokgwa wa mmuso wa rona wa Batho ka batho le Mmuso o o sa busiweng ke sedumedi. Bakeresete ba ntlha go tla ko America ba ne ba sia ko mafatsheng a mangwe ba tshaba mmuso wa kgatelelo wa dikgosi le sedumedi. Mme ba ne ba thaya puso ya batho ka batho e e gololesegileng. Motheo o ke one sephiri le nonofo ya rona jaaka mmuso. Diketekete tsa batho di tshabetse ko America mme e godile go nna nngwe ya dichaba tse di nonofileng mo lefatshengE.G. White, The Great Controversy, 1884, page 277

Mme fa re tswelela re bala re utlwa gore mokgwa wa mmuso wa America o ne wa fetoga: “se bua jaaka kgogela, se dira ka taolo yotlhe ya sebatana sa pele….se patelele lefatshe le ba ba agileng mo go lone gore ba obamele sebatana sa pele, se go rengwa ga sone ga loso go ne go fodile …se reye ba ba agileng mo lefatsheng se re, ba direle sebatana setshwantsho, e bong sone se se nang le lebadi la chaka, mme se tshedile” (Tshenolo 13:11,12,14)

Ka fa porofisong e, e tla bua ka lentswe la ga Satane, e tla pateletsa lefatshe lotlhe gore ba obamele phuthego ya Roma. Re tla bona ko pele gore go obamela phuthego ya Roma go tewa eng. Mo godimo ga mo, e tla raya lefatshe gore ba dire setshwantsho sa phuthego ya Roman Catholic.

Setshwantsho sa sebatana

Setshwantsho sa phuthego ya Roman Catholic ke eng?

Ke diphuthego tsotlhe tse di kopantsweng ke dintlha tsa tumelo tse di tshwanang mme gape di rotloetse mmuso go pateletsa batho ditaolo tsa bone le gore mmuso o di tshegetse ka madi. Bontsi jwa diphuthego tse, di setse di kopane ka fa tlase ga lekoko la World Council of Churches (WCC) le le phuthileng makoko a mangwe jaaka Christian World Communion (CWC), National Council of Churches (NCC) le a magwe. Gape ga di duele lekgetho, se se raya gore di tshegeditswe ke mmuso ka madi. Se se setseng fela ke gore mmuso o pateletse batho di taolo tsa WCC, e be e tshwana le phuthego ya Roman Catholic jaaka e ne e bogisa baganetsi mo nakong e e fetileng. Ka mafoko a mangwe, e nna setshwantsho sa phuthego ya Roma. Fela jaaka tumelo ya Roman Catholic e le sedimo se patagane le Sekeresete, tumelo ya phuthego ya setshwantsho (WCC) le yone e dumela mo gore Sontaga o itshephile le gore mowa wa motho o tshelela ruri.

Maloko a CWC gape e le maloko a WCC ke : Roman Catholic Church, Seventh Day Adventist Church, Pentecostal, Baptist, Anglican, Lutheran, Methodist, le tse dingwe. https://www.oikoumene.org/church-families

WCC e tla dira fela jaaka phuthego ya Roman Catholic e ne e dira pele ga e “rengwa mo tlhogong”, e leng go pateletsa botlhe mo lefatsheng go obamela taolo ya yone le go bogisa ba ba sa saleng ditaolo tse morago.

Taolo ya yone ya reng?

“botlhe ba ba sa obameleng setshwantsho sa sebatana ba bolawe. Mme se patelele botlhe, bannye le bagolo, bahumi le bahumanegi, ba e leng bana ba motse le batlhanka, gore ba bewe lotshwao mo seatleng se segolo, kgotsa mo phatleng; le gore go se nne motho ope yo o ka rekang le fa e le go bapatsa, fa e se yo o nang le lotshwao, e bong leina la sebatana, kgotsa palo ya leina la sone.” (Tshenolo 13:16,17)

Amerika e tshwaraganye le phuthego ya Roma le WCC di tla ntsha taolo ya gore mongwe le mongwe a tshwaiwe ka letshwao la phuthego ya Roma mme ba ba ganang ba tlaa bogisiwa.

 

Letshwao la sebatana

Letshwao la sebatana kgotsa lotshwao la phuthego ya Roma ke eng?

Re setse re bonye gore mopapa o tlhapaditse Modimo ka go bua gore o kgona go itshwarela dibe le gore ke e ne Modimo mo lefatsheng, go raya gore sesupo sa gore o na le taolo e kgolo mo lefatsheng ke fa a godisa melao ya gagwe ko godimo ga molao wa Modimo.

Mo go Daniele 7:25 re badile gore mopapa o “tla solofela go fetola metlha le melao” Daniele 7:25. Gape Paulo le e ne a re o tla “a ikgodisa, a tlhabana le gotlhe mo go bidiwang Modimo, kgotsa mo go obamelwang; a ba a tle a dule mo tempeleng ya Modimo, a ikaye gore ke ene Modimo.” 2 Bathesalonika 2:3,4.

Mo molaong wa Modimo molao wa bone wa re: “Gakologelwa letsatsi la Sabata go le itshepisa. O dire o bo o swetse tiro yotlhe ya gago ka malatsi a le marataro; mme letsatsi la bosupa ke Sabata wa ga Jehofa Modimo wa gago; o se ka wa dira tiro epe ka lone, wena, le fa e le morwao, le fa e le morwadio, le fa e le motlhanka wa gago wa monna, le fa e le motlhanka wa gago wa mosadi, le fa e le dikgomo tsa gago, le fa e le moeng wa gago yo o mo teng ga dikgoro tsa gago. Gonne Jehofa o dirile legodimo le lefatshe le lewatle le tsotlhe tse di mo go lone ka malatsi a le marataro, mme a ikhutsa ka letsatsi la bosupa; ke gone ka moo Jehofa o ne a segofatsa letsatsi la Sabata, a le itshepisa.” Ekesodo 20:8 -11

Molao o, o na le dintlha di le tharo tse di supang gore ke sekano sa Modimo. O supa gore (1) Mokwadi wa molao ke Jehofa Modimo. (2)  Maemo a gagwe ke Motlhodi. (3) Kgaolo ya gagwe ke legodimo le lefatshe le lewatle.

Ka jalo gore phuthego ya Roma e ikgodise ko godimo ga molao wa Modimo, e tshwanetse ya nna le molao wa sabata yo o iteretsweng. Phuthego ya Roma ya re:

“Modimo ka monwana wa gagwe o kwadile ditaolo tsa gagwe di le some a di neela Moshe mo thabeng ya Sinai e le molao wa Ma-Isaraele ….Keresete le ene fa a rera o supile fa ditaolo tse some e le molao wa kgolaganyo e ntšha. Mme Phuthego (ya Roma) yone e fetotse letsatsi la boikhutso…. go tswa ko letsatsi la bosupa go ya ko go la ntlha la beke…Mme ya dira go re Sontaga e nne lone letsatsi le le itshepisiwang” The Catholic Encyclopaedia http://www.newadvent.org/cathen/04153a.htm. (Mokwadi ke e ne a ranoletseng ko Setswaneng)

“Ke nnete phuthego ya Catholic ke yone e fetotseng…..go fetola mo ke sesupo kgotsa letshwao la matla le taolo mo dilong tsa tumelo” Letter from H.F Thomas, Chancellor of Cardinal Gibbons

Go tswa mo mekwalong e fa godimo le emengwe phuthego ya Roma e ikgantsha gore ke yone e fetotseng molao wa Modimo wa bone. Ka go rialo ba iteretse sabata wa bone.

Go “tshwaiwa mo phatleng kgotsa mo seatleng” go tewa jang?

Ka gore letshwao la phuthego ya Roman Catholic re bone gore go tlewa go itshepisa letsatsi la Sontaga, se se ra ya gore ga se go tshwaiwa mo go tla bonalang mo phatleng kgotsa mo seatleng.  Go “tshwaiwa mo phatleng” ke fa o dumela ka pelo le tlhaloganyo ya gago yotlhe gore mopapa o na le thata ya go fetola Sabata wa Modimo go tswa ko go Sateretaga go ya ko go Sontaga. Mo godimo ga mo, fa mmuso o tlama gore go nne le bosupi ja gore o itshepisa Sontaga, o dira jalo ka pelo le tlhaloganyo ya gago yotlhe. Go “tshwaiwa mo seatleng” kefa o sa dumele gore mopapa o na le thata ya go fetola letsatsi la kobamo mme o bo o itshepisa Sontaga fela gore o kgone go bereka gore o itshetse le go tshaba dikatlholo tsa mmuso mapapi le go tlhoka go itshepisa Sontaga.

Jaaka re bone diphuthego di kopane go bopa phuthego e le nngwe fela ya WCC kgotsa Babilone. Lefoko Babilone le tswa mo go “babela” fa Modimo a ne a tlhakatlhakanya dipuo (Genesis 11:9). Diphuthego tse di bopang Babilone kgotsa setshwantso sa sebatana di na le dithuto tse di ganetsanang gape di le maaka. Se se diragatsa porofiso ya ga Isaia 4:1  e e reng:

 “E tlaa re mo letsatsing leo basadi ba supa ba tlaa tshwara monna a le mongwe fela, ba re: Re tlaa ja senkgwe sa rona, re tlaa apara diaparo tsa rona, mme a re ke re bidiwe ka leina la gago fela go tlosa kgobo ya rona.” Isaia 4:1

Palo ya bosupa e emetse botlalo kgotsa bojotlhe. Mosadi o emetse phuthego (2 Bakorinta 11:2) go raya gore monna yo basadi ba supa ba batlang go bidiwa ka ene ke Keresete. Senkgwe se emetse lefoko la Modimo (Johane 6:51, 63) Seaparo se se maswe se emetse tshiamololo, se se siameng se emetse tshiamo (Sekaria 3:3,4)

Jaanong fa re ntsha matshwao a, temana e ya ga Isaia 4:1 e balega jaana: “E tlaa re mo letsatsing le o diphuthego tsotlhe di tlaa raya Jeso Keresete, di re: Re tlaa ruta dithuto tse e leng tsa rona, re tlaa nna le tshiamo e e leng ya rona, mme a re ke re bidiwe ka leina la gago fela go tlosa kgobo ya rona”

Letsatsi le go boiwang ka lone mo porofisong e, ke nako ya metlha ya bofelo e releng mo yone gompieno. Se se raya go re diphuthego tsotlhe tsa gompieno di eteletswe pele ke Satane e seng Keresete. Ke sone se di fetogileng go nna boago ja mewa e maswe mme ka jalo di mo seemong sa go amogela dipetso tsa Modimo. Ke sone se Modimo a bitsang batho ba gagwe go tswa mo diphuthegong tse pele ga dipetso di goroga, a re “Tswang mo go ene lona batho bame, gore lo setlhakanne nae dibe tsa gagwe le gore lo se amogele dipetso tsa gagwe. Gonne dibe tsa gagwe di fitlhile kwa legodimong mme Modimo o gakologetswe maikepo a gagwe” Tshenolo 18:4,5

Kgololo mo go Mmoloki Jeso Kereste

Jeso Keresete fa a bolela ka thomo ya gagwe mo lefatsheng a re: “Mowa wa Morena o mo go nna, gonne o ntloleditse …go rerela bagolegwi kgololo, le ….go golola ba ba teketilweng” Luke 4:18. Ka jalo a go bakwe leina la Morena ka o re file tsela e re ka gololwang ka teng go tswa mo botshwarong jwa Babilone! Fa re amogela Jeso jaaka Mmoloki re be re ipolela dibe tsa rona o re solofeditse go re itshwarela, a re “Fa re ipolela dibe tsa rona, one o boikanyo le tshiamo ya go re itshwarela dibe tsa rona” (1 Johane 1:9). Gape o re solofeditse go re fa nonofo ya go fenya sebe, a re “Mme botlhe ba ba mo amogetseng o ba naya nonofo ya go nna bana ba Modimo” Johane 1:12 Amen.

Andrei Lesiapeto

24/06/2021

Updated 03/09/2023