Dikgato tsa go ya ko go Keresete
Ellen G. White, 1892
Kgaolo 1 : Lorato le Modimo a ratileng motho ka lone
Tlholego e supa lorato la Modimo. Rara wa rona ko legodimong ke e ne motswedi wa botshelo, botlhale le boitumelo. Bona bontle le kgakgamatso ya dilo tsa tlholego. Akanya ka fa di dirilweng ka teng gore di thuse motho le ditshidi tsotlhe. Letsasi le pula tse di itumedisang e be di kolobetsa le go ntlafatsa lefatshe, dithaba le mawatle tsotlhe di bua le rona ka lorato la Motlhodi. Ke Modimo yo a fang ditshedi tsa gagwe dilo tse di di tlhokang. Ka mafoko a mantle a mopesalema a re: “Matlho a dilo tsotlhe a lebeletse wena; mme o tle o di fe dijo tsa tsone mo metlheng e e lebanyeng. O huporolola seatla sa gago, o kgorise keletso ya ditshidi tsotlhe fela.” (Pesalema 145:16)
Modimo o dirile motho a le boitshepo a tletse boitumelo le lefatshe le le ntle le le senang mo go bolang kgotsa mo go hutsegileng. Ke go tlola molao wa Modimo–molao wa lorato—se se tisitseng buhutsana le loso. Mme le fa gare ga kutlo botlhoko e e bakilweng ke boleo, lorato la Modimo le a bonala. Go kwadilwe go re Modimo o hutsitse mmu ka ntlha ya motho (Genesise 3:17).Mmitlwa le mofero—mathata le diteko tse di dirang botshelo ja gagwe bokete—di diretswe gore di nne mosola mo go ene e le bontlha bongwe jo bo tlhokegang ja lenaneo la Modimo go mo tsholetsa go tswa mo tshenyegong e boleo bo e dirileng. Lefatshe le fa le ole, ga se khutsafalo le kutlo botlhoko fela. Mo tlholegong ka bo yone go na le melaetsa ya tsholofelo le kgomotso. Go na le dithunya mo godimo ga mofero le mmitlwa o khurumeditswe ke dithunya.
Go kwadilwe “Modimo o lorato” fa godimo ga bojang bongwe le bongwe jo bo tlhogang. Dinonyane tse di ntle di dira molodi o montle ka dipina tsa tsone tsa boitumelo. Dithunya tse dintle di nkgisa phefo monate. Ditlhare tse di tona di anamisa dikala tsa tsone tse di tala —tsotlhe di supa lorato la Modimo le ka fa a batlang go itumedisa bana ba gagwe ka teng.
Lefoko la Modimo le senola mokgwa wa Gagwe. Modimo ka sebele o boletse lorato la gagwe le le sakhutleng le boutlwelo botlhoko. Erile Moshe a rapela gore “mpontshe kgalelo ya Gago,” Morena a araba a re, “Molemo wa me otlhe ke tla o fetisa fa pele ga gago” Ekesodo 33:18,19. E ke kgalalelo ya Gagwe. Jehofa a feta fa pele ga ga Moshe, mme a bua a re “Jehofa, Jehofa, Modimo o o tletseng bopelotlhomogi, o o tsalano, o o bonya go galefa, le o o letlotlo la boutlwelo botlhoko le boamaruri, o o bolokelang ba ba makgolokgolo boutlwelo botlhoko, o o itshwarelang tshiamololo, le tlolo le boleo” Ekesodo 34:6,7 O “bonya go galefa, gape o tletse boutlwelo botlhoko jo bo golo” “ka gore o rata boitshwarelo” Jona 4:2; Mika 7:18
Modimo o bofeletse dipelo tsa rona mo go Ene ka dimpho tse di senang palo tsa legodimo le lefatshe. Ka dilo tsa tlholego le ka dilo tse di mo lefatsheng tse di tshwaraganyang dipelo tsa motho. Le fa gontse jalo dilo tse di supa lorato la Modimo mo go sa felelang. Le fa bosupi jo bo filwe, mmaba wa nnete o fuofaditse batho ditlhaloganyo go re ba lebelele Modimo ka poifo. Ba mo akanyetsa gore o setlhogo e bile ga a na boitshwarelo. Satane o rotloetsa batho gore ba bone Modimo a emetse fela go ba otlhaya ka bogale. O tshwantsha Modimo e le yo ba lebeletseng ka leitlho le le sa siamang go bona diphoso tsa bone gore a tise dipetso mo go bone. Go tlosa leru le le ntsho le, Jeso a tla go tshela fa gare ga batho gore a senolela lefatshe lorato la Modimo le le sa feleng.
Morwa wa Modimo a tswa kwa legodimong go tla go senola Rara. “Ga go motho ope yoo kileng a bona Modimo ka motlha ope; fa e se Morwa yo a tsetsweng a le esi, yo a leng mo sehubeng sa ga Rara, ke Ene a mo boletseng” Johane 1:18 “Le gone ga go ope yo itseng Rara, fa e se Morwa, le mongwe le mongwe yo Morwa a ratang go mo mo senolela” Mathaio 11:2. Fa mongwe wa barutwana ba dira kopo ya gore “Re bontshe Rara” Jeso a fetola a re “A ke gore ke ntse le lona lobaka lo lo kanakana, ga o ise o nkitse, Filipo? Yo o mponyeng o bone Rara; o bua jang wa re ‘Re bontshe Rara’” Johane 14:8,9
Fa a tlhalosa thomo ya Gagwe mo lefatsheng, Jeso a re, Morena “O ntloditse go rerela bahumanegi mafoko a molemo; O nthumile go fodisa ba ba pelo di phatlogileng, go rerela bagolegwi kgololo, le go fuofulola ba ba fuofetseng, go golola ba ba teketilweng” Luke 4:18 Ye e ne e le yone tiro ya Gagwe. O ne a tsamaya a dira molemo a fodisa botlhe ba ba gateletsweng ke Satane. Go ne go na le metse e a neng a fitile ka yone e go ne go sena motho yo o lwalang teng ka gore o ne a fodisitse malwetse a bone otlhe.Tiro ya Gagwe e ne e supafala fa e tloditswe ke Mowa O Boitshepo. Lorato, boutlwelo botlhoko,le bopelotlhomogi di ne di bonala mo tirong ngwe le ngwe ya botshelo ja Gagwe. Pelo ya Gagwe e ne e na le boutlwelo botlhoko mo bathong. O ne a tsaya tshwano ya motho gore a tle a kgona go fitlhelela ko letlhokong la motho. Ba ba humanegileng ba ne ba sa tshabe go tla kogo Ene. Le bana tota ba ne ba tla kwa go Ene. Ba ne ba rata go nna mo diropeng tsa Gagwe ba leba sefatlhego sa Gagwe se se tetseng lorato.
Jeso o ne sa fitlhe mafoko ape a nnete, mme O ne aa bua ka lorato. O ne a itse go tlhopha mafoko a le keletlhoko gape a le maitseo fa a bua le batho. O ne sa bua mafoko a bogale fa go sa tlhokafale a seke a utlwisa motho botlhoko. O ne a sa kgobe motho ka ntlha ya bokowa ja gagwe. O ne a kgalemela boitimokanye le go tlhoka tumelo le boleo mme dikeledi di ne di le mo matlhong a gagwe fa a bua mafoko a. O ne lelela Jerusalema motse yo a neng a o rata o o neng o gana go mo amogela, Ene tsela, boammaruri le botshelo. Ba ne ba ganne Ene Mmoloki, mme o ne a ba tlhomogela pelo. Botshelo ja Gagwe e ne e le botshelo jwa go itima bonna mme a le keletlhoko ka letlhoko la ba bangwe. Mowa mongwe le mongwe o ne o le tlhotlhwa mo matlhong a Gagwe. Le fa a ne a itshwara ka maitseo a selegodimo, o ne a tlhompha mongwe le mongwe wa bana ba Modimo. Mo bathong botlhe o ne a bona mewa e oleng e a tshwanetseng ke go e boloka.
E ke one mokgwa o Kereste a o senotseng mo botshelong jwa Gagwe. O ke mokgwa Modimo. Ke go tswa mo pelong ya ga Rara e metswedi ya kutlwelo botlhoko ya legodimo e supiwang ke Keresete, e tshologela ko bathong. Jeso yo o bonolo a le buotlwelo botlhoko, e ne e le Modimo a “bonadiwa mo nameng” 1 Timotheo 3:16
Go re rekolola Jeso o ne a tshela, a boga, a swa. O ne a nna “Monna wa mahutsana” gore re nne baabedwi ba boitumelo jo bosakutleng. Modimo o ne a leta Mowae yo rategang, a tletse tshegofatso le nnete, go tswa ko lefelong la kgalalelo e e boitshegang, go tla mo lefatsheng le le amilweng ke boleo, e bile le ntshofaditswe ke moriti wa loso le phutso. Modimo o ne a leta gore A tswe mo sehubeng sa lorato lwa Gagwe, le go obamelwa ke baengele gore a tle go boga mo go tlhabisang ditlhong, a tlhapadiwe, a ikokobetse, a tlhoiwe a be a swe, “petso e e re fileng kagiso e ne e le mo go Ene” Isaia 53:5. Mmone jaaka a le mo sekakeng, a le mo Gethesemane, a le mo mokgorong! Morwa Modimo yo a senang selabe a rwala morwalo wa maleo. Yo a neng a le mongwe fela le Modimo, a utlwa botlhoko fa mowa wa Gagwe o kgaogana le Modimo ka ntlha ya maleo a a neng a rwele. Kgaogano e ya dira gore a kue a re “Modimo wa me, Modimo wa me, o ntatlhetseng” Mathaeo 27:26. E ne e le morwalo wa boleo, bogolo jwa one le ka fa o kgaoganyang mowa le Modimo ka teng, se ke sone se phatotseng pelo ya Morwa Modimo.
Mme setlhabelo se segolo se, se ne se sa direlwe gore Rara a nne le lorato mo mothong. Nnyaa, nnyaa! “Modimo o ratile lefatshe mo go kalokalo, wa ntsha Morwa one yo a tsetsweng a le esi” Johane 3:16. Rara o wa re rata, e seng ka ntlha ya setlhabelo se se golo, mme O ntshitse setlhabelo ka gore O wa re rata. Keresete e le e le tsela e Modimo a neng a tshela lorato lwa Gagwe le le sa feleng mo lefatsheng ka teng. “Modimo o ne a le mo go Keresete, O itetlanya le lefatshe” 2 Bakorinthe 5:19. Modimo o ne a boga le Morwa wa One. Mo botlhokong jwa Gethesemane, le loso lwa Kalefari, pelo ya Modimo e ne ya duela tlhotlhwa ya thekololo ya rona.
Jeso a re “Ke gone mo Rara o nthatang ka teng ka gore ke baya botshelo jwa me go re ke be ke bo tshole gape” Johane 10:17. Ke gore “Rara o lo ratile thata a bo a nthata le go feta ka gore ke ntshitse botshelo jwa me go le rekolola. Ka go nna Moemedi ka go ineela botshelo jwa Me, ka go tsaya maleo a lona, a falo ke botlhokwa mo go Rara; ka gore ka setlhabelo sa Me , Modimo a ka nna tshiamo, mme gape a kgone go nna Mosiamisi wa moleofi yo dumelang mo go Jeso”
Ga go ope gape ga e se Morwa Modimo yo a neng a ka re rekolola; ka gore ke fela Yo a neng a le mo sehubeng sa ga Rara Yo a ka Mo senolang. Ke fela Yo a itseng boteng le bogodimo jwa lorato lwa Modimo Yo a ko lo senolang. Ke fela setlhabelo se se sa khutleng se se dirilweng mo boemong jwa motho yo o oleng se se ka supang lorato lwa ga Rara. “Modimo o ratile lefatshe mo go kalokalo, wa ntsha Morwa one yo a tsetsweng a le esi” Johane 3:16. O Mo file losika lwa motho e seng fela go tshela fa gareng ga bone, go rwala maleo a bone le go swela dibe tsa bone. O Mo file losika lwa motho lo lo oleng..Keresete o ne a tsile go itshwaraganya le letlhoko la setho. Yo a leng mongwe fela le Modimo o itshwaragantse le bana ba batho ka di thapo tse di sekang di kgaoga. Jeso “ga a tlhajwe ke ditlhong go ba bitsa bakaulengwe” Bahebera 2:11. Ke Setlhabelo sa rona, Mmueledi wa rona, Mokaulengwe wa rona, a tsotse tlholego ya rona ya setho fa pele ga setulo sa bogosi sa ga Rara le ka bosakutleng a le mongwe fela le losika le a le rekolotseng—Morwa motho. Gotlhe mo gore motho a tle a tsholetsege go tswa mo tshenyegong ya boleo mme a tle a senole lorato la Modimo le go nna le kabelano mo boitumelong jwa go nna boitshepo.
Tlhotlhwa e e duetsweng go re rekolola, setlhabelo se se sakhutleng se Rara a re se fileng gore Morwa wa Gagwe a re swele,se tshwanetsa sa re fa megopolo e kwa godimo ya gore re ka nna e eng ka Keresete. E rile Johane a bona boteng, bophara le bogodimo jwa lorato lwa ga Rara mo go rona, o ne a tlala boikobo; mme a re “Bonang ka fa lorato lo ntseng ka teng, lo Rara a re ratileng ka lone, gore e bo re bidiwa bana ba Modimo ” 1 Johane 3:1. A tlhotlhwa a kgolo e e pegiwang motho! Ka tlolo molao losika lwa motho le nna lekgoba la ga Satane. Ka tumelo mo tetlanyong ya setlhabelo sa ga Keresete losika lwa ga Adamo lo nna bana ba Modimo.
Lorato lo lo ntseng jaana ga le na bolekano. Bana ba kgosi ya Legodimo! Ditsholofetso tse di tlhotlhwa kgolo! Lorato lwa Modimo le le sa feleng la a ratileneg lefatshe ka lone mme lefatshe lone le sa mo rate. Dikakanyo tse di na le nonofo e e nolofatsang mowa ya motho mme di tlisa tlhaloganyo ka fa tlase ga taolo ya thato ya Modimo. Fa go ithuta mokgwa wa semodimo ka fa tlase ga lesedi la mokgoro go oketsega, re tla bona go oketsega ga boitshwarelo le kutlwelo botlhoko di kopana le tshiamo le tekatekano, le go oketsega ga go lemoga ditshupo tse dintsi tsa lorato le le senang bolekanyetso le kutlwelo botlhoko e e fetang ya mmagwe ngwana go ya ko ngwaneng yo a sa utlwing.
Kgaolo 2:
Go tlhoka Keresete ga moleofi
Motho ko
tshimologong o ne a filwe di nonofo tse di tlotlegang le tlhaloganyo e e
lekalekaneng sentle. O ne a le phepa mo moweng gape a dumalana mo go sengwe le
sengwe le Modimo. Dikakanyo tsa gagwe di ne di itshekile, maikaelo a gagwe a ne
a itshekile. Mme ka ntlha ya go tlhoka kutlo dinonofo tsa gagwe tsa sokama mme
bopelotshetlha ja tsaya setilo sa lorato mo pelong. Popego ya gagwe ya tlholego e ne ya koafala ka ntlha ya tlolo
molao mo e leng gore go ne go sa kgonagale gore ka nonofo ya gagwe o ka
lwantsha nonofo ya bosula. O ne a dirwa legolegwa ke Satane, mme o ka ne a
nnetse ruri jalo fa Modimo a ne a sa tshereganya. E ne e le maikaelelo a yo
busula go kgoreletsa lenaneo la bomodimo la go tlhola motho ka go tlatsa
lefatshe ka bohutsana le tshenyego. Mme a bo a supa fa bosula jo bo bakilwe ke
Modimo ka go tlhola motho.
Mo seemong
sa motho fa a santse a sena boleo, motho o ne a na le kgolagano ya boitumelo le
Ene “yo lohumo lotlhe lwa botlhale le lwa kitso lo fitlhilweng mo go Ene”
Bakolosa 2:3. Mme e rile morago ga a sena go leofa, a bo sa tlhole a kgona go
bona boitumelo mo boitshepong, mme a bo a batla go iphitlhela Modimo. Se e
santse e le sone seemo sa pelo e e sa shafatswang. Ga e dumalane le Modimo, gape
ga e bone boitumelo mo kgolaganong le Modimo. Moleofi o ne a sa kake a itumela
fa Modimo a leng teng; o ne a ka ikgogona mo bokopanong jwa dibopiwa tse di
boitshepo.Fa a ne a ka letlelelwa go tsena ko legodimong, go ne go ka seke go
nne le boitumelo mo go ene. Mowa wa go tlhoka bopelotshetlha o o renang teng,
pelo nngwe le nngwe e tsibogela pelo ya Modimo o o lorato, go ne go ka seke go
nne nnete le karabo go tswa mo pelong ya gagwe. Dikakanyo tsa gagwe,
dikgatlhego tsa gagagwe, maikaelelo a gagwe a, gotlhe go ne go tla bo go le
kgatlhanong le banni ba ba seng boleo ba lefelo le o. O ne a ka nna jaaka pina
e e duleng mo tseleng mo dipineng tsa legodimo. Legodimo mo e ne e ka nna
lefelo la pogiso; o ne a ka eletsa go iphitlha mo go Ene yo e leng Lesedi la
legodimo le bogare jwa boitumelo ja banni ba legodimo. Ga se ka gore Modimo o
dirisisa molao wa dikgoka go kgaphela ntle baikepi, ke gore ba kgaphetswe ntle
ke go tlhoka go itekanela ga bone go ka nna le botsalano le baagi ba legodimo.
Kgalelo ya Modimo mo go bone e ka nna molelo o o ganyaolang. Ba ka itlhophela
go senngwa, gore ba tle ba sirelesege mo go Ene yo suleng go ba rekolola.
Ga go
kgonege gore ka borona re ka falola go tswa mo moleting wa sebe. Dipelo tsa
rona di bosula mme ga re kake ra di fetola. “E mang yo ka ntshang selo se se
nntle mo go se se seng se ntle?” Jobe 14:4 “Ka maikutlo a nama e le go nna bobaba
le Modimo; go nne ga a laolwe ke molao wa Modimo, le gone go bo go sa kake ga
nna jalo ” Baroma 8:7. Thutego, setso, go dirisa thato, maiteko a setho,
tsotlhe di na le fa di ka dirisiwang teng, mme fana ga di na nonofo. Di ka
siamisa maitseo a motho ka fa ntle, mme ga di kake tsa fetola pelo; ga di kake
tsa ntlafatsa metswedi wa botshelo. Go tshwanetse ga nna nonofo e e berekang go
tswa mo teng, botshelo jo bo ntsha go tswa ko godimo, pele ga motho a fetlolwa
go tswa mo boleong go ya ko boitshepong. Nonofo e ke Keresete. Tshegofatso ya
Gagwe ka esi ke yone e ka hehosang mowa wa motho o o senang botshelo, mme wa o
gogelwa ko Modimong, ko boitshepong.
Mmoloki a re “Ko ntle ga gore motho a tsalwe go tswa kwa
godimo,” ko ntle ga gore a amogele pelo e ntsha, dikeletso tse disha,
maikaelelo a masha, tse di gogelang ko botshelong jo bosha, “ga a kake a bona
bogosi ja legodimo” Johane 3:3. Kakanyo ya gore se se tlhokegang fela ke gore
motho a godise se se molemo se motho a tlholegang ka sone ke tsietso e e borai.
“Jaana yo e leng motho wa tlholego, ga a amogele dilo tsa Mowa wa Modimo; gonne
ke dinyana mo go ene; mme ga a kake a di itse, ka di sekasekwa ka fa mokgweng
wa semowa.” “O se gakgamale gobo ke go re reile kare o na le go tsalwa sesha” 1
Bakorintha 2: 14; Johane 3:7. Ka Keresete go kwadile go twe, “Mo go Ene go ne
go le botshelo; e ne e le lone lesedi la batho” “le gone ga go na leina le sele
ka fa tlase ga legodimo, le batho ba le neilweng, le re nang le go bolokwa mo
go lone” Johane 1:14; Ditiro 4:12.
Ga go a
lekana go lemoga lorato, bopelontle le bonolo ja Modimo. Ga go a lekana go
lemoga botlhale le tshiamiso ya molao wa gagwe, go bona gore o itshetletse mo
ditsetlaneng tsa lorato le le sa feleng. Paulo o bone tse tsotlhe fa a bua a re
“Ke dumalana le molao gore o siame” “molao o boitshepo le taolo e tshiamo, e
molemo” Mme a tlatsa ka gore “mme nna ke wa senama, ke rekisitswe mo thatong ya
boleo” Baroma 7:16, 12, 14. O ne a
eletsa bophepa le tshiamo tse a neng a
sena nonofo ya go di bona, mme a lela a re “A motho wa mogolo nna! E mang yo
tla nkgololang mo mmeleng wa loso lo?” Baroma 7:24 Se ke selelo sa dipelo tse
di imelwang mo lefatsheng lotlhe le ka metlha yotlhe. Mo go botlhe karabo e
nngwefela, “Bonang Kwana ya Modimo, e tlosang maleo a lefatshe” Johane 1:29
Dikai di
dintsi tse Mowa wa Modimo o batlang go tlhalosa nnete e, le go dira gore go nne
motlhofo mo meweng e e batlang kgololo mo boketeng jwa molato. E rile morago ga
boleo jwa ga gagwe, ja go tsietsa Esau, Jakobe o ne a sia a tswa mo legaeng la
ga rragwe, mme a imelwa ke molato wa boleo. Mme ka o ne a le esi e bile go
lebega a kgaphetswe ntle, a kgaogane le gotlhe mo go neng go dira botshelo
botlhokwa, se se neng se mo tshwenya
bogolo ga dilo tsotlhe, ke letshogo la gore sebe sa gagwe se mo kgaogantse le Modimo, le gore Legodimo le mo tlogetse.
Ka kutlobothoko a robala fa fatshe mo sebateng a sa ala sepe, a dikaganyeditswe
ke dithaba le loapi ko godimo ka dinaledi tse di phatsimang. Fa a ntse a
robetse, lesedi le le sa tlwaelesegang la bonala mo ponatshegelong, mme a bona
sepalomo se tlhomilwe fa fatshe mme se lebega bofelong jwa sone bo fitlha kwa
dikgorong tsa legodimo, mme go sone baegele ba Modimo ba palama ebile ba fologa
ka sone; mme go tswa ko kgalalelong ya legodimo a utlwa lentswe le bua molaetsa
wa kgomotso le tsholofetso. Ka jalo Jakobe a senolelwa Mmoloki, ka gore se e ne
e le lone letlhoko la mowa wa gagwe. Ka boitumelo le pelo e tetseng malebogo a
bona tsela e ene moleofi a busetswang mo kgolaganong le Modimo ka yone.
Sepalomo sa toro ya gagwe se emetse Keresete,
yo e leng yone tsela e nngwe fela e kgolagano e ka kgonagalang fa gare
ga Modimo le motho
Se ke sone
sekai se Keresete a neng a bua ka ga sone fa a tsere re dikgang le Nathaniele,
fa a mo raya a re, “O tla bona legodimo le bulegile, le baengele ba Modimo ba
pala ebile ba fologa fa godimo ga Morwa motho” Johane 1:51. Mo tsuololong,
motho o ne a one a ikgaoganya le Modimo;
lefatshe le ne la kgaogana le legodimo. Mo phatlheng e tlhomilweng e go senang
bogato fa gare ga lefatshe le legodimo go ne go sena kgolagano. Mme ka
Keresete, lefatshe le legodimo di kopantswe gape. Ka boleng jwa Gagwe, Keresete
o kopantse phatlha e sebe e neng e idirile, go re jaanong go kgonegale gore
baegele ba ka lomagana le motho.
Keresete o kopanya motho yo oleng a le bokowa a sa kgone go ithusa ka
sepe le Motswedi wa nonofo e sa feleng.
Mme ditoro tsa motho tsa tswelelopele ke lefela tsa go tsholetsega ga
setho, fa ba itlhokomolosa Motswedi o mo ngwefele o ka thusang tšhaba e e
oleng. “Mpho nngwe le nngwe e molemo le e phepa” e tswa kwa Modimong Jakobe
1:17 Ga go kake ga nna popego e phepa ko ntle ga Gagwe. Mme tsela e nngwe fela
go ya ko Modimong ke Keresete. A re, “Ke nna tsela, boammaruri, le botshelo: ga
go na motho ope yo o tlang ko go Rara fa e se ka Nna” Johane 14:6
Pelo ya Modimo e rata bana ba Gagwe ba lefatshe ka lorato lo lo go gaisang
nonofo ya loso. Mo go ntsheng Morwae, O ne re tshelela legodimo lotlhe ka mpho
e nngwe fela. Botshelo, loso le tetlanyo ya Mmoloki, bodiredi jwa baegele, go
re kopela ga Mowa, Rara a dira ko godimo le ka botlhe, go re kgatlhegela mo go
sa feleng ga banni ba legodimo, tsotlhe
tse, di diretswe go tlisa poloko ko mothong
Ao! A ko re tlhatlhanye ka setlhabelo se se makatsang se re se
diretsweng! A ko re leke go tlhaloganya matla a Legodimo lea dirisang go
busetsa ba ba latlhegileng ko ntlong ya ga Rara. Ga gona thotloetso e e fetang
e, e ka dirisiwang; dipoelo tse dikgolo
tsa go dira molemo, go akola boitumelo ja legodimo, go nna le baengele, go
lomagana le lorato lwa Modimo le Morwae, go tsholediwa le go oketswa ga
dinonofo tsa rona ka bosakhutleng, a ga se dikgothatso tse dikgolo gore rotloetsa go neela pelo ya rona go direla ka
lorato Motlhodi le Mmoloki wa rona?
Mme ka fa letlhakoring le lengwe, katlholo ya Modimo e e bolelwang
kgatlhanong le boleo, kotlhao e e leng phelelo ya boleo, go wela tlase ga
dipopego tsa rona, le go senngwa ga rona ko bofelong, tse tsotlhe di supiwa mo
lefokong la Modimo go re tlhagisa ka bodiphatsa ja go direla Satane.
A ga re tsibogele buotlwelo bothoko ja Modimo? Tota o ne a ka dirang gape
se se hetang se a se dirileng? A re nneng mo seemong se se siameng le Ene yo a
re ratileng ka lorato le le makatsang. A re amogeleng di tšhono tse re di
neilweng gore re tle re fetogele mo tshwanong ya Gagwe, re bo re busetswe mo
botsalanong le baegele ba ba re direlang, le go nna le kagiso le kgolagano le
Rara le Morwa.
Kgaolo 3: Boikotlhao
Moleofi o ka nna le tshiamo jang ha pele ga Modimo? Re ka nna le kutlwano le Modimo fela ka Keresete yo a re itshepisang; mme re tla jang ko go Keresete? Bontsi bo botsa potso e tshwanang ya batho ba letsatsi la Pentakost, jaaka ha be ne ba tlhabegile mo pelong, ba bona gore ba leofile, mme ba goa ba re, “Re direng eng?” Lefoko la ntlha la karabo ya ga Petere, ke “Ikwatlhayeng” Ditiro 2:37,38. Ka lobaka lo longwe, moragoyana a ba raya a re, “Ikwatlhayeng, ….lo sokologe, gore dibe tsa lona di phimolwe” Ditiro 3:19.
Boikotlhao bo akaretsa go hutsafalela boleo le go bo tlogela. Ga re kake ra tlogela boleo ko ntle ga go re, re bone ka fa bo sa siamang ka teng; go fitlhela pelo ya rona e bo huralela, ko ntle ga mo, ga go kake ga nna le phetogo epe mo botshelong.
Bontsi ga ba tlhaloganye boikwatlhao ka mo go feletseng. Ba hutsafala ka ntlha ya boleo, e bo ba dira phetogo ka fa ntle ka gore ba tshaba gore diphoso tsa bone di tla tisa bohutsana mo go bone. Mme se ga se boitkwatlhao ka fa Baebela e buang ka teng. Ba lelela bohutsana go na le boleo. Se e ne e le sone bohutsana ja ga Esau ha bona gore bojaboswa bo mo latlhagetse. Balamo o ne a tshogile hela thata fa a bona moengele a eme mo tseleng ya gagwe ka tšhaka, mme a ipona molato ka o ne a tshaba go latlhegelwa ke botshelo, mme go ne go sena boitkwatlhao ja boleo ka boammaruri, go ne go sena kilo ya bosula. Jutas Eskarote, morago ga go rekisa Morena wa gagwe, a goa a re, “Ke leofile ka gore ke rekisitse motho yo senang molato” Mathaio 27:4
Boipolelo jo bo ne bo tswa mo moweng o o pateletswang ke go ipona molato le go leba ka letshogo kotlhao e tla latelang. Ditamorago tsa maduo a boleo jo di ne tsa mo tsenya letshogo le le golo, mme go ne go sena pelo e e pelo e e phatogileng mo moweng wa gagwe ka ntlha ya go rekisa Morwa Motho yo a senang boleo le fa e le molato. Faro e rile a boga ka ntlha ya dipetso tsa Modimo, a ipona molato gore a tle a falole go tswelela a otlhaiwa, mme a boela ko bogananeng kgatlhanong le Legodimo fela fa dipetso di sena go ntshiwa. Ba botlhe ba ne ba hutsafalela maduo a boleo, go na le hutsafalela boleo ka bo jone.
Mme fa pelo e ineela go laolwa ke Mowa O Boitshepo, segakolodi se tla tlhanya, mme moleofi o tla tla lemoga sengwe ka boteng le boitshepo jwa molao wa Modimo, se e leng motheo wa mmuso wa Gagwe ko legodimong le mo lefatsheng. “Lesedi le le bonesang mongwe le mongwe yo o tlang mo lefatsheng” le bonesa dikamore tsa sephiri tsa mowa le dilo tse di fitlhegileng tsa lefifi di a senolwa Johane 1:9 Tumelo mo Modimog e tla ama tlhaloganyo le pelo. Moleofi o tla nna le go tlhaloganya boitshepo ja ga Jehofa mme a nne le poifo ya go ema, a le molato gape a le leswe, fa pele ga Yo Hukutsang dipelo tsa batho. O bona lorato la Modimo, bontle jwa boitshepo, boitumelo jwa bophepa; o eletsa go tlhatswiwa a bo a lomaganngwa gape le Legodimo.
Thapelo ya ga Dafite morago ga go wa ga gagwe, go supa go hutsafalela boleo ga boammaruri. Boikwatlhao ja gagwe e ne e le jwa mmatota gape bo le boteng. Go ne go sena maiteko a go mmpampetsa molato wa gagwe; go leka go halola kotlhao e neng e mo lebagane, mme se sa tlhotlheletsa thapelo ya gagwe. Dafite a bona bogolo jwa molato wa gagwe; a bona go lesofala ga mowa wa gagwe; ka jalo o ne a ila boleo jwa gagwe. E se se fele gore o rapelela go itshwarelwa, o ne gape a batla go phepafatswa pelo. O ne a eletsa go nna mo boitumelong jwa boitshepo, go busetswa mo kgolaganong le Modimo. Se e ne e le puo ya mowa wa gagwe:
“Go sego ene yo tlolo ya gagwe e itshwaretsweng, yo boleo jwa gagwe bo bipilweng. Go sego motho yo Jehofa a sa mmaleleng boikepo, le yo tsietso e seyong mo moweng wa gagwe” Pesalema 32:1,2
“Nkutlwela botlhoko Modimo, ka fa bopelonoming jwa gago, o phimole ditlolo tsa me…Gonne ke ipolela ditlolo tsa me: le boleo jwa me bo ntse fa pele ga me ka gale…Mphepafatse ka mosiama, mme ke tla nna phepa: ntlhatswe mme ke tla nna mosweu go feta kapoko..Modimo bopa pelo e itshekileng mo go nna; o bo o shafatse mowa o o siameng mo teng ga me. O se ka wa ntatlha, wa ntlosa fa pele ga gago; Le Mowa wa Gago o o Boitshepo o seka wa o tlosa mo go nna. Busetsa boitumelo jwa poloko ya Gago mo go nna; o ntshegetse ka mowa o o phuthulogileng…Nkgolola mo molatong wa go tsholola madi, Wena Modimo wa poloko ya me: Mme molomo wa me o tla bolela pako ya Gago ”
Boikotlhao jo be ntseng jaana ga bo kgonege ka matla a rona, bo tsewa fela mo go Keresete, yo a tsholetsegileng ko godimo mme a fa batho dimpho. Gone fela fa bontsi bo dira phoso, mme ba palelwe ke go bona thuso e Keresete a batlang go ba e fa. Ba akanya gore ga ba kake batla ko go Keresete pele ga ba ikotlhaya, le gore boikotlhao bo ba baakanyatsa tsela ya gore maleo a bone a itshwarelwe. Ke nnete boikotlhao botla pele ga maleo a ka itshwarelwa; ka gore ke fela pelo e e thubegileng e ikotlhayang e e tla bonang botlhokwa ja Mmoloki. A mme moleofi o tshwanetse a leta pele gore a ikotlhaye ke gone fela a ka tlang ko go Keresete? A boikotlhao bo tshwanetse go dirwa sekgoreletsi fa gare ga molefi le Mmoloki?
Baebele ga e ruti gore moleofi o tshwanetse gore a ikwatlhaye pele ga a ka amogela tlaletso ya ga Keresete, e e reng “Tlang kwano go Nna, lona ba lo lapileng, ba lo imelwang, mme ke tla lo lapolosa ” Mathaeo 11:28. Ke fela molemo o o tswang ko go Keresete, o o isang ko boikotlhaong ja nnete. Petere o tlhalositse kgang ye fa a bua le Maisaraela fa a re, “Ene yo Modimo a mo goleditseng ka seatla sa one se segolo, gore a nne Kgosana le Mmoloki, gore a neele Iseraele boikotlhao le boitshwarelo ja dibe” Ditiro 5:31. Ga go kgonagale gore re ka ikotlhaela dibe ko ntle ga gore Mowa wa ga Keresete o tsose segakolodi, fela jaaka go sa kgonagale gore re ka itshwarelwa dibe ko ntle ga ga Keresete.
Keresete ke e ne motswedi wa kakanyo nngwe le nngwe e e siameng. Ke ene fela yo a ka jwalang mo peleong bobaba kgatlhanong la sebe. Keletso nngwe le nngwe ya go batla nnete le bophepa, tlhomamiso nngwe le nngwe ya segakolodi ya gore re boleo, ke sesupo sa gore Mowa wa Gagwe o bereka mo dipelong tsa rona.
Keresete a re, “mme nna, fa ke tlhatlosiwa mo lefatsheng, ke tla gogelwa batho botlhe kwa go Nna” Johane 12:32. Keresete o tshwanetse a senolelwa moleofi jaaka Mmoloki yo a swetseng maleo a lefatshe; mme jaaka re bona Kwana ya Modimo mo mokgorong wa Kalefari, masaitseweng a leano la poloko a simolola go bulega mo ditlhaloganyong tsa rona, mme tshiamo ya Modimo e bo e re gogela ko goreng re ikwatlhaye. Mo go sweleng baleofi, Keresete o ne a supa lorato lo lo senang bolekanyo, mme jaaka moleofi a bona lorato lo, pelo e nna boleta, mme go bo go tisa boikwatlhao mo moweng.
Ke nnete fa gongwe batho ba tlhabiwa ke ditlhong ka ntlha ya ditsela tsa bone tsa boleo, mme a bo ba tlogela mekgwa e mengwe e e bosula ya bone, pele ga ba lemoga gore ba gogelwa ko go Keresete. Mme nako nngwe le nngwe e ba dirang maiteko a go fetoga, go tswa mo keletsong ya boammaruri ya go dira se se siameng, ya bo e le nonofo ya ga Keresete e e ba gogang. Thotloetso e ba sa e lemogeng e beraka mo moweng, mme segakolodi se be se tlhanya, mme botshelo jwa ko ntle bo fetoge. Mme jaaka Keresete a ba goga gore ba lebe ko mokgorong wa Gagwe, go leba Ene yo maleo a bone a mo tlhabileng, taolo e tla gae ko segakoloding. Boikepo jwa matshelo a bone, go itshetlela mo go kotleng ga boleo mo moweng, gotlhe mo go a senolega mo go bone. Ba simolola go tlhaloganya sengwe ka tshiamo ya ga Keresete, mme ba gowe ba re “Sebe ke eng, go re se tlhokane le tlhotlhwa e kgolo jaana gore legolegwa lwa sone le rekololwe? A go ne go tlhokana le lorato lo lo kana, pogisego e kana, boikokobetso jo bo kana, gore re se ka ra nyelela, mme re nne le botshelo jo bosakhutleng?”
Moleofi o ka kgona go gana lorato lo, o ka gana go gogelwa ko go Kereste; mme fa a sa gane o tla gogelwa ko go Kereste; kitso ya lenaneo la poloko le tla me isa ko mokgorong ko a tla ikotlhaelang maleo a gagwe, a bogisitseng Morwa Modimo yo o rategang.
Tlhaloganyo ya bomodimo e e berekang mo dilong tsa tlholego e bua le dipelo tsa batho le go tlhola keletso ee sa tlhalosegeng ya sengwe se motho a senang sone, Dilo tsa lefatshe ga di kgone go kgotsofatsa dikeletso tsa bone. Mowa O Boitshepo o sukasukana le bone gore ba batle dilo tse ka esi di ka kgonang go ba fa kagiso le boikhutso, tshegofatso ya ga Keresete, boitumelo ja boitshepo. Ka dithotloetso tse di bonwang le tse di sa bonweng Mmoloki wa rona o bereka nako tsotlhe go gogogela ditlhaloganyo tsa batho go tswa mo menateng e sa kgotsofatseng ya boleo go ya ko masegong a senang bokhutlo a e ka nnang a bone mo go Ene. Go mewa yotlhe, e e batlang go nwa ko metsweding e e thubegileng ya lefatshe le, molaetsa ya bomodimo wa re “Le yo o nyorilweng a a tle, mme yo ratang a tseye metsi a botshelo, a a tseye fela a sena theko” Tshenolo 22:17
Wena yo mo pelong o eletsang sengwe se se botoka go na le se lefatshe le le ka go se nayang, lemoga gore keletso e ke lentswe la Modimo go ya ko moweng wa gago. Mo kope gore A go fe boikotlhao, go go senolela Keresete ka lorato lwa Gagwe le le sa khutleng, ka bophepa jo bo feletseng ja Gagwe. Mo botshelong jwa Mmoloki ditsetla tsa molao, tsa go rata Modimo le motho di ne di supiwa ka mo go feletseng. Bopelontle, lorato lo lo senang bopelotshetlha, e ne e le botshelo jwa mowa wa Gagwe. Ke fela fa re mo leba, fa lesedi le le tswang ko go Mmoloki le re bonesa, fa re tla bonang bopelotshetlha ja dipelo tsa rona.
Re ka tswa re ipokile jaaka Nikodimase, gore matshelo a rona a eme sentle, gore dipopego tsa rona di siame, le gore ga go tlhokane le gore re ikokobetse fa pele ga Modimo, jaaka moleofi mongwe le mongwe: mme jaaka lesedi le le tswang ko go Keresete le bonesa mewa ya rona, re tla bona ka fa re leng leswe ka teng; re tla lemoga bopelotshetlha jwa maikaelelo a rona, bo baba kgatlhanong le Modimo, jo bo lesofaditseng tiro nngwe le nngwe ya botshelo. Mme ke gone re tla itseng gore tshiamo ya rona ke nnete e tshwana le seaparo se se leswe, le gore madi a ga Keresete ke one fela a ka tlhatswang leswe la sebe, le go shafatsa dipelo tsa rona mo tshwanong ya Gagwe.
Lesedi le lengwefela la kgalalelo ya Modimo, lesedi le lengwefela la bophepa ja ga Keresete, le phunyeletsa mo moweng, le be le dira leswe lengwe le lengwe la mowa gore le bonale mo go botlhoko, le go baya mo mpepeneneng tshokamo le bogole jwa popego ya motho. Le senola dikeletso tse di sa siamang, go tlhoka go ikanyega ga pelo, dipounama tse di seng phepa. Ditiro tsa moleofi tsa go tlhoka boikanyego ka go itlhokomolosa molao wa Modimo, di a senolwa mo ponong ya gagwe, le mowa wa gagwe o tlhabega le go bogisiwa ke go hukutswa ke Mowa wa Modimo. O a ikila fa a bona popego e e phepa e e senang selabe ya ga Keresete.
Erile moporofiti Daniele a bona kgalalelo e e neng e dikaganyeditse moengele yo a neng a rumilwe ko go ene, o ne a tlelwa ke poifo e kgolo ka ntlha ya go lemoga bokoa le go tlhoka bophepa jwa gagwe. Fa a tlhalosa ponatshegelo e, a re, “Mme ga se ka ga sala thata epe mo go nna, gonne bontle jwa me bo ne bo fetogile sebodu mo go nna, mme ga ke a ka ka sala le nonofo epe mo go nna” Daniele 10:8. Mowa o o amilweng ka mokoa, o tla ila bopelotshetlha jwa one, o tla ila goithata ga one, mme o tla batla, ka tshiamo ya ga Keresete, bo phepa ja pelo e e tsamaelang le molao wa Modimo le popego ya ga Keresete.
Paolo a re “ka ga tshiamo e e leng ya molao, ka fitlhelwa ke se na molato” fa go lebelelwa ditiro tse di ka fa ntle o ne a sena “molato” (Bafilipi 3:6); mme fa go sekwa sekwa molao ka fa semoweng, o ne a ipona gore ke moleofi. Fa a atlholwa ka molao ka fa batho ba o dirisang ka teng go atlhola botshelo jwa motho ka fa ntle, o ne a sena boleo, mme fa a leba mo bo teng jwa molao o o boitshepo, le go iteba ka fa Modimo a mo lebang ka teng, o ne a khubama, a ikoba, a ipolela molato wa gagwe. A re, “E rile jale ka bo ke tshedile kwa ntle ga molao; mme e rile taolo e tla, boleo jwa tsoga, mme ka swa” Baroma 7:9. Fa a leba molao ka fa semoweng, boleo jwa bonala ka bo maswe jwa jone, le boikgodiso jwa nyelela.
Modimo ga a lebe maleo ka go lekana; motho le ene gaa lebe ka go lekana; mme le fa melato e mengwe e lebega e le mennye mo matlhong a motho, ga gona molato a monnye mo mathong a Modimo. Katlholo ya motho ga e phepa; mme katlholo ya Modimo yone e phepa. Letagwa le lebelwa kwa tlase, le bo le bolelelwa gore boleo jwa gagawe bo tlaa mo itsa go tsena kwa legodimong; fa maleo a boikgodiso, bopelotshetlha le boikgakgapeledi gantsi a sa kgalemelwe. Mme maleo a, a molato go gaisa fa pele ga Modimo; ka gore a kgatlhanong le bopelontle jwa popego ya Gagwe, gape se e leng lorato lo lo senang bopelotshetlha lo lo renang mo lobopong le le sa welang ko tlase ka semowa. Yo welang mo maleong aa tshwanang le botagwa o ka kgona go bona gore a mo tlhabisa ditlhong le go bona gore o tlhokana le tshegofatso ya ga Keresete; mme boikgodiso ga bo tlhokane le sepe, e be bo tswala pelo gore Keresete a seka a tsena gore di tshegofatso tse Keresete a kgonang go di fa motho a fa a seka a di amogela.
Mokgethisi yo a neng a rapela a re, “Modimo nkutlwela bothoko nna moleofi” Luke 18:13, o ne a ipona gore ke motho yo bosula thata, le batho ba bangwe ba ne ba mo leba ka mo go tshwanang; mme o ne a bona letlhoko la gagwe, mme ka morwalo wa gagwe wa molato le go tlhabiwa ke ditlhong, a tla fa pele ga Modimo, a kopa boutlwelo botlhoko ja Gagwe. Pelo ya gagwe e ne e bulegile gore Mowa wa Modimo o dire tiro ya tshegofatso le go mo golola mo nonofong ya boleo. Mme Mofarasea yo a neng a ipoka ka tshiamo ya gagwe o ne supa gore pelo ya gagwe e tshwetswe kgatlhanong le tlhotlheletso ya Mowa o o Boitshepo. Ka ntlha ya bokgakala ja gagwe le Modimo, o ne a sa lemoge leswe la pelo ya gagwe fa e tshwantshiwa le bophepa jwa bomodimo. O ne a ikutlwa a sena letlhoko, ka jalo a seka a amogela sepe.
Fa o bona boleo jwa gago, o seka wa leta gore o ipaakanye o nne botoka. Ke ba le kae ba ba akanyang go re ga ba molemo mo go lekaneng go re ba tle ko go Keresete? A o solofela go nna botoka ka maiteko a gago? “A Moethiopia o ka iphetola letlalo, le fa e le nkwe ditshubaba tsa yone? Foo le lona le ka dira molemo, lona ba ba lemetseng go dira bosula” Jeremia 13:23. Thuso re ka e bona fela mo Modimong. Ga re a tshwanela go letela ditshotsoetso tse di kgolo go feta tsa gompieno, kgotsa mabaka a botoka, kgotsa ditshokamelo tse di boitshepo. Ga re kake ra dira sepe ka borona. Re tswanetse go tla ko go Keresete fela jaaka re ntse.
Mme a ope a se ka a itsietsa ka kakanyo ya gore Modimo, ka lorato lwa Gagwe le le golo le boutlwelo botlhoko, o tla boloka le bone ba ba ganang tshegofatso ya Gagwe. Mokgoro o supa ka botlalo ka fa boleo bo sa siamang ka teng. Fa batho ba re Modimo o molemo thata go kgapela ntle moleofi, a ba lebe ko Kalefari. Ke ka gore go ne go sena tsela epe e motho a neng a ka bolokiwang ka teng, ka gore ko ntle ga setlhabelo se, go ne go sa kgonagale gore motho o ka halola mo nonofong e losofatsang ya boleo, le gore a lomaganngwe gape le dibopiwa tse di boitshepo. Go ne go sa kgonagale gore motho o ka nna moabediwa wa botshelo jwa semowa. Ke ka ntlha ya tsone dilo tse, gore Keresete a bo ipega molato wa batlhoka kutlo le go boga mo boemong jwa moleofi. Lorato le go boga le loso la Morwa Modimo tsotlhe di supa bogolo jwa boleo le gore ga gona ka fa motho a ka halolang mo nonofong ya jone, ga go na tsholofelo ya botshelo jo bo kwa godimo, fa e se ka go innela mo go Keresete.
Ba ba sa sokologang ha gongwe ba ipata ka gore “ke dira molemo fela go tshwana le bone ba ba reng ke Bakereste. Maitsheo a bone a tshwana fela le a me. Ba rata jo ijesa monate fela jaaka nna”. Ka jalo ba dira diphoso tsa ba bangwe seipato go sa dira se se batiwang ke Modimo. Mme maleo le bogole jwa ba bangwe ga se seipato sa ope, ka gore Morena o re file sekao se se phepa. Morwa Modimo yo a senang selabe, ke Ene re mofilweng e le sekai, mme ba ba ngongoregang ka mokgwa oo sa tlhamallang wa ba ba reng ke Bakereste, ke bone ba tshwanetseng ke go supa botshelo jo bo botoka le go nna sekai se se botoka. Fa e le gore ba na le kitso ee kwa godimo ya gore Mokeresete o tshwanetse go itsaya jang, a mme boleo jwa bone ga bo bogolo go feta? Ba itsi se e leng nnete, mme ba gana go se dira.
O tlhokomele, o se ka wa nnela go leta. O se ka wa beela fa thoko tiro wa go tlhogela dibe tsa gago le go batla pelo ee itshepileng ka Keresete. Fana bontsi bo hositse, mme ba latlhegelwa ke botshelo jo bo sakhutleng. Ga nka ke ka bua ka bokhutshwane ja botshelo le go sa itse gore botla fela leng; mme go na le kotsi e kgolo, kotsi ee bontsi bo sa e tlhologanyeng, ya go diega go ineela mo lentsweng le le rapelang la Mowa O Boitshepo wa Modimo, gore o se ka wa itlhophela go tswelela o tshelela mo boleong; ka gore se ke sone maduo a go diega. Boleo, le fa go bonwa o ka re bo bonnye, phelelong ya go nna mo go jone ke go latlhegelwa ke botshelo jo bo sakhutleng. Se re sa se fenyeng, se tla re fenya le go dira go senngwa ga rona.
Adamo le Efa ba ne ba ipoleletse go re mo kgannyeng ee potlana jaaka go ja leungo le Modimo a rileng ba se ka ba leja, ga go na go nna le ditlamorago tse di boitshegang tse Modimo a neng a ba boleletse ka tsone. Mme kgang ee potlana e, e ne e le go tlola molao wa Modimo oo sa fetogeng gape o le boitshepo, mme tlolo e, ya kgaoganya motho le Modimo, le go bulela di dikgoro tsa loso le bohutsana go tla mo lefatsheng la rona. Mme ka ntlha ya go tllhoka kutlo ga motho lefatshe le a boga. Legodimo le lone le ne la amiwa ke ditamorago tsa tsuuololo e, kgatlhanong le Modimo. Kalefari o eme jaaka segopotso sa setlhabelo se se makatsang sa go letlanya tlolo ya molao oo botshepo. A re se ka ra tsaya boleo e le selo se se potlana.
Tlolo ya molao nngwe le nngwe, go itlhokomolosa kgotsa go gana tshegofatso ya Keresete, tse tsotlhe di thatafatsa pelo, di koafatsa thato ya motho, di koafatsa tlhaloganyo, le go dira go re o se ka wa batla go innela mo Moweng O Boitshepo, oo sokasokanang le motho ka nonolo, le gore ko bofelong e be go sa tlhole go kgonagala gore motho a ka ineela.
Bontsi bo le ka go didimatsa segakolodi se se tshwenyegileng ka kakanyo ya go re ba ka hetola tsela ee bosula fa ba batla; go re ba ka tshameka ka tlaletso ya boutlwelo botlhoko, le go re ba tlaa boa gape ba amiwa ke Mowa O Boitshepo. Ba tsaya gore fa ba sena go gana Mowa wa tshegofatso, e be ba ya ka fa letlhakoring la ga Satane, e tla ka motsotso oo ba leng mo mathateng, e be ba kgona go hetola tsela ya bona. Mme se ga se diragale ka mothofo. Maitlemogelo le thuto ya botshelo jotlhe, di setse di bopile popego ya motho ka tsela ee leng go re, ga ba bantsi ba e ka reng ko morago ba batla go amogela popego ya ga Keresete.
Le fa e le karolo e nngwe fela ya popego ee sa siamang, thato ya sebe se le sengwe fela, se se ratiwang bogolo, e tla re ko bofelong se be se kganela nonofo yotlhe ya mafoko aa molemo. Motho yo thatafatsang pelo ya gagwe kgatlhanong le nnete, o roba se a se jwetseng. Mo Baebeleng ga gona tlhagiso kgatlhanong le go tshameka ka bosula ee fetang ya monna yo botlhale ee reng “Moikepi o tla tshwarwa ka melato ya gagwe, a golegwa ka megala ya boleo jwa gagwe” Diane 5:22.
Keresete o ipaakantse go re golola mo sebeng, mme ga a kake a pataletsa thato; mme fa re tswelelela ka boleo e be thato e sokamela ko bosuleng, e sa eletse go gololwa, fa re sa amogela tshegofatso ya Gagwe, tota Keresete o ka dirang eng gape? Re tla bo re ipolaile ka go gana lorato lwa Gagwe. “Bona, jaanong ke motlha o o lebosegang; bona, jaanong le letsatsi la poloko” “Gompieno fa lo utlwa lentswe la one, se kgwaraletse pelo” 2 Bakorinta 6:2; Bahebera 3:7
“Jehofa ga a bone jaaka motho a bona; gonne motho o leba bokafantle; mme Jehofa o leba pelo” pelo, e e nang le maikutlo aa faloganyeng, a boitumelo le kutlobotlhoko; pelo ee tswang mo tseleng; ee leng bonno wa leswe le tsietso. 1 Samoele 16:7. Modimo o itse go re e batla go dira eng le maikaeleo a yone. Ya kwa go Ene, mowa wa gago o ntse leswe jaaka o ntse. Jaaka mopesalema, bulela dikamore tsa pelo ya gago, Ene yo leitlho lwa Gagwe le bonang gotlhe, mme o bue o re “Modimo, a ko o mphukutse, o bo o itse pelo ya me; o bone fa go na le mokgwa mongwe wa boikepo mo go nna; mme o nkgoge mo tseleng e e sa khutleng” Pesalema 139:23,24
Bontsi bo amogela tumelo e e leng setshwantso fela sa poifomodimo, mme pelo e sa ntlafadiwa. A se e nne thapelo ya gago, “Modimo bopa pelo e e itshekileng mo go nna; o bo o shafatse mowa o o siameng mo teng ga me” Pesalema 51:10. Dira ka boammaruri le mowa wa gago. Nna ka tlhoafalo, o sa kgaotse, fela jaaka o ne o ka dira fa botshelo jwa gago bo ne bo le mo diphatseng. E ke kgang e tshwanetsweng ya fetswa ga gare ga mowa wa gago le Modimo, e feletswa ka bosakhutleng. Fa o felela mo tsholofelong fela, o sa dire go feta se, e tla lere tshenyego ya gago.
Jaaka o bona bogolo jwa boleo, jaaka o ipona ka fa o ntseng ka teng ka boammaruri, o se ka wa itlhoboga. E ne le baleofi ba Keresete a neng a tla go ba boloka. Ga re a tla go itetlanya le Modimo, mme A lorato le le makatsang! “Modimo o ne a le mo go Keresete, o itetlanya le lefatshe” O goga ka lorato dipelo tsa bana ba Gagwe ba ba phoso. Ga go na motsadi wa lefatshe yo a ka itshokelang diphoso le ditlolo tsa bana ba gagwe, jaaka Modimo a dira a batla go ba boloka. Ga gona ope yo a ka rapelang ba leofi jaaka Modimo. Ga go na dipuonama tse di kileng tsa rapela go feta Ene go re motimedi a boele gae. Ditsholofetso tsotlhe, di tlhagiso tsotlhe ke puo ya lorato.
Fa Satane a go bolelela go re o moleofi yo mogolo, leba Mmoloki wa gago o bo o bua ka se A go se diretseng. Se se ka go thusang ke go leba lesedi lwa Gagwe. Ipolele maleo a gago, mme o bolele mmaba go re “Keresete o tsile mo lefatsheng go boloka baleofi” le go re o ka bolokiwa ka lorato lwa Gagwe le le senang bolekanyo (1 Timotheo 1:15) Jeso o ne a botsa Simeone (wa mo Farasea) potso mabadi le batho ba ba bedi ba ba neng ba kolota mongwe madi. Yo mongwe o ne a kolota madi a mannye, yo mongwe o ne a kolota madi a mantsi; mme yoo kolotisang o ne ba itshwarela botlhe; mme Keresete a botsa Simeone go re ke ofe mo go bone yoo tlaa mo ratang go feta. Semeone a araba ka gore “Yo a mo itswaretseng go le go golo” Luke 7:43. Re baleofi ba ba golo, mme Keresete o sule go re re itshwarelwe. Tlhwatlhwa ya setlhabelo sa Gagwe e lekane go re e bewe fa pele ga ga Rragwe mo boemong jwa rona. Bao ba ba itshwaretsweng mo go golo ba tlaa mo rata mo go golo, mme ba tlaa ema gaufi le terone ya Gagwe go mo galaletsa ka ntlha ya lorato lwa Gagwe lo lo golo le setlhabelo se se sa khutleng. Ke fela fa re tlhaloganya lorato lwa Modimo ka mo go feletseng re ka lemogang ka fa boleo bo sa siamang ka teng. Ke fela fa re bona botelele jwa chaene e e neng ya intshiwa kwa legodimong go re inola go tswa mo boleong, re ka tlhaloganyang setlhabelo se Keresete a re se diretseng, mme pelo e tla nolofala.
Kgaolo 4: Go ipolela maleo
“Yo o lobang maleo a gagwe ga a kitla a kgona sepe; mme yo a ipobolang, a a bakela, o tla tlhomogelwa pelo” Diane 28:13
Mabaka a go tlhomogelwa pelo a motlhofo gape a tshiamo. Morena ga a bate sepe se se utlwisang botlhoko mo go rona go re re bone boitshwarelo jwa boleo. Ga go tlhokafale go re dire leeto le le telele le le lapisang go ya ko lefelong la boitshwarelo, kgotsa boikotlhao jwa dithabi tsa mmele go re re amogelesege mo Modimong. Mme yo a ipolelang maleo a bo aa tlogela o tla tlhomogelwa pelo. Mo apostolo a re, “lo ipolelane diphoso, lo rapelelane, gore lo tle lo fodisiwe” Jakobe 5:16. Bolelela Modimo maleo a gago, ka ke ene fela yo a ka go itshwarelang, mme lo ipolelane diphoso. Fa o foseditse tsala kgotsa moagisane ka wena, o tshwanetse wa mmolela gore o mo foseditse, mme o tshwanetse go go itshwarela. Go tswang foo o tswanetse wa batla boitshwarelo ko Modimong, ka gore mokaulengwe yo o mo utlwisitseng botlhoko ke ngwana wa Modimo, mme ka go mo utlwisa botlhoko o leofetse Motlhodi le Morekolodi wa gagwe. Kgang e tshwanetswe ya tiswa fa pele ga Mmueledi wa nnete yo esi, e bong Moperesiti wa rona yo mogolo, yo a neng “a raelwa mo dilong tsotlhe jaaka rona, le fa go ntse jalo a sena boleo” le gore o “angwa ke go utlwana le rona makoa a rona” le gore o kgona go re tlhatswa mo lesweng lotlhe la sebe. Bahebera 4:15
Bao ba ba sa ikobang fa pele ga Modimo mo go ipoleleng melato ya bone, ga ba ise ba diragatse lebaka la ntlha la go ka amogelwa. Fa re ise re nne le boitemogelo jwa boikotlhao jo bo sa tshwanelwang ke go boikotlhaela, le go sa ipolela dibe ka mowa o o ikobileng le o o thubegileng, re ila boleo jwa rona, ga re ise re batle boitshwarelo jwa dibe ka boammaruri; mme ga re ise re batle, ga re ise re bone kagiso ya Modimo. Lebaka le esi le re sa boneng boitshwarelo jwa dibe tse di fetileng, ke gore ga re batle go ikoba dipelo tsa rona le go sala morago lefoko la Modimo mabapi le kgang e. Lefoko lwa Modimo le papametse mabapi le kgang e. Boipolelo jwa sebe, a ke jwa phatlalatsa, kgotsa jo bo bolelelwang motho a le mongwe fela, go tshwanetse go tswa mo pelong, le gore motho o tswanetse a bo a gololesegile. Ga go a tshwanelwa gore moleofi a patelediwe. Mme gape ga a tshwanela go tsaya kgang e motlhofo, a ipolela ka tsela e o kareng ga a na sepe, a sa lemoge bo maswe jwa boleo. Go ipolela maleo mo go tswang mo bo teng jwa pelo go fitlhelela ko Modimong wa rona yo o tlhomogang pelo. Mopeselema a re “Jehofa o gaufi le ba ba pelo e phatlogileng o boloka ba ba mowa o o ngomogileng” Peselema 34:18
Go ipolela maleo ga nnete go tshwanetse ga nnaka ka tsela e e leng gore moleofi ga a na go bua a akaretsa maleo mme o tlaa bua ka maleo a a dirileng. E ka tswa e le maleo a tshwanetsweng ke go tisiwa fa pele ga Modimo fela; e ka tswa e le maleo a a tshwanetsweng go bolelewa ba ba bogileng ka ntlha ya one; kgotsa e ka tswa e le maleo a a dirilweng mo pele ga batho, ka jalo a tshwanetswe go buiwa mo pele ga batho.
Ka dinako tsa ga moporofite Samuele, Maisaraele ba ne ba tsamaetse kgakala le Modimo. Ba ne ba boga ka ntlha ya maduo a boleo; ka gore ba ne ba latlhegetswe ke tshepho ya bone mo Modimong, ba latlhegetswe ke go lemoga nonofo ya Gagwe le botlhale jwa go busa chaba ya bone, ba latlhegetswe ke go tshepha mo goreng o ka ba sireletsa mo dichabeng tse dingwe. Ba ne ba huralela Mmusi wa lobopo lotlhe , mme ba eletsa go busiwa jaaka dichaba tse di neng di ba dikologile. Mme pele ga ba ka bona kagiso mo peleong ba ne ba tshwanelwa ke go ipolela boleo jo: “Gonne re okeditse maleo otlhe a rona ka bosula jwa go ikopela kgosi” 1 Samuele 12:19. Boleo jo ba neng ba bo dirile, ba ne tshwanelwa ke go bo ipolela. Go tlhoka tebogo ga bone, go ne go tshwenya mewa ya bone gape go ba kgaoganya le Modimo.
Boipolelo jwa dibe ga bo kake jwa amogelwa ke Modimo go sena boikotlhao jwa nnete le phetogo. Go tshwanetse ga nna le phetogo mo botshelong; sengwe le sengwe se se ilwang ke Modimo se tshwanetswe sa beelwa ka fa thoko. A ke one maduo a nnete a go hutsafalela boleo. Tiro e re tshwanetsweng ke go e dira e bewe fa pele ga rona: “Tlhapang lo itsheke; tlosang bosula jwa ditiro tsa lona fa pele ga matlho a me, lo bake go dira bosula” Isaia 1:16,17 “Fa moikepi a rebola peeletso, a busa tse a di thukhuthileng, a sepela ka fa melaong ya botshelo, a sa dire tshiamololo, foo o tla tshela tota; ga nke a swa” Esekiele 33:15 Paulo fa a bua ka tiro ya go ikotlhaya, a re “Gonne bonang, selo seo, e bong go hutsafadiwa ka fa thatong ya Modimo go tsositse botlhaga jo bogolo jang ne mo go lona! Ee, le go tlosa molato le tšhakgalo le poifo le tlhologelelo le tlhaofalo le go ipusolosa! Lo itshupile mo dilong tsotlhe gore lo phepa mo selong se” 2 Bakorintha 7:11 .
Fa boleo bo bolaile segakolodi, moleofi ga a kake a lemoga bogole jwa popego ya gagwe ya semowa kgotsa a lemoga botona jwa bosula jo a bo dirileng; mme ga a sa ineele mo nonofong e e latofatsang ya Mowa O Boitshepo o tla nna fela a sa bone boleo jwa gagwe. Bo ipolelo jwa gagwe ga se jwa nnete. Mo molatong mongwe le mongwe o a dumelang gore o o dirile, o fa seipato sa gore fa e ne e se mabaka mangwe a a rileng, o ka ne a sa dira molato wa teng.
Morago ga Adamo le Efa ba sena go ja loungo le ba neng ba iditswe gore ba se ka ba le ja, ba ne ba tladiwa ke seemo sa go tlhabiwa ke ditlhong le letshogo. Kakanyo ya bone ya ntlha e ne e le go fa seipato sa gore keeng ba leofile gape le go leka go halola katlholo ya loso lo ba neng ba boleletswe ka lone. Fa Modimo a botsa mabapi le boleo jwa bone, Adamo a hetola ka mafoko a a neng a baya molato mo Modimong le mo go Efa: “Mosadi yo 0 mo nneileng gore ke nne nae, ke ene yo o nneileng ga setlhare, mme ka ja” Mosadi a baya molato mo nogeng, a re “Noga e ntseeditse, mme ka ja” Genesesi 3:12,13 Ke eng O ne wa dira noga? Ke eng O ne wa e leta go tsena mo Edene? Tse ke tsone dipotso tse a neng a di botsa mo pelong gore a fe seipato sa boleo, ka jalo o ne a fa maikarabelo ja go wela tlase ga bone mo Modimong. Mowa wa go itshiamisa o tlholegile mo go rara wa maaka mme o senolwa mo matshelong a bana ba ga Adamo. Go ipolela maleo ga mofuta o, ga go tlhotlhelediwe ke Mowa O Boitshepo mme ga go kake ga amogelwa ke Modimo. Boikotlhao jwa nnete bo tla dira gore moleofi ka bo ene a rwale boikarabelo jwa molato go sena boferefere mo teng. Jaaka mokgethisi yo a neng a ipolela maleo, gaa leba le fa e le ko legodimong, mme o tla lela a re “Modimo ntlhomogela pelo nna moleofi”, mme ba ba iponang molato batla siamiswa, ka gore Jeso o tla supa madi a Gagwe mo boemong jwa mowa o o ikwatlhayang fa pele gaga Rragwe.
Dikai tse di filweng mo lefokong lwa Modimo tsa boikotlhao jwa nnete di supa mowa wa go ipolela dibe o sa lekeng go batla seipato sa boleo jo bo dirilweng kgotsa go leka go itshiamisa. Paulo gaaka a leka go itshireletsa; mme o tlhalosa boleo jwa gagwe jaaka bo ntse, a sa leke go fokotsa molato wa gagwe. A re, “Ka tswalela baitshepi ba le bantsi mo matlong a kgolegelo, ke sena go newa taolo ke ditlhogo tsa baperesiti, mme e ne e re ba bolawa, le nna ke ntshe lefoko la me go dumalana le seo” Ditiro 26:10,11. Mme e bile o bofefo go bua gore “Keresete Jeso o ne a tla mo lefatsheng go boloka baleofi; ba ke leng tlhogo mo go bone” 1 Timotheo 1:15.
Pelo e e ikobileng le e e phatlogileng, e nolofaditswe ke boikotlhao ja nnete, e tla lemoga sengwe ka lorato la Modimo le tlhotlhwa ya Kalefari; mme jaaka morwa a ipolela maleo mo go rragwe yo lorato, fela jalo moikotlhai o tla tisa maleo a gagwe otlhe fa pele ga Modimo. Mme go kwadilwe gore “Fa re ipolela dibe tsa rona, One o boikanyo le tshaiamo go re itshwarela dibe tsa rona, le gore tlhapisa mo tshiamololong yotlhe” 1 Johane 1:9
Kgaolo 5: Go itshwaela Modimo
Tsholofetso ya Modimo ke gore, “Lo tla mpatla, mme lo tla mpona, fa lo mpatla ka dipelo tsa lona tsotlhe” Jeremia 29:13
Pelo yotlhe e tshwanetse ya neelwa Modimo, eseng jalo phetogo ga e kitla e direga mo go rona ye ka yone re tla hetolelwang mo tshwanong ya Gagwe. Ka tlholego re kgaogane le Modimo. Mowa O Boitshepo o tlhalosa seemo sa rona ka mafoko a: “Re sule mo ditlolong tsa rona le maleo” “tlhogo yotlhe e a lwala le pelo e a idibala” “ga gona boitekanelo bope mogo yone” Re tshwerwe ka thata mo selageng sa ga Satane “ka re le batshwarwa ba gagwe ka go rata gagawe” Baefeso 2:1; Isaia 1:5,6; 2 Timoteo 2:26. Modimo o eletsa go re hodisa, go re golola. Mme ka gore se, se batla phetogo e e heletseng, go shafadiwa tlholego ya rona yotlhe, re tshwanetse ra ineela ka mo go feletseng mo go Ene.
Go tlhabana le bonna ke ntwa e kgolo go di feta tsotlhe. Go ineela bonna, go ineela gotlhe mo thatong ya Modimo, go tisa go kgaratha; mme mowa o tshwanetse wa ineela mo Modimong pele ga o ka shafadiwa go nna boitshepo.
Mmuso wa Modimo ga wa nna jaaka Satane a o kaya, gore o batla go obamelwa mo bofofung le go laola go sena tlhaloganyo. O ikuela ko tlhaloganyong le segakolodi sa motho. “Tlang jaanong re tle re faneng mabaka” ke tlaletso ya Motlhodi go ya ko dibupiwa tse a di tlhodileng. Isaia 1:18. Modimo ga a pateletse thato ya motho. Ga a kake a amogela kobamo e e sa e fiwang ka botlhale le ka bojotlhe ja pelo. Boinelo jo bo pateleditsweng ga bo kake ja godisa tlhaloganyo kgotsa popego ya semowa; go ka dira gore motho e nne roboto fela. Se ga se lenaneo la Motlhodi. O eletsa gore motho a fitlelele ko godimo mo go goleng ga popego ya semowa sa gagwe. O re baya pele masego a ko godimo aa eletsang gore re isa ko go one ka tshegofatso ya Gagwe. O re laletsa gore re ineele mo go Ene, gore a tle a dire thato ya Gagwe mo go rona. Go saletse rona go itlhophela gore, a re batla go gololwa mo bokgobeng ja sebe, gore re tle re nne ba tsaakarolo mo kgololesegong e e galalelang ya bo morwa Modimo.
Mo go ineeleng mo Modimong re tshwanetse ra kgaogana le tsotlhe tse di ka re kgaoganyanang le Ene. Ke sone se Mmoloki a reng “Le fa e le mang wa lona yo sa tlogeleng dilo tsotlhe tsa a nang le tsone, ga a kake a nna morutwana wa Me” Luke 14:33. Sengwe le sengwe se se ka tlosang pelo go tswa mo Modimong se tshwanetswe go tlogelwa. Dikumo ke modingwana wa ba bantsi. Lorato lwa madi, go batla dikhumo, ke keetane e ba boheletseng mo go Satane. Tlotlo le maemo a lehatshe di obamelwa ke setlhopha se sengwe. Botshelo jwa go iketla go le nna kwa ga mothakga, le go sa nneng le boikarabelo bope ke modingwana wa ba bangwe. Mme di keetane tse tsa bokgoba di tshwanetse tsa kgaolwa. Ga re kake ra nna sephatlo se sengwe re le ba Modimo se sengwe re le ba lefatshe. Ga re bana ba Modimo fa re se ba Gagwe ka mo go feletseng
Go na le bao ba ba reng ba direla Modimo, mme ba ikaega mo nonofong tsa bone go tshegetsa molao wa Modimo gore ba nne le popego ya semowa e e siameng le go bona poloko. Dipelo tsa bone ga di tshikhingwe ke lorato le le tseneletseng la ga Keresete, mme ba batla fela go dira ditiro tsa mo Keresete tse di tlhokwang ke Modimo gore batle ba bone go tsena kwa legodimong. Tumelo e ntseng jaana ga e na mosola. Fa Keresete a dutse mo pelong, mowa o tla tladiwa ke lorato lwa Gagwe, o na le boitumelo ja go golagana le Ene, mo e leng gore o tla Mo ngaparela; mme ka ntlha ya sone se, bonna bo tla lebalwa. Lorato lwa ga Keresete e tla nna sone se renang bo botshelong. Bao ba ba ratang Modimo ka mo go feletseng, ga bana go botsa gore ba ka fa Modimo bonnye jo bo kae go Mo kgotsofatsa, ga ba kope ditekanyetso tse di ko tlase, mme maikemisetso a bone ke go dumalana ka mo go feletseng le thato ya Morekolodi wa bone. Ka keletso e tlhaofetseng ba ineela ka bo jotlhe le go bontsha keletlhoko e e lekanang le selo se ba se batlang. Go ipolela gore o Mokeresete mme go sena lorato le le boteng le le tlhalositsweng fano, ke puo fela le bodumedi jo e leng go dira dilo ka tlwaelo.
A o bona e le setlhabelo se se golo thata go ineela gotlhe mo go Kereste? Ipotse potso, Keresete o intiretse eng? Morwa Modimo o file botshelo jotlhe le lorato le go boga go re rekolola. A jaanong rona ba re sa tshwanelwang ke lorato lo lo kanaka, a re ka gana go mo neela dipelo tsa rona? Motsotso mongwe le mongwe re abelwa masego a tshegofatso ya Gagwe, mme ka lobaka lone le, ga re kgone go lemoga ka mo go feletseng, bo teng jwa botlhokakitso le bohutsana jo re rekolotsweng mo go jone. A re ka leba Ene yo maleo a rona a mo tlhabileng, mme re bo re huralela lorato le setlhabelo sa Gagwe? Fa re bona ka fa Morena wa kgalalelo a ikisitseng tlase ka teng, a re ka ngongorega gore re ka tsena fela mo botshelong jo bosakhutleng ka go sotlega le go ikisa tlase?
Pelo e e tletseng boikgodiso ya re, “ke eng ke tshwanetse go ikisa ko tlase pele ga ke ka nna le bosupi jwa go amogelwa ke Modimo?” Karabo ke gore leba Keresete. O ne a sena boleo, le go feta fa, E ne e le Kgosana ya legodimo; mme mo boemong jwa motho, O ne a nna boleo jwa lesika la motho. “O ne a balelwa le batlodi, O ne a rwele boleo jwa batho ba bantsi, le batlodi a ba rapelela thata” Isaia 53:12
Mme gone, re kgaogana le eng fa re ineela ka gotlhe? Pelo e e tletseng boleo, gore Jeso a e phepafatse, le go e boloka ka lorato la Gagwe le le sa tshwantshiweng le sepe. Mme batho ba akanya gore go thata go ineela gotlhe! Ke tlhabiwa ke ditlhong go utlwa go buiwa, ke tlhabiwa ke ditlhong go kwala ka gone.
Modimo ga a batle gore re ka kgaogana le sepe se se botlhokwa mo go rona. Mo go tsotlhe tse a di dirang wa bo labile gore se se botlhokwa ke eng mo go rona. Fa batho ba ne ba ka lemoga gore Jeso o ba tsholetse dimpho tse di botoka go na le tse ba di batlang, ba ne ba tla mo sala morago ba le bantsi. Motho o gobatsa mowa wa gagwe mo go golo le go sa iterele sentle fa a akanya le go dira kgatlhanong le thato ya Modimo. Ga gona boitumelo ja nnete jo bo ka fitlhelwang mo tseleng e e sa letelelwang ke Ene yo a itseng se se siameng le se a se baakanyeditseng dibopiwa tsa Gagwe. Tsela ya go tlola molao wa Modimo ke tsela ya bohutsana le tshenyego.
Ke phoso go akanya gore Modimo o a itumela fa bana ba Gagwe ba boga. Legodimo lotlhe le kgatlhegela boitumelo jwa motho. Rara wa rona wa legodimo ga a tswalela metswedi ya boitumelo mo go ope wa dibopiwa tsa Gagwe. Ditsetla tsa Modimo di re lopa gore re iphape mo go tsotlhe tse di tla tisang tshotlego le maswabi, tse di tla tswalang kgoro ya boitumelo le legodimo. Mmoloki wa lefatshe o amogela batho jaaka ba ntse, ka letlhoko lotlhe la bone, ditshokamo le makowa a bone; mme gaa kitla fela a tlhatswa maleo a bone, le go ba rekolola ka madi a Gagwe, mme o tla kgotsofatsa pelo ya botlhe ba ba itetlang go rwala joke ya Gagwe, go rwala morwalo wa Gagwe. Ke maikaelolo a Gagwe gore a fe kagiso le boikhutso, botlhe ba ba tlang kwa go Ene go batla senkgwe sa botshelo. O bata gore re dire tseo fela tse di tla isang dikgato tsa rona ko godimo ko boitumelong ko ba ba seng kutlo ba ka sekeng ba ye teng. Botshelo jwa boitumelo jwa nnete ke go nna le Keresete mo pelong, tsholofelo ya kgalalelo.
Bontsi bo botsa gore, “ke tla ineela jang mo Modimong?” O eletsa go ineela mo go Ene, mme o bokowa mo nonong ya semowa, o mo bokgobeng jwa go belaela, o laolwa ke mekgwa ya botshelo jwa gago jwa boleo. Ditsholofetso tsa gago le maitlamo a gago a tshwana le dithapo tsa mmu. Ga o kgone go lalola dikakanyo tsa gago, maikutlo a gago. Kitso ya ditsholofetso le maitlamo a gago a o a boetseng morago, a kowafatsa tshepo ya gago mo go wena, gore a mme o ntse o tlhwafetse, le go dira gore o akanye gore Modimo ga a kake a go amogela; mme ga o a tshwanela go itlhoboga. Se o tshwanetseng wa se tlhaloganya ke nonofo ya nnete ya thato ya gago. E ke yone nonofo e e lalolang tlholego ya motho, nonofo ya boitlhophelo. Sengwe le sengwe se ikaegile mo tshwetsong ya nnete ya thato ya gago. Nonofo ya boitlhophelo; e neilwe motho gore a e dirise. Ka bo wena ga o ka ke wa fetola pelo ya gago, gao kake ka bo wena wa neela Modimo maikutlo a gago; mme o ka itlhophela go direla Modimo. O ka mo neela thato ya gago; Ke gone Modimo a tla dirang mo go wena thato ya Gagwe ka fa go rateng ga Gagwe. Ka jalo tlholego ya gago yotlhe e tla ka fa tlase ga taolo ya Mowa wa ga Keresete; maikutlo a gago a tla bo a ikaegile mo go Ene, dikakanyo tsa gago di tla bo di tsamaelana le Ene.
Dikeletso tsa go nna tshiamo le boitshepo di siame; mme fa o ema gone fa, ga go na go nna le mosola ope. Bontsi bo ya go latlhega ka ntlha ya go eletsa le go batla go nna Bakeresete. Ga ba tle ko ntlheng ya go neela Modimo thato ya bone. Ga ba itlhophelo gone gompieno go nna Bakeresete.
Ka go dirisa thato ya gago ka mo go tshwanetseng, phetogo e e feletseng e ka direga mo botshelong jwa gago. Ka go neela Keresete thato ya gago, o tshwaragana le nonofo e e ko godimo ga di nonofo tsotlhe. O tlaa nna le nonofo go tswa ko godimo go go tshwara ka thata, mme ka go go tswelela o ineela mo Modimong o tla kgona go tshela botshelo jo bo sha, jo e leng botshelo jwa tumelo.
Kgaolo 6 : Tumelo le kamogelo
Jaaka segakolodi sa gago se tsositswe ke Mowa O Boitshepo, o lemogile sengwe ka bo maswe ja boleo, ka nonofo ya jone, ka molato wa jone, le ditlamorago tsa jone; ka jalo o bo leba ka letlhoo. O bona gore boleo bo go kgaogantse le Modimo, le gore o le golegwa la nonofo ya bosula. Mme ka fa o kgarathang ka teng o leka go halola, ke ka fa o lemogang ka teng bokowa ja gago. Maikaelelo a gago ga a itsheka; pelo ya gago e leswe. O bona go re botshelo jwa gago bo tletse bopelotshetlha le boleo. O eletsa go itshwarelwa, go tlhatswiwa, go gololwa. Go dumalana le Modimo, go tshwana le Ene, o ka dire eng go re o kgone se?
Ke kagiso e o e tlhokang, boitshwarelo ja Legodimo, boitshwarelo le kagiso le lorato mo pelong. Madi ga a kake a e reka, botlhale ga bo ka jwa e bona; ga o kake wa e bona ka nonofo ya gago. Mme Modimo o go e fa jaaka mpho, “go sa batiwe madi, go se na tuelo ” Isaia 55:1 Ke ya gago fa o otolola seatla sa gago o e tsaya. Morena a re, “Le fa dibe tsa lona di le dihubidu jaaka madi, di tla nna di tshweu jaaka kapoko” Isaia 1:18 “Ke tla lo naya pelo e ntšha, Ke tsenya mowa o mosha mo tleng ga lona” Esekiele 36:26
O ipoletse dibe tsa gago, le mo pelong o kgaogane le tsone. O itlamile go ineela mo Modimong. Jaanong ya ko go Ene, o kope gore a tlhatswe dibe tsago, le gore a go fe pelo e ntšha. Jaanong dumela gore O dirile jalo ka gore O go solofeditse jalo. E ke yone thuto e Keresete a rutileng fa a santse a le mo lefatsheng, gore mpho e Modimo a e re solofetsang, re tshwanetse ra dumela gore re tla e amogela, ke ya rona. Jeso o ne a fodisa batho malwetse a bone fa ba na le tumelo mo nonofong ya Gagwe; O ne a ba thusa mo dilong tse ba neng ba di bona, ka jalo O ne a ba fa tshepho mo go Ene mabapi le dilo tse ba neng ba sa di bone ka matlho, mo e leng gore go no go ba fa tumelo ya gore o ka ba itshwarela dibe. Se o se buile phatlalatsa fa a fodisa monna yo o suleng mhama: “Mme lo tla lemoga gore Morwa-Motho o na le thata mo lefatsheng go itswarela dibe! Ke fa a raya yo o suleng mhama a re, Tsoga o tseye bolao jwa gago, o ye kwa ntlong ya gago!” Mathaio 9:6 Le Johane fa a bua ka dikgakgamatso tse Keresete O neng a di dira, a re “Mme tse, di kwadilwe gore lo dumela fa Jeso e le Keresete, Morwa Modimo; le gore lo bone botshelo mo ineng la gagwe ka go dumela” Johane 20:31
Go tswa mo polelong e e motlhofo ya ka fa Jeso a neng a fodisa malwetse, re ka ithuta sengwe ka fa re ka dumelang mo go Ene ka teng go itshwarela dibe. A re lebe polelo ya yo a neng a sule mhama ko Betheseta. Molwetse o ne a sena nonofo e pe mo go ene; o ne sa dirisa maoto a gagwe dingwaga di le 38. Mme Jeso o ne a mo raya a re, “Tsoga, tsaya bolao ja gago o tsamaye”. Monna yo lwalang o ka ne a reile Jeso a re “Morena, fa o ka mphodisa, ke tla dira jaaka o bua” Mme, nnyaa, o ne a dumela mafoko a ga Keresete, o ne a dumela gore o fodile, mme a dira maiteko a go tsamaya gone nako eo; thato ya gagwe e ne e le go tsamaya, mme a tsamaya. O ne a dira se mafoko a ga Keresete a neng a se bua, mme Modimo wa mo fa thata, mme a fola.
Ka mo go tshwanang wena o le moleofi. Ga o kake wa hetola pelo ya gago wa itira boitshepo. Mme Modimo o go solofetsa go dira tse tsotlhe ka Keresete. O dumela tsholofetso e. O ipolela dibe tsa gago o bo o ineela mo Modimong. Thato ya gago ke gore o mo direle. Mme fa o dira se, Modimo o tla diragatsa lefoko lwa Gagwe mo go wena. Fa o dumela tsholofetso ya Gagwe, ya gore o itshwaretswe le gore o tlhatswitswe, Modimo o tla netefatsa; o bo o fola semowa, fela jaaka Keresete a ne aa fa yo suleng mhama thata ya go tsamaya fa molwetse a ne a dumela gore o fodile. Go tla nna fela jalo fa o dumela.
O se ka wa leta gore o ikutlwe o fodile mo moweng, mme o re, “Ke a dumela, e seng ka gore ke ikutlwa jalo, mme ka gore Modimo o ntsolofeditse”
Jeso a re, “Tsotlhe tse le di kopang, lo rapela, le fa e ka nna eng, lo dumele gore lo di amogetse, mme lo tla di bona” Mareko 11:24. Go na le se re tshwanetseng ke go se dira pele ga tsholofetso e e ka diragala; re tshwanetse ra rapela ka fa thatong ya Modimo. Mme ke go rata ga Modimo go tlhatswa maleo a rona, go re dira bana ga Gagwe, le gore kgontsha go tshela botshelo jo bo boitshepo. Ka jalo re ka kopa masego a, le go dumela gore re a amogetse, le go leboga Modimo gore re a amogetse. Ke tshono ya rona go ya ko go Jeso go tlhatswiwa, le go ema fa pele ga molao re sa tlhabiwe ke ditlhong. “Ke gone jaanong go se nang tshekiso epe mo go bone ba ba mo go Keresete Jeso, ba ba sa tsamayeng ka fa nameng, mme ba tsamaya ka fa Moweng” Baroma 8:1
Go tswa fano ga o sa tlhola o itshelela; gonne o rekilwe ka tlhotlhwa e kgolo. “Lo rekolotswe e seng ka dilo tse di bolang jaaka solefera le gauta; fa e se ka madi a a tlhokegang a kwana e e senang bogole le fa e le selabe, e bong madi a ga Keresete” 1 Petere 1:18,19. Ka yone tsela e e motlhofo ya go dumela, Mowa O Boitshepo o tsetse botshelo jo bo ntšha mo pelong ya gago.
Jaanong ka gore o ineetse mo go Jeso, se boele ko morago, se intshe mo go Ene, mme tsatsi le letsatsi o re, “ Ke wa ga Keresete; ke ineetse mo go Ene” Mo kope gore a go fe Mowa wa Gagwe go go tshegetsa ka tshegofatso ya Gagwe. Ke ka go ineela mo Modimong, le go dumela mo go Ene, o nnang ngwana wa Modimo, mme fela jalo o tla tshela mo go Ene. Mo apostolo a re “Ke gone, jaaka lo amogetse Keresete Jeso Morena, lo tsamaye mo go Ene fela jalo” Bakolosa 2:6
Bangwe ba akanya gore ba tshwanetse go nna sebaka se se rileng, ba supentsa Morena gore ba hetogile, pele ga ba ka amogela masego a Gagwe. Mme ba ka amogela masego a Gagwe le gone gompieno. Ba tshwanetse go nna le tshegofatso, Mowa wa ga Keresete, go ba thusa mo bokoweng ja bone, e seng jalo ga ba kake ba lwantsha bosula. Jeso o rata gore re te ko go Ene fela jaaka re ntse, re tletse boleo, re le bokowa, re ikaega mo go Ene. Re ka tla ka makowa a rona, bomatla jwa rona, maleo a rona ko dinaong tsa Gagwe ka boikotlhao. Ke kgalalelo ya Gagwe gore atlarela ka matsogo a Gagwe a lorato le go hodisa dintho tsa rona, go re tlhatswa mo lesweng lotlhe la boleo.
Fa ke fa gore bontsi bo palelwang; ga ba dumela gore Jeso o wa ba itshwarela, bone ka bongwefela ja bone. Ga ba tseye lefoko la Modimo jaaka le ntse. Ke tshono ya botlhe gore ba itse ka bo bone gore ha ba dira tse ditlhokegang ba tla itshwarelwa boleo bongwe le bongwe. Tlosa fa pele ga gago pelaelo ya gore ditsholofetso tsa Modimo ga di reye wena. Di diretswe moleofi mongwe le mongwe yo o ikwatlhayang. Thata le tshegofatso di tlisiwa ke baengele ka Keresete ko go mongwe le mongwe yo o dumelang. Ga gona ba ba leofileng mo go tona mo e leng gore ga ba kake ba bona thata, bophepa, le tshiamo mo go Jeso, yo o ba swetseng. O emetse go ba tlosa diaparo tse di lesofaditsweng ke boleo, le go ba apesa diaporo tse ditshweu tsa tshiamo; O ba raya a re ba tshele ba seka ba swa.
Modimo ga a diresane le rona jaaka batho ba diresanang le ba ba ngwe ka teng. Di kakanyo tsa Gagwe ke tsa boutlwelo botlhoko, lorato le bo pelo tlhomogi. A re, “A moekepi a latlhe tsela ya gagwe, le motho yo sa siamang megopolo ya gagwe, a a boele kwa go Jehofa, mme o tla mo utlwela botlhoko; le kwa Modimong wa rona, gonne o tla itshwarelwa ka botlalo” “Ke phimotse maleo a gago jaaka maru a kwenneng le dibe tsa gago jaaka leru” Isaia 55:7; 44:22.
“Gonne ga ke na kgatlhego epe mo go yo swang, bo bua Morena Modimo; mme ke gone retologang, lo tshele” Esekiele 18:32. Satane o ikemeseditse go phamola masego a Modimo. O batla go ntsha tsholofelo le lesedi lengwe le lengwe mo moweng; mme o seka wa moleta go dira jalo. O seka wa reetsa moraedi, mme o re, “Jeso o sule gore ke tsele. O a nthata , mme ga a batle gore ke nyelele. Ke na le Rara yo o boutlwelo botlhoko; le fa ke sa dirisa lorato lwa Gagwe sentle, le fa masego a a mphileng a sa diriswa ka mo go tshwanetseng, ke tla tsoga ke ya ko go Rara, ke re ‘ Ke leofetse legodimo, le Wena, ga ke a tshwanela go tlhola ke bediwa ngwana wa Gago; ntira jaaka mongwe wa batlhanka ba Gago ba o ba hirileng’” Setshantso se bua kafa molatlhegi a tla amogelwang ka teng: “Ya re a sa ntse a le kgakala, rragwe a mmona, a tlhomoga pelo, a taboga, a wela mo thamong ya gagwe, a mo atla” Luke 15:18-20
Mme le fa setshwantso se se supa boutlwelo botlhoko, se tlhaela thata mo go supeng boutlwelo botlhoko jo bo sa feleng ja Rara wa rona wa Legodimo. Morena o bua ka moporofiti wa Gagwe a re “Ke lo ratile ka lorato lele sa feleng” Fa moleofi a santse a le kgakala le ntlo ya ga Rragwe, a senya madi a gagwe ko lefatsheng le sele, pelo ya ga Rragwe e mo tlhwafaletse, e gopala ka ene; keletso nngwe le nngwe e e tsogang mo moweng ya go boela ko Modimong ke Mowa wa Gagwe, o a goga, o kopa molatlhegi gore a boele ko pelong ya Gagwe ya lorato.
Ka gore ditsholofetso tsa Baebele tse di ntsi di fa pele gago, a o ka fa pelaelo bonno mo pelong ya gago? A o ka dumela gore fa moleofi wa mogolo a eletsa go boa, go tlogela maleo a gagwe, Morena o ka mo thibela gore a tle ko dinaong tsa Gagwe ka boikotlhao? Kgaphela kgakala dikakanyo tse di ntseng jalo! Ga go na se se ka utlwisang mowa wa gago botlhoko go feta kakanyo e ntseng jaana ya ga Rara wa rona wa legodimo. O ila boleo, mme O rata moleofi, O intshitse setlhabelo ka Keresete, gore botlhe ba ba eletsang ba bolokiwe ba nne le masego a a sa feleng mo bogosing jwa kgalalelo. Tota o ne a ka supa lorato lwa Gagwe mo go rona jang go feta se a se dirileng? A re, “A mosadi o ka lebala losea lwa gagwe lo lo anyang, gore a tle a se ka a tlhomogela ngwana wa gagwe pelo? Ee, bao ba ka lebala, mme wena, le fa go ntse jalo ga nketla ke go lebala”Iasaia 49:15
Leba ko godimo, wena yo o belaelang ebile o roroma; ka gore Jeso o a tshela go go buelela. Leboga Modimo gore a bo a go file mpho ya ga Jeso, o bo o rapele go re a se ka a bo a go swetse lefele. Mowa o o Boitshepo wa go laletsa tsatsi jeno. Tlaa kwa go Jeso ka pelo ya gago yotlhe, mme o amogele masego a tswang kwa go Ene.
Jaaka o bala ka ditsholofetso tsa Gagwe, gakologelwa gore ke mafoko a lorato le bopelotlhomogi. Pelo e kgolo ya Lorato Lo Lo Sa Feleng e gogelwa ko moleofing ka boutlwelo botlhoko jo bo senang bokhutlo. “Re rekolotswe ka madi a Gagwe, e bong boitshwarelo jwa dibe tsa rona” Baefesia 1:7. Ee, dumela fela go re Modimo ke mothusi wa rona. Modimo o batla go busetsa tshwano ya Gagwe mo go rona. Jaaka re mo atumela ka go ipolela maleo le boikotlhao, Modimo o tlaa re atumela ka boutlwelo botlhoko le boitshwarelo jwa dibe.
Kgaolo 7: Sesupo sa nnete sa gore o morutwana wa ga Keresete
“Fa motho a le mo go Keresete, ke sebopiwa se seša, dilo tsa bogologolo di fitile; bonang, di ntse dintšha” 2 Bakorintha 5:17
Motho a ka tswa a sa itse nako e e tlhomameng kgotsa lefelo le le tlhomameng, kana a sa kgone go latisisa mabaka otlhe a a diragetseng gore a sokologe; mme se ga se reye gore ga a sokologa. Kereste o ne a raya Nikodimase a re, “Phefo e fokela kwa e go ratang, mme o utlwa go suma ga yone, mme ga o itse kwa e tswang le kwa e yang teng; mme mongwe le mongwe yo o tsetsweng ke Mowa o ntse jalo” Johane 3:8. Jaaka phefo, e e sa bonweng, mme ditiro tsa yone di bonwa ebile di utlwala, mme fela jalo le Mowa wa Modimo o dira tiro ya one mo pelong ya motho. Nonofo e ntšhafatsang pelo, e e sa bonweng ke motho, e tsala botshelo jo bo ntšha mo moweng; e tlhola sebopiwa se se ntsha mo tshwanong ya Modimo. Le fa tiro ya Mowa o Boitshepo o didimetse, maduo a one a tla bonala. Fa pelo e ntšhafaditswe ke Mowa wa Modimo, botshelo bo tlaa fa bosupi ja gore go ntse jalo. Le fa re ka se dire sepe go fetola dipelo tsa rona kana go itisa go utlwana le Modimo; le fa re sa tshwanela go tshepha mo ditirong tsa rona tse di molemo, mme matshelo a rona a tlaa senola gore a tshegofatso ya Modimo e mo go rona kana nnyaa. Phetogo e tla bonala mo maitseong, mo mokgweng, mo dilong tse diratiwang. Pharologanyo e tla bonala fa gare dilo tse di dirilweng nako e e fitileng le tsa gampieno. Maitseo ga a senolwe ke go dira ditiro tse di molemo kana tse di bosula nako e nngwe, mme a senolwa ke go di dira ka dinako tsotlhe ka gore ke tlwaelo.
Ke nnete fa gongwe go ka nna phetogo e e siameng ka fa ntle go sena nonofo ya ga Keresete e e ntšhafatsang. Lorato lwa go batla go nna le tlhotlheletso mo go ba bangwe le keletso ya go ratwa ke batho go ka dira botshelo jo bo siameng. Go itlotla go ka re dira gore re se ka ra nna le tebego ya bosula. Pelo e bogagapa e ka dira di tiro tsa bo peletshweu. Re ka itsi jang gore re ka fa lotlhakoreng le fe?
Ke mang yo o tsotseng pelo? Dikakanyo tsa rona di na le mang? Ke mang yo re ratang go bua ka ene? Ke mang yo a tsotseng maikutlo a rona a a molemo le dinonofo tsa rona? Ha re le ba ga Keresete, dikakanyo tsa rona di ka ga Ene. Gotlhe mo re nang le gone go tshwaetswe Ene. Re batla go nna le tshwano ya Gagwe, go hema Mowa wa Gagwe, go dira thato ya Gagwe, le go mo itumedisa mo go sengwe le sengwe.
Bao ba ba nnang dibopiwa tse dintšha mo go Keresete ba tlaa ntsha maungo a Mowa o o Boitshepo, e bong, “lorato, boitumelo, kagiso, bopelotelele, bopelonomi, molemo, tumelo, boingotlo le boikgapo” Bagalatia 5:22. Ga ba kitla ba dira dithato tsa bone tse di fitileng, mme ka tumelo mo go Morwa wa Modimo ba tlaa sala morago dikgato tsa Gaggwe, ba supa maitseo a Gagwe, ba itshekile fela jaaka Ene a le boitshepo. Dilo tse ba neng ba di ila jaanong ba a di rata, le dilo tse ba neng ba di rata jaanong ba a di ila. Yo a ntseng a na le boikgodiso jaanong o nna bonolo le boikokobetso mo pelong. Yo e ntseng e le letagawa jaanong o a bo tlogela. Yo a ntseng a dirisa madi kgotsa dilo tsa gagwe botlhatswa jaanong o tlogela mokgwa o maswe o. Meaparo ya lefatshe ya mekgabo ya “mponang” jaanong e seegelwa ka fa thoko. Bakeresete ga ba kitla ba batla “go kgaba mo go kwa ntle” mme ba tla batla “motho yo o sa bonaleng wa pelo, le ka diaparo tse di sa boleng tsa mowa wa boikokobetso le tidimalo” 1 Petere 3:3,4
Ga go na tshupo ya boikotlhao jwa nnete fa go sena phetogo. Fa motho a bosetsa sekoloto kgotsa se a se solofeditseng yo mongwe, a bosetsa dilo tse a di utswileng, a ipolela maleo a gagwe, le go rata Modimo le bangwe ka ene, moleofi o ka nna le tshepo ya go re o dule go tswa kwa losong go ya kwa botshelong.
Fa jaaka batho ba ba nang le diphoso, ba ba leofileng, re tla kwa go Keresete, e bo re fiwa tshegofatso ya boitshwarelo, lorato lo tla tlhoga mo pelong. Morwalo mongwe le mongwe o nna motlhofo, ka gore joke e Kereste a re e rwesang e motlhofo. Tiro e dirwa ka boitumelo, le setlhabelo se se batliwang mo go rona re tla se dira ka boitumelo le kgololesego. Tsela e pele e neng e lebega e le lefifi, jaanong e boneswa ka lesedi la marang a Letsatsi la Tshiamo.
Bontle jwa mokgwa wa ga Keresete bo tlaa bonwa mo balateding ba Gagwe. E ne e le boitumelo jwa Gagwe go dira go rata ga Modimo. Lorato go ya kwa Modimong, go tlhwafalela go mo galaletsa, e ne e le yone nonofo e e neng e lalola botshelo jwa Mmoloki. Lorato lo no lo ntlafatsa gape le fa seriti ditiro tshotlhe tsa Gagwe. Lorato lo tswa ko Modimong. Pelo e e sa ntšhafadiwang ga e kake ya nna le lone. Lo fitlhelwa fela mo pelong e Jeso a renang mo go yone. “Rona re a rata, ka gobo O re ratile pele” 1 Johane 4:19. Mo pelong e e ntšhafaditseng ka tshegofatso ya Modimo, lorato ke lone lo laolang tiro yotlhe. Lo hetola maitseo, lo laola maikutlo, lo ritibatsa letlhoo gape lo naya seriti tsotlhe tse motho a di dirang. Lorato lo, fa lo rena mo moweng, lo natifisa botshelo le go tlhotlheletso ba bangwe ka mo go siameng.
Go na le diphoso tse pedi tse bana ba Modimo ba tshwanetsweng ke go disa kgatlhanong le tsone, bogolo jang ba e leng gone ba tlang go tshepha tshegofatso ya Gagwe. Ya ntlha, re setse re e buile, ya go lebelela ditiro tsa rona, re tshepha ditiro tse re ka di dirang, go re nne le kutlwano le Modimo. Yo o lekang go nna boitshepo ka ditiro tsa gagwe ka go tshegetsa molao, o leka se se sa kgonagaleng. Tsotlhe tse motho a ka di dirang ko ntle ga ga Keresete di losofaditswe ke bopelotshetlha le boleo. Ke tshegofatso ya ga Keresete e le esi, ka tumelo e e ka re dirang boitshepo.
Phoso ya bobedi e e ganetsang e e fa godimo, mme le yone e le borai, ke tumelo ya go re Keresete o re golotse mo go tshegetseng molao wa Modimo; ka gore ka tumelo e le esi re nna baabediwa ba tshegofatso ya ga Keresete, ditiro tsa rona ga di na mosola mo thekololong ya rona.
Mme e la tlhoko gore go obamela molao ga se fela go dira ka fa ntle se se tlhokegang, mme ke tiro ya lorato. Molao wa Modimo ke go bontsha tlholego ya Gagwe; ke molaomotheo wa lorato, ka jalo ke motheo wa puso ya Gagwe ko legodimong le mo lefatsheng. Fa dipelo tsa rona di ntšhafaditswe mo tshwanong ya Modimo, fa lorato la bomodimo lo jwetswe mo moweng, a molao wa Modimo ga o na go diragadiwa mo botshelong? Fa lorato lo jwadilwe mo pelong, fa motho a ntšhafaditswe ka fa tshwanong ya Modimo, tshololetso ya kgolaganyo e ntšha e ya diragatswa, ya gore, “Ke tlaa baya melao ya me mo dipelong tsa bone, le mo tlhaloganyong ya bone ke tlaa e kwala” Bahebera 10:16. Mme fa molao o kwadilwe mo pelong, a ga o na go laola botshelo? Go obamela molao wa Modimo, go supa lorato mo Modimong, ke yone tshupo ya nnete ya gore o morutwana wa ga Kereste. Baebele ya re “Lo ke lone lorato lwa Modimo, gore re tshegetsa molao wa Gagwe” “Yo a reng ke a mo itse, mme a sa tshegetse melao ya Gagwe, o maaka, boammaruri ga bo yo mo go ene” 1 Johane 5:3; 2:4. Go na le gore motho a gololwe mo go obameleng molao, ke tumelo e le esi e e re dirang go re amogele tshegofatso ya ga Kereste, gore re kgone go obamela molao.
Ga re reke poloko ka go obamela ditaolo tsa Modimo; ka gore poloko ke mpho ya mahala go tswa ko Modimong, go amogelwa ka tumelo. Mme go abamela ditaolo tsa Modimo ke leungo la tumelo. “Lo a itse fa a bonaditswe go tlosa maleo a rona; le go re mo go Ene ga go na boleo. Le fa e le mang yo a nnelang ruri mo go Ene ga a leofe: le fa e leng mang yo o leofang ga ise a mmone, le fa e le go Mo itse” 1 Johane 3:5,6. Fa ke gone teko ya boammaruri. Fa re nnetse ruri mo go Keresete, fa lorato lwa Modimo le ntse mo go rona, maikutlo a rona, maitemogelo a rona, ditiro tsa rona, di tla utlwana le Modimo jaaka go tlhalosiwa ka molao wa Gagwe o o boitshepo. “bananyana, a motho ope a sa lo tsietse: yo a dirang tshiamo o tshiamo, fela jaaka le Ene a le tshiamo ” 1 Johane 3:7. Tshiamo e tlhalosiwa ka ditaolo tse some tsa Modimo tse di boitshepo jaaka di filwe mo thabeng ya Sinai.
Tumelo e go tweng ke ya ga Keresete e e gololang batho mo go tshegetseng melao ya Modimo, ga se tumelo, mme ke kakanyo fela “Gonne lo bolokilwe ka tshegofatso ka tumelo” mme “tumelo ga e sena ditiro e sule” Baefesia 2:8; Jakobe 2:17. Jeso fa a bua ka ga Ene pele ga a tla mo lefatsheng, a re “Ke itumelela thata go dira go rata ga Gago, Modimo ya me; ee molao wa Gago o mo teng ga pelo ya me” Pesalema 40:8. Le pele ga a tlhatlogela kwa legodimong A re, “Ke tshegeditse ditaolo tsa ga Rre, mme ke ntse mo loratong lwa Gagwe” Johane 15:10. Baebele ya re, “Ke gone ka fa re ka itseng ka teng fa re mo itse, fa re tshegetsa ditaolo tsa Gagwe….Yo a reng o ntse mo go Ene, o tshwanetse a bo a tsamaya fela jaaka a (Jeso Keresete) a kile a tsamaya” 1 Johane 2:3-6. “Gonne Keresete le ene o bogile botlhoko mo boemong jwa rona, a lo tlogelela sekao, gore lo tsamaye mo dikgatong tsa Gagwe” 1 Petere 2:21.
Mabaka a go fiwa botshelo jo bosathutleng a ntse fela jaaka a ne a ntse ko tshimologong, ko Paradaese pele ga batsadi ba rona ba ntlha ba wa mo tumelong, e bong, go obamela ditaolo tsa Modimo ka bophepa, bophepa jwa tshiamo. Fa botshelo jo bosakhutleng bo ne bo fiwa ka mabaka a a tlhaelang mo go a a tswang go buiwa, boitumelo jwa lobopo lotlhe bo ne bo ka nna mo kotsing. Tsela e ne e tla bo e butswe ya boleo le ditlamorago tsa yone tsa bohutsana gore bo nnele ruri ka bosakhutleng.
Go ne go kgonega go re Adamo pele ga go wa ga gagwe, a betle mokgwa o o tshiamo ka go obamela ditaolo tsa Modimo. Mme o ne a palelwa ke go dira se, mme ka ntlha ya boleo jwa gagwe tlholego ya rona e ole, mme ga re ka ke ra itira tshiamo ka borona. Ka gore re tletse boleo, ga re boitshepo, ga re kake ra obamela ka bophepa molao o o boitshepo wa Modimo. Ga re na tshiamo e e leng ya rona go ka dira se molao wa Modimo o se batlang. Mme Keresete o re diretse tsela ya phalolo. O ne a tshela mo lefatsheng fa gare ga mathata le ditlhaelo tse di tshwanang le tse re kopanang le tsone. O ne a tshela botshelo jo bo senang boleo. O ne a re swela, jaanong O re baya pele mpho ya go re fa tshiamo ya Gagwe a bo a tsaya maleo a rona. Fa o ineela mo go Ene, o bo o mo amogela jaaka Morena wa gago le Mmoloki, le ntswa botshelo jwa gago bo no bo tletse boleo, ka ntlha ya Gagwe o balelwa tshiamo. Mokgwa kgotsa popego ya ga Keresete e ema boemong jwa gago, mme o bo o amogelwa fa pele ga Modimo jaaka o kare ga o ise o ko o leofe.
Go feta se, Keresete o fetola pelo ya gago. O nna mo pelong ka tumelo. O tshwanetse wa tswelela ka bokopano jo le Keresete ka tumelo le go tswelela o mo neela thato ya gago; mme fa o tswelela ka go dira se, O tla dira mo go wena go rata ga Gagwe mo go molemo. Go re o tle o re, “Botshelo jo ke botshelang jaanong mo nameng, ke botshela ka tumela ya Morwa Modimo, yo a nthatileng, a bo a ineela losong ka ntlha ya me” Bagalatia 2:20. Fela jalo Jeso a raya barutwana ba Gagwe a re, “Gonne e bo e se lona ba lo buang, mme e le Mowa wa ga Rraeno o o buang mo lo lona” Mathaio 10:20. Mme ka gore Keresete o tla bo a dira mo go wena, o tla bontsha mowa o o tshwanang o bo o dira ditiro tse di tshwanang, ditiro tsa tshiamo, go obamela ditaolo tsa Modimo.
Ka jalo ga gona se re ka ikgantshang ka sone. Ga go na mabaka ape a ka dirang gore re nne le boikgidiso. Tsholofelo ya rona fela e mo tshiamong ya ga Keresete gore re apeseswe ka yone, se e tla nnang Mowa wa Gagwe o dira mo go rona.
Ga re bua ka tumelo, go na le pharologanyo e re tshwanetseng ke go e ela tlhoko. Bo leng teng le nonofo ya Modimo, nnete ya lefoko lwa Gagwe, ke mabaka a le Satane tota le baengele ba gagwe mo pelong ba ka se keng ba a ganetse. Baebele ya re, “le matimone aa dumela, mme a roroma”, mme se ga se tumelo. Jakobe 2:19. Ga go a tshwanela gore go nne le tumelo mo lefokong lwa Gagwe fela, mme go nne le boineelo jwa thato mo go Ene; pelo e ineetse mo go Ene, maikutlo a tsepame mo go Ene, ke gone foo go tla nnang le tumelo e e dirang ka lorato gape e phepafatsa mowa wa motho. Ka tumelo e e ntseng jaana pelo o tla ntšhafadiwa mo tshwanong ya Modimo. Mme pelo e e neng e sa kgone gone go laolwa ke molao wa Modimo ka ntlha ya gore e ne e sa ntšhafadiwa, jaanong e itumela mo molaong o o boitshepo, e bo e bua jaaka mopesalema e re, “Ana ke rata molao wa Gago jang! Ke one go tlhatlhanya ga me ka letsatsi lotlhe” Pesalema 119:97 Le gore tshiamo e e batlwang ke molao e diragale mo go rona, “ba re sa tsamaeng ka fa nameng, mme ba tsamaya ka fa Moweng” Baroma 8:1
Go na le bao ba ba itemogetseng boitshwarelo jwa lorato la ga Keresete e bile ba eletsa e le ruri go nna bana ba Modimo, mme ba bona popego kgotsa mokgwa wa bone o se phepa, botshelo jwa bone bo na le diphoso, mme ba itlhaganela go belaela gore botshelo jwa bone bo ntšhafaditswe ke Mowa o o Boitshepo. Ko go bao ke kare, o se ka wa boela ko morago ka boitlhobogo. Re tla tshwanelwa ke go ikoba kgapetsakgapetsa fa dinaong tsa ga Jeso re lela ka ntlha ya diphoso tsa rona, mme ga re a tshwanela go kgobega marapo. Le fa re ka fenngwa ke mmaba, ga re kgaphelwe kwa ntle, ga re tlogelwe le fa e le go ganwa ke Modimo, Nnyaa; Keresete o ka fa letsogong le legolo la Modimo, yo gape a re buelelang. Johane a re, “Dilo tse ke di lo kwalela gore lo se ka lwa leofa. Mme fa mongwe a leofa, re na le Mmueledi kwa go Rara, ebong Jeso Keresete yo o tshiamo” 1 Johane 2:1 Gape o se ka wa lebala mafoko a ga Keresete, “Rara ka bo Ene o lo rata” Johane 16:27. O batla go go busetsa mo go Ene, go bona bo phepa le boitshepo bo bonala mo go wena. Mme fa o ineela mo go Ene, O simoletse tiro e e molemo mo go wena mme o tla e tsweledisa go fitlhela letsatsi la ga Jeso Keresete. Rapela ka tlhwafalo; dumela mo go feletseng. Fa re sa tlhole re tshepha mo nonofong wa rona, a re tshephe mo nonofong ya Morekolodi wa rona, mme re tla mmaka Ene yo e leng botsogo jwa semowa sa rona.
Fa o tswelela o atumela Jeso o tla bona diphoso tsa gago di ntsifala mo matlhong a gago; ka gore pono wa gago e a oketsega, go tlhoka bophepa ga gago go tla bonala ka botlalo fa o itshwantsha le popego ya Gagwe e e phepa. Se ke sesupo sa gore di tsietso tsa ga Satane di latlhegelwa ke nonofo ya tsone mo go wena; le go re Mowa o o Boitshepo o dira mo go wena go go tsosa mo borokong jwa semowa.
Ga go na pelo e e ka nnang le lorato lwa ga Jeso mme ya tlhoka go lemoga boleo jwa yone. Mowa o o fetotsweng ke tshegofatso ya ga Keresete o tla leba ka lorato popego kgotsa mokgwa wa Gagwe o o boitshepo; mme fa re sa bone mokgwa wa rona wa bogole, se ke sesupo se se tletseng sa gore ga re ise re bone bontle le bophepa jwa ga Keresete.
Fa re tlogela go itseela ko godimo, ke gone re tlaa bonang bo phepa jo bo safeleng le bontle jwa Mmoloki wa rona go feta. Go lemoga boleo jwa rona go tla re dira go re re ye kwa go Ene go kopa boitshwarelo; mme fa mowa, o lemoga go tlhoka nonofo ya one, mme o batla Keresete, Ene o tla senola nonofo ya Gagwe. Mme fa letlhoko la rona le re kgoromeletsa kwa go Ene le ko lefokong la Modimo, ke gone re tla nnang le pono e e fa godimo ya mokgwa kgotsa popego ya Gagwe go feta, mme ke gone re tla senolang tshwano ya Gagwe go feta.
Kgaolo 8: Go gola mo go Keresete
Mo Baebeleng phetogo ya pelo e ka yone re nnang bana ba Modimo e bidiwa go tsalwa sesha. Gape e tshwantshiwa le go tlhoga ga peo e jetsweng ke mojwadi. Ka mo go tshwanang bao ba sa tswang go sokologela ko go Keresete ke, “bana ba e le gone ba tsalwang” go “gola” gore ba nne banna le basadi mo go Keresete. 1 Petere 2:2; Baefeso 4:15. Kgotsa jaaka peo e molemo mo tshimong ba tla gola mme ba nna le maungo. Isaia a re ba tla bidiwa “ditlhare tsa tshiamo, tse di jetsweng ke Jehofa, gore a galalediwe” Isaia 61:3. Ka jalo go tswa mo dilong tsa tlholego, dikai di dirilwe gore, di re thuse go tlhaloganya botoka dilo tsa masaitseweng a nnete a semowa.
Botlhale le kitso yotlhe ya motho ga e kake ya tisa botshelo le fa e le mo selong se se botlana go di feta sa tlholego. Ke fela botshelo jo bo tswang ko Modimong se se dirang gore setlhare kgotsa phologolo di tshele. Ka jalo ke fela botshelo jo bo tswang ko Modimong se se ka dirang gore go nne le botshelo jwa semowa mo dipelong tsa batho. Ko ntle ga gore motho a “tsalwe seša” ke gore go tswa ko godimo, ga a kake a nna le kabelano ya botshelo jo Keresete a neng a tla go bo fa motho. Johane 3:3
Fela jaaka go ntse ka botshelo, le ka go gola le gone go ntse fela jalo. Ke Modimo yo a tlhogisang peo go felela e nna leungo. Ke ka nonofo ya Gagwe se se dirang gore peo e tlhoge, “pele go tswe mogwang, morago seako, morago mabele a a tletseng mo seakong” Mareko 4:28. Moporofeti Hosea ha bua ka Iseraela a re, “o tla gola jaaka sethunya” “ba tlaa rulwa jaaka mabele, ba gola jaaka mofine ” Hosea 14:5,7. Jeso a re “e la tlhoko dithunya ka fa di golang ka teng” Luke 12:27. Ditlhare le dithunya ga di gole ka nonofo ya tsone, mme di amogela se Modimo a se di fang go re di gole ditshele. Ngwana ga a kake a ikoketsa dingwaga ka nonofo ya gagwe. Le wena ga o kake wa ikoketsa semowa ka nonofo ya gago. Sejwalo le ngwana di gola ka go amogela go tswa mo tikologong ya tsone se se tla di nayang botshelo, e bong phefo, letsatsi, le dijo. Se dimpho tse tsa tlholego di leng sone mo dijwalong le mo diphologolong, ke se Keresete a leng sone mo go bao ba ba mo tshepang. Ke “Lesedi le le sa khutleng” “letsatsi le thebe” Isaia 60:19; Pesalema 84:11. O tla nna jaaka “monyo mo go Iseraele” “O tla fologa jaaka medupe e e nosang lefatshe” Hose 14:5; Pesalema 72:6. Ke metsi a a tshelang, “Senkgwe sa Modimo…..se se fologang kwa legodimong, se se nayang lefatshe botshelo” Johane 6:33.
Ka mpho e e sa ka keng ya tshwantshiwa le sepe ya Morwae, Modimo o dikologile lefatshe ka mowa wa tshegofatso jaaka phefo e e dikologileng lefatshe. Botlhe ba ba itlhophelang go hema phefo e, e e naya botshelo, batla tshela le go gola go fitlhelela ba le mo seemong sa banna le basadi mo go Keresete. Jaaka sethunya se retologa se lebela kwa letsatsing, gore marang a letsatsi a se thuse gore se gole se nne sentle, le rona fela jalo re tshwanetse ra retologa ra leba ko Letsatsing la Tshiamo, go re lesedi la legodimo le tle le re bonese, go re dipopego tsa rona tsa semowa di tle di godisiwe mo tshwanong ya ga Keresete.
Jeso o ruta selo se se tshwanang fa a re, “Nnang mo go Nna, le Nna mo go lona. Jaaka kala e ka se ke ya ungwa ka yosi, fa e sa nne mo mofineng; go ntse jalo le lona, fa lo sa nne mo go Nna….kwa ntle ga Me ga lo ka ke lwa dira sepe” Johane 15:4,5, O tshwanetse wa ikaega ka Keresete go re o tshele botshelo jo bo boitshepo, fela jaaka kala e ikaegile ka setlhare se e leng mo go sone gore e gole e ungwe. Ko ntle ga Gagwe ga o na botshelo. Ga o na thata ya go lwantsha ditlhaelo kana go gola ka tshegofatso le boitshepo. Fa o nna mo go Ene o ka gola. O tla tsaya botshelo mo go Ene, ga o ka ke wa swaba kgotsa wa nna o sena maungo. O tla nna jaaka setlhare se se jetsweng fa nokeng ya metsi.
Bontsi ba na le kakanyo ya gore ba tshwanetse ba dire tiro e nngwe ba le nosi. Ba tshepile mo go Keresete gore a ba itshwarele maleo, jaanong ba batla gore ka nonofo ya bone ba tshele botshelo jo bo siameng. Maiteko a ntseng jaana a tla palelwa. Jeso a re, “ko ntle ga Me ga o ka ke wa dira sepe”. Kgolo ya rona ka tshegofatso, boitumelo jwa rona, mosola wa rona, tsotlhe di ikaegile mo bokopanong jwa rona le Keresete. Ke fela ka kgolagano le Ene, letsatsi le letsatsi, motsotso le motsotso,re ka golang mo tshegofatsong. Ga se fela Tshimolo ya tumelo ya rona, mme gape ke Bofelelo jwa tumelo. Keresete ke wa ntlha le bofelo le ka nako tsotlhe. O tshwanetse go nna le rona e seng fela ko tshimologong le ko bofelong, mme mo kgatong nngwe le nngwe ya tsela. Dafite a re, “Ke ntse ke tlhomile Jehofa fa pele game ka gale; e re ka a le ka fa letsogong la me le legolo, ga nkitla ke tshikinyega” Pesalema 16:8
A o botsa gore, “ke ka nna mo go Keresete jang?”. Ka tsela e etshwanang e o Mo amogetseng la ntlha. “Ke gone, jaaka lo amogetse Keresete Jeso Morena, lo tsamaye mo go Ene fela jalo” “mosiami wa me o tla tshela ka tumelo”Bakolosa 2:6; Bahebera 10:38. O ineetse mo Modimong, go nna wa Gagwe ka mo go feletseng, go mo direla le go mo obamela, gape o tsere Keresete jaaka Mmoloki wa gago. O ne o ka se ke ka bo wena wa emisetsa maleo a gago kana wa fetola pelo ya gago; mme ka gore o ineetse mo Modimong, o dumela gore ka ntlha ya ga Keresete, Modimo o go diretse tse tsotlhe. Ka tumelo o wa ga Keresete, mme ka tumela o tla gola mo go Ene ka go mo neela gotlhe le go amogela gotlhe. O tshwanetse ya Mo neela gotlhe, pelo ya gago, thato ya gago, bodiredi jwa gago. Ineele mo go Ene go obamela ditaolo tsa Gagwe. Mme o tshwanetse wa tsaya gotlhe, Keresete, botlalo ja masego otlhe, go nna mo pelong ya gago, go nna thata ya gago, tshiamo ya gago, Mothusi wa gago ka bosakhutleng, go go neela nonofo ya go nna kutlo.
Itshwaele Modimo mo maphakeleng fa o tsoga; dira se tiro ya gago ya ntlha. A thapelo ya gago e nne gore, “Ntsaya Morena jaaka wa gago ka mo go feletseng. Ke baya mananeo otlhe a me fa dinaong tsa Gago. Ntirisa tsatsing jeno mo tirong ya Gago. Nna mo go nna, mme a tiro yotlhe ya me e diragadiwe mo go Wena”. Se e tla nna selo sa tsatsi le letsatsi. Moso mongwe le mongwe itshwaele Modimo ka letsatsi leo. Neela Modimo manano a gago otlhe, gore a diragale kgotsa a seka a diragala ka fa Ene a tla laolang ka teng. Ka jalo tsatsi le letsatsi o tla bo o ineela mo diatleng tsa Modimo, mme ka jalo botshelo ja gago bo tla bopiwa ka fa botshelong ja ga Keresete.
Botshelo mo go Keresete ke botshelo jo bo ikhuditseng. Go ka tswa go sena maikutlo a ko godimo a boitumelo, mme go tshwanetse ga nna le tshepo mo pelong. Tsholofelo ya gago ga e mo go wena; e mo go Keresete. Bokoa jwa ga go bo kopantswe le nonofo ya Gagwe, go tlhoka kitso ga gago le kitso ya Gagwe. Ka jalo ga wa tshwanela go iteba, o se ka wa letelela tlhaloganyo ya gago go re e itshetlele mo bonna, mme leba ko go Keresete. A tlhaloganyo e nne mo loratong lwa Gagwe, mo bontleng le bo phepa jwa popego ya mokgwa wa Gagwe. Keresete mo go itimeng bonna, Keresete mo boingotlong, Keresete mo boitshepong, Keresete mo loratong la Gagwe le le se nang selekanyetso, se ke sone se mowa o tshwanetseng wa tlhatlhanya ka sone. Ke ka go mo rata, go mo etsa, go ikaega gotlhelele mo go Ene, fa o tla fetolelwang mo tshwanong ya Gagwe.
Jeso a re, “Nna mo go Nna”. Mafoko a, a tisa kakanyo ya boikhutso, ya go tsepama le go tshepha mo go Ene. Gape o a re laletsa, a re, “Tlang kwa go Nna…. Mme ke tla le naya boitapoloso” Matheo 11:28. Mafoko a mo pesalema a bua ka mo go tshwanang: “Itapolose mo Moreng, mme o Mo lete ka bopelotelele” Le Isaia o fa tlhomamiso ya gore “mo tuulalong le mo go ikanyeng e tla nna thata ya lona” Pesalema 37:7; Isaia 30:15. Boikhutso jo ga bo fitlhelwe mo go sa direng sepe; ka gore mo tlaletsong ya Mmoloki tsholofetso ya boikhutso e kopantswe le tiro: “Ipeleseng jokwe ya Me….mme lo tla bonala mewa ya lona tapologo” Matheo 11:29. Pelo e e ikhuditseng mo go Keresete ka mo go feletseng e tla Mo direla ka mo go feletseng.
Fa pelo e dutse mo bonna, e tla huralela Keresete, motswedi wa nonofo le botshelo. Ka jalo Satane o bereka ka dinako tsotlhe go re a ntshe tlhaloganyo ya motho mo go Keresete go itsa gore go nne le bokopano jwa mowa le Keresete. Menate ya lefatshe, mathata le dikutlobotlhoko tsa botshelo, diphoso tsa ba bangwe, kana tsa gago, Satane o tla leka go isa tlhaloganyo ya gago ko go tsone. O se ka wa tsietswa ke matlhale a gagwe. Bontsi ba segakolodi sa bone se tsogileng, mme ba eletsa go tshelela Modimo, o ba dira gore ba tshepame megopolo ya bone mo diphosong le makowa a bone, mme ka go ba kgaoganya le Keresete a bo a ikaelela go nna mofenyi. Ga re a tshwanela go dira bonna boremelelo ja sengwe le sengwe mme re bo re tshwenyega re nna le letshogo re ipotsa go re a re tla bolokiwa. Tse tsotlhe di retolola mowa go tswa mo motsweding wa nonofo. Neela Modimo mowa wa gago mme o tshephe mo go Ene go re a o tshegetse. Bua le go akanya ka Jeso. A bonna bo lebalwe mo go Ene. Tlosa dipelaelo tsotlhe; o tlose poifo ya gago yotlhe. Bua jaaka mo apostolo Paulo o re, “Ke a tshela; mme ga e tlhole a le nna, ke Keresete yo a tshelang mo go nna: mme botshelo jo ke bo tshelang mo nameng ke bo tshela ka tumelo ya Morwa Modimo, yo a nthatileng, a ba a ineela losong ka ntlha ya me” Bagalatia 2:20. Ikhutse mo Modimong. O wa kgona go somarela se o mo se neetseng. Fa o itlogela no diatleng tsa Gagwe, O tla go naya phenyo ka Ene yo a go ratileng.
Fa Keresete a tsaya tlholego ya motho, O ne a ikopanya le losika la setho ka thapo ya lorato e e sa ka keng ya kgaolwa ke nonofo epe ga e se ene motho a itlhophela go e kgaola. Satane o tla re raela ka dilo tse di ntsi gore re kgaole thapo e gore re itlhophele go kgaogana le Keresete. Fa ke gone re tshwanetseng ra lebelela, ra tlhwafala, ra rapela gore sepe se se ka sa re raela go tlhopha morena o sele; ka gore re gololesegile go dira jalo ka nako tsotlhe. Mme fa re tsepame matlho a rona mo go Keresete, O tla re sireletsa.
Fa re lebile ko go Jeso re sirelegile. Ga go na sepe se se ka re ntshang mo diatleng tsa Gagwe. Ka go leba ko go Ene nako tsotlhe, “re fetolelwa tshwanong eo go tswa kgalalelong e nngwe go ya kgalalelong e nngwe, jaaka go dirwa ke Mowa wa Morena” 2 Bakorinta 3:18.
Ke ka yone tsela e, e barutwana ba ga Jeso ba ntlha ba neng ba fetolelwa mo tshwanong ya Mmoloki. Erile barutwana ba ntlha ba utlwa mafoko a ga Jeso, ba bona gore baa mo tlhoka. Ba mmatla, ba Mo bona, ba Mo sala morago. Ba ne ba na le Ene mo ntlong, fa ba ja dijo, ko ntle ko masimo. Ba ne ba na le Ene jaaka barutwana le morutabana, malatsi otlhe ba amogela dithuto go tswa mo dipounameng tsa Gagwe tse di boitshepo. Ba ne ba mo leba jaaka batlhanka ba batla go itse tiro ya bone go tswa ko moreneng wa bone. Barutwana e ne e le batho ba ba nang “le maikutlo a a tshwanang le a rona” Jakobe 5:17, Ba ne ba lwa ntwa e tshwanang kgatlhanong le boleo. Ba ne ba tlhoka tshegofatso e e tshwanang go tshela botshelo jo bo boitshepo.
Le Johane, morutwana yo a rategang, yo a neng a a na le tshwano ya Mmoloki go ba feta, o ne a sena mokgwa o montle o ka tlholego. O ne a na le go itshepha thata, a rata maemo, a le mafega gape a le bogale fa a ka kgopisiwa. Mme erile a senolelwa popego ya mokgwa wa ga Keresete, o ne a bona bokoa ja gagwe mme a ikokobetsa. Nonofo le bopelotelele, thata le bonolo, botlotlegi le bopelonomi, tse o ne a di bona malatsi otlhe mo botshelong ja Morwa Modimo, mme tsa tlatsa mowa wa gagwe ka kgatlhego le lorato. Tsatsi le letsatsi pelo ya gagwe e ne e gogelwa ko go Keresete, go fitlhelela a sa tlhole a na le bonna mme a tlala ka lorato la Morena wa gagwe. Mokgwa wa go rata maemo le go tlala bogale wa fetolwa ke nonofo ya ga Keresete. Mowa o o boitshepo wa ntšhafatsa pelo ya gagwe. A ke one maduo a bokopano le Jeso. Fa Keresete a dutse mo pelong tlholego yotlhe ya motho e ya fetoga. Mowa wa ga Keresete, lorato la Gagwe, di nolofatsa pelo, di laola mowa le go tsholeletsa dikakanyo ko Modimong le ko legodimong.
Erile Keresete a tlhatlogela kwa legodimong, bo leng jwa Gagwe bo ne bo ntse bo na le balatedi ba Gagwe, bo tletse lesedi le lorato. Jeso, Mmoloki, yo a neng a tsamaya,a bua, a rapela le bone, yo a neng a bua mafoko a tsholofetso le kgomotso mo dipelong tsa bone, o ne ya re molaetsa wa kagiso o santse o le mo dipounameng tsa Gagwe, a tsholediwa go ya kwa legodimong, mme mafoko a Gagwe a utlwala jaaka baegele ba mo amogela mo marung, a re, “Bonang, ke bo ke ntse ke na le lona ka metlha yotlhe, le go ya ko bokhutlong jwa metlha” Mathaio 28:20. O ne a tlhatlogela kwa legodimonga a le mo setshwanong sa motho. Ba ne ba itse go re o fa pele ga setilo sa Modimo,e ntse e le Tsala le Mmoloki wa bone; le gore boutlwelobothoko ja Gagwe ga bo a fetoga; gore o santse a na le kabelano le setho se se sotlegang. O ne a le fa pele ga Modimo a supa boleng ja madi a Gagwe, a supa diatla le dinao tse di tlhabilweng, e le segopotso sa tlhwatlhwa e a e duetseng go rekolola losika lwa motho. Ba ne ba itse gore o tlhatlologetse ko legodimong go ba baakanyetsa manno, le gore o tla boa a tla gape go ba tsaya go ya go nna le Ene.
Erile ba kopana ba ne ba dira dikopo tsa bone ko go Rara mo leineng la ga Jeso. Ba khubama ka masisi mo thapelong, ba boeletsa tsholofetso ya gore, “Fa lo kopa Rara sengwe, o tlaa se lo naya ka leina la Me. Ga lo ise ko lo kope sepe ka leina la Me le gompieno; kopang mme lo tla amogela, gore boitumelo jwa lona bo diragale” Johane 16:23,24. Ba ne ba tsholeletsa seatla sa bone sa tumelo ko go dimo dimo ka mafoko a a reng, “Ke Keresete Jeso yo a neng a swa, ee, bogolo ke ene yo o tsositsweng mo baswing, yo a leng ka fa letsogong le le golo la Modimo, yo gape a re buelelang” Baroma 8:34. Mme Pentakose ya ba tisetsa Mogomotsi, yo Keresete a neng a ba boleletseng go re “O tla nna mo go lona”. Mme gape o ne a rile, “Go ka nna molemo mo go lona fa ke tsamaya, gonne fa ke sa tsamaye, Mogomotsi ga a ketla a tla ko go lona; mme fa ke tsamaya ke tlaa mo romela ko go lona” Johane 14:17; 16:7. Mme go tswa fo, Keresete ka Mowa, o nna ka dinako tsotlhe mo dipelong tsa bana ba Gagwe. Bokopano jwa Gagwe le bone bo ne bo le bo le gaufi thata go feta fa a ne a na le bone ka sebele. Lesedi, le lorato, le nonofo ya ga Keresete yo a dutseng mo pelong di ne di bonala mo matshelong a bone, go fitlhela batho “ba gakgamala; ba ba lemoga fa ba kile ba ne ba nna le Jeso” Ditiro 4:13.
Tsotlhe tse Keresete a neng a leng sone mo barutwaneng, O eletsa go re go nne jalo mo baneng ba Gagwe gompieno; ka go re mo thapelong ya Gagwe ya bofelo pele ga a kgaogana le barutwana, A re, “ga ke rapelele bone ba le esi, mme ke rapelela le bone ba ba tla dumelang mo go nna ka lefoko la bone” Johane 17:20.
Jeso o re rapeletse, mme o ne a kopa gore re nne bangwefela le Ene, fela jaaka a le mongwe le Rara. Ke bokopano jo bo gakgamatsang e le ruri! Mmoloki o bua jaana ka ga Gagwe, “Morwa ga a na go dira sepe ka bo Esi” “Rara yo a leng mo go Nna, ke Ene a dirang ditiro tsa Gagwe” Johane 5:19; 14:10. Ka jalo fa Keresete a dutse mo dipelong tsa rona, O tla dira mo go rona “go rata le go dira ka fa kgatlhegong ya Gagwe” Bafilipi 2:13. Re tla dira jaaka a ne a dira; re tla supa mowa o o tshwanang. Mme re tla mo rata, mme re tla nna mo go Ene, re tla “golela mo go Ene mo dilong tsotlhe, Ene yo e leng tlhogo, e bong Keresete” Baefeso 4:15
Kgaolo 9 : Tiro le botshelo
Modimo ke motswedi wa botshelo, le lesedi le boitumelo mo lefatsheng lotlhe. Jaaka marang a lesedi aa tswang kwa letsatsing, jaaka motswedi wa metsi o tswa kwa nokeng e e tshelang, masego a elela go tswa ko go Ene go ya ko ditsheding tsa Gagwe. Mme gongwe le gongwe ko botshelo ja Modimo bo leng teng mo dipelong tsa batho, botla elela go tswa mo go bone bo ya ko go ba bangwe ka lorato le masego.
Boitumelo jwa Mmoloki wa rona e ne e le go tsholetsa le go rekolola losika la motho le le oleng. Mme se sa dira gore a se ka a rekegela botshelo jwa Gagwe, mme a itshokela mokgoro, le matlhabisa ditlhong. Ka jalo baegele ka nako tsotlhe ba mo tirong ya go itumedisa ba bangwe. Se ke boitumelo jwa bone. Se dipelo tse di tletseng bonna di se tsayang gore ke go ikisa kwa tlase, go direla ba ba hutsafatsang gape ba le kwa tlase ka mekgwa le maemo, ke tiro ya baengele ba e leng gore ga ba ise ko ba leofe. Mowa wa lorato lwa go itima bonna ke wa wa legodimo. O ke one mowa o balatedi ba ga Keresete ba tla nnang le one, ke yone tiro e ba tla e dirang.
Ha lorato lwa ga Keresete le agile mo pelong, le tla tshwana jaaka monko o o nkgang monate, ga o kake wa hithiwa. Tlhotleletso ya one e e boitshepo e tla ama botlhe ba re kopanang nabo. Mowa wa ga Keresete mo pelong o tshwana le nokana e e elelang mo sekakeng, go timola lenyora la botlhe le go dira gore ba ba gaufi le go nyelela, ba tlhaofalele go nwa metsi a botshelo.
Lorato mo go Keresete le tla itshupa ka keletso ya go dira jaaka Keresete a ne a dira go segofatsable go tsholetsa losika lwa motho. Se se tla dira gore go nne le lorato, bonolo le boutlwelobothoko mo dibopiweng tsotlhe tsa ga Rara wa rona wa legodimo. Botshelo jwa Mmoloki mo lefatsheng e ne e se botshelo jwa go iketla le go itshelela, mme O ne a dira ka natla ya Gagwe yotlhe a sa lape go boloka losika lwa motho le le latlhegileng. Go tswa ko bonyenyane ja Gagwe go ya Kalefari o ne a tsamaya tsela ya go itima bonna, mme ga ise a ko a batle gore a gololwe mo tirong tse di thata, mesepele e meleele e e botlhoko le tlhokomelo e e lapisang. O ne a re, “Morwa motho ga a tla go direlwa, mme e le go direla le go neela botshelo jwa Gagwe losong go nna kgololo ya ba bantsi” Mathaio 20:28 Se e ne e le maikaelelo a magolo a botshelo jwa Gagwe. Sengwe le sengwe se ne se tla fa morago ga maikaelelo a. E ne ne e le dijo tsa Gagwe go dira thato ya Modimo le go fetsa tiro ya Gagwe. Bonna bo no bo se na ha bo tsenang teng mo tirong ya Gagwe.
Ka jalo bao ba ba nnang baebedwi ba tshegofatso ya ga Keresete ba tla nna ba le mo seemong sa go intsha setlhabelo, go re ba bangwe ba Keresete a ba swetseng ba nne le kabelano ya mpho ya legodimo. Ba tla dira gotlhe mo ba ka go kgonang gore lefatshe le nne botoka mo banning ba lone. O ke mowa wa motho yo o sokologile ka nnete. Hela ha motho a sena go ineela mo go Keresete go tsalega mo pelong ya gagwe keletso ya go bolelela ba bangwe gore o bone tsala e botlhokwa mo go Keresete; nnete e e bolokang gape e itshepisa ga e kake ya tshwalelwa mo pelong ya gagwe. Ha re apesitswe ka tshiamo ya ga Keresete le go tlatswa ka Mowa wa Gagwe wa Boitumelo, ga re ka ke ra didimala. Fa re latswitse mme ra bona gore Morena o molemo re tla nna le se re ka buang ka sone. Jaaka Filipo a ne a bona Mmoloki, re tla laletsa ba bangwe ko go Ene. Re tla batla go ba supentsha Keresete le dilo tse di sa bonweng tsa lefatshe le le tlang. Go tla nna le go tlhaafalela go tsamaya mo tseleleng e Jeso a tsamaileng mo go yone. Go tla nna ne keletso e kgolo ya gore ba ba re dikologileng ba bone “Kwana ya Modimo e tlosang maleo a lefatshe” Johane 1:29
Mme maiteko a go segofatsa ba bangwe a tla dira gore masego a tle mo go rona. Se e ne e le maikaelelo a Modimo gore re nne le seabe sa bodiredi mo lenaneong la poloko. O file motho sebaka sa go nna moabedwi wa tlholego wa bomodimo gore le ene a tle a abele mong ka ene masego. Se ke tlotla e kgolo le boitumelo jo bogolo tse Modimo a di fileng motho. Bao ba ba nnang le karolo mo tirong ya lorato ba tlisiwa gaufi thata le Motlhodi wa bone.
Modimo o kane a file baegele ba legodimo tiro yotlhe ya mafoko a a molemo, le tiro ya bodiredi jwa lorato. O kane a dirile ka tsela e sele go diragatsa mananeo a Gagwe. Mme ka lorato lwa Gagwe le le sa feleng, O tlhophile gore re nne badire mmogo le Ene, le Keresete le baengele, gore re tle re kopanele masego, boitumelo, go tsholetsega ga semowa, se se dirwang ke bodiredi jo ja go itima bonna.
Re tlisiwa gaufi le Keresete ka botsalano jwa dipogisego tsa Gagwe. Tiro nngwe le nngwe ya go intsha setlhabelo gore ba bangwe ba tle ba segofale go tiisa mowa wa lorato mo pelong ya yo abang, go mo tshwaraganya le Mmoloki wa lefatshe go feta, yo “a neng a humile, le fa go ntse jalo A humanega ka ntlha ya lona…., gore lo tle le hume ka khumanego ya Gagwe” 2 Korintha 8:9. Mme ke gone fela fa re diragatsa bodiredi jwa bomodimo fa botshelo e nnang tshegofatso mo go rona.
Fa o ya go dira jaaka Keresete a batla go re barutwana ba Gagwe ba dire, o mo gapela mewa, o tla ultwa o nna le letlhoko la maitemogelo a ko teng le kitso e fetang e o nang le yone mo dilong tsa bomodimo, mme o tla nna le lenyora la go nna le tshiamo. O tla rapela Modimo, mme tumelo ya gago e tla thatafala, mme mowa wa gago tla nwa ko teng mo sedibeng sa poloko. Fa o kopana le kganetso le diteko di tla go kgoromeletsa ko Baebeleng le thapelo. O tla gola mo tshegofatsong le kitso ya ga Keresete, mme o tla nne le maitemogelo a a humileng mabapi le tumelo.
Mowa wa go direla ba bangwe o sa iteba gore re o boelwa ke eng, go fa boteng le bontle jwa popego ya mokgwa, mme gape go tlisa kagiso le boitumelo mo mothong. Maikaelelo a tsholetsega. Ga go na phatlha ya boitseme le bonna. Bao ba ba dirisang ditshegofatso tsa Sekeresete ka tsela e, ba tlaa gola mme ba nna le thata ya go direla Modimo. Ba tlaa nna le pono e e tlhatswegileng mo dilong tsa simowa, tumelo ee golang malatsi otlhe, le nonofo ee golang mo thapelong. Mowa wa Modimo, jaaka o ama mowa wa bone, o dira gore ba dumelane le dilo tse di itshepileng tsa Modimo. Ka jalo ba ba direlang ba bangwe molemo ba sa leba bonna ba itirela molemo mo polokong ya bone .
Tsela e nngwe fela ya go gola mo tshegofatsong ke go dira se Keresete a re se romileng e leng go direla ba bangwe ka matla a rona otlhe, go ba thusa ba ba tlhokang thuso le go ba segofatsa ka fa re ka kgonang ka teng. Nonofo e tla ka go dira. Ba ba batlang go tswelela ba tshela botshelo ja Sekeresete ka go amogela fela masego a tlang ka ntlha ya tshegofatso, mme ba sa direle Keresete sepe, ba leka go tshela ka go ja ba sa bereke. Mme fela jaaka mo tlholegong le mo semoeng, madou a se, ke go bola. Motho yo o ganang go dirisa matsogo a gagwe, ko bofelelong matsogo ga a na go kgona go dira sepe. Ka jalo Mokeresete yo a sa diriseng dinonofo tse a di filweng ke Modimo ga a kake a gola mo go Keresete, gape o wa go latlhegelwa ke nonofo e a neng a na le yone.
Phuthego ya ga Keresete e tlhomilwe ke Modimo go isa batho polokong. Tlhomo ya yone ke go isa mafoko a a molemo ko lefatsheng. Mme se se ikaegile mo Bakereseteng botlhe. Mongwe le mongwe ka fa a filweng talente le sebaka ka teng, o tshwanetse a diragatsa tlhomo ya Mmoloki. Lorato lwa ga Keresete, lo re lo senoletsweng, lo dira gore re nne ba ba tshwanetseng ke go le senolela ba ba sa mo itseng. Modimo o re file lesedi, e seng gore ke la rona fela, mme e le gore re bonese ba bangwe ka lone.
Fa balatedi ba ga Keresete ba ne ba tlhantse mabapi le tiro ya bone, go ka bo go na le dikete tsa batho tsatsing jeno fa go nang le motho a le mongwe fela, ba gasa mafoko a molemo mo mafatsheng a a sa itseng Morena. Mme ba ba sa kgoneng go dira tiro ya go gasa mafoko a molemo ka bo bone, ba ne ba tla rotloetsa tiro e ka madi, ka tse ba nang le tsone, le ka dithapelo tsa bone. Mme go ne go ka nna le maiteko a tlhaofatse go feta mo go direleng mewa mo mafatsheng a Sekeresete.
Ga go tlhoke gore re ye ko mafatsheng a sele go gasa lefoko la Modimo go direla Kereste, fa tiro ee re lebaneng e le go direla ba ba gaufi le rona. Re ka dira se mo lwapeng, mo phuthegong, bao re dirisanang le bone ka kgwebo.
Bontsi ja nako ya Mmoloki mo lefatsheng e ne e le mo tirong ya go betla ko Nasaretha. Baegele ba ne ba direla Morena wa botshelo jaaka a ne a tsamaya le badiri ka ene, mme ba sa mo itse ba sa mo fe tlotlo. O ne a diragatsa tiro ya Gagwe ka boikanyo fa a bereka mo tirong ya go betla go tshwana fela jaaka a ne a fodisa balwetse kana a tsamaya mo godimo ga makhubu a lewatle la Galaleya. Ka jalo mo ditirong tse di tseelwang ko tlase le mo maemong a kwa tlase a botshelo, re ka tsamaya le go dira le Keresete.
Moapostolo a re, “Bagaetsho, boemo jo motho mongwe le mongwe o biditswemg a le mo go jone, a nne mo go jone a na le Modimo” 1 Bakorintha 7:24. Rre wa kgwebo o ka tsamaisa kgwebo ya gagwe ka tsela e e leng gore e tla galaletsa Morena wa gagwe ka ntlha ya boikanyego jwa gagwe. Fa e le molatedi wa nnete wa ga Keresete o tla tsholetsa tumelo ya gagwe mo go sengwe le sengwe se a se dirang mme o tla supentsha batho mowa wa ga Keresete. Makhenekhe e ka nna mosupi wa Ene yo a neng a tsamaya mo ditseleng tse di kwa tlase tsa botshelo gareng ga dithaba tsa Galalea. Mongwe le mongwe yo a ipitsang ka eina la ga Keresete o tshwanetse a dira ka tsela e e leng gore ba bangwe, fa ba bona ditiro tsa gagwe tse di molemo, ba tla galaletsa Motlhodi le Mmoloki wa bone.
Bontsi ga ba dirise di talete tsa bone mo tirong ya ga Keresete ka go fa seipato sa gore ba bangwe ba abetswe go feta bone. Go na le mogopolo wa gore ke bao fela ba ba abetsweng ditalente tse dihaphegileng ba ba tshwanetseng go direla Modimo. Mme ga go a nna jalo mo setshwantshong sa ditalente. Fa Morena wa ntlo a bitsa batlhanka ba gagwe, o file mongwe le mongwe tiro ya gagwe.
Ka mowa wa lorato re ka dira le tiro e e ko tlase “jaaka e ka bo e le go direla Morena, e seng motho” Fa lorato lwa Modimo le le mo pelong, le tla itshupa mo botshelong. Mowa o montle wa ga Keresete o tla re dikologa, mme o tla segofatsa ba bangwe.
Ga o wa tshwanela ke go letela ditshono tse di kgolo kana o lete go nna le botlhakga jo bo kwa godimo pele ga o ka ya go direla Modimo. O se ka wa nna le mogopolo wa gore lefatshe le tla akanya eng ka nna. Fa botshelo jwa gago ja tsatsi le letsatsi e le bosupi jwa bophepa le boikanyo jwa tumelo ya gago, mme ba bangwe ba bona gore o batla go ba thusa, maiteko a gago ga a kake a nna lefela.
Morutwana wa ga Jeso yo a leng mohumanegi mme a le boikobo e ka nna lesego mo go ba bangwe. Ba ka tswa ba sa lemoge gore ba dira tiro nngwe e e molemo, mme ka tlhotlheletso ya bone e ba sa e lemogeng, ba ka simolola makhubu a masego aa tla golang, mme maduo a teng aa molemo ga ba ne go a itse go fitlhelela letsatsi la befelo fa Morena a duela mongwe le mongwe ka fa ditirong tsa gagwe. Ga baikutlwe kgotsa ga ba itse gore ba dira sengwe se se golo. Ga ba tshwanela ke go tshwenyega ka gore a ba tlaa nna le maduo aa molemo kana jang. Ba tshwanetse fela ke go ya ko pele ba didimetse, ba dira ka boikanyo tiro e Modimo a e bayang fa pele ga bone, mme botshelo ja bone ga bo na go nna lefela. Mewa ya bone e tla gola tsatsi le letsatsi mo tshwanong ya ga Keresete; Ke badiri mmogo le Modimo mo botshelong jo mme ba ipaakanyetsa tiro e e kwa godimo le boitumelo jo bo sa feleng jwa botshelo jo bo tlang.
Kgaolo 10: Kitso ya Modimo
Ditsela di di ntsi tse Modimo a batlang gore re Mo itse ka tsone gore re tle re nne le kgolagano le Ene. Tlholego e bua le rona e sa kgaotse ka se re se bonang, se re se utlwang, se re se jang le tse dingwe fela jalo. Pelo e e bulegileng e tlaa amiwa ke lorato le kgalalelo ya Modimo jaaka e supiwa ka ditiro tsa diatla tsa Gagwe. Tsebe e e reetsang e ka tlhaloganya ka fa Modimo a buang le rona ka teng ka dilo tsa tlholego. Ditsimo tse di tala, ditlhare tse di kgolo, dithunya, maru, pula, dinoka tsa metsi, dinaledi, ngwedi le letsatsi mo magodimong, tsotlhe di bua le dipelo tsa rona, di re laletsa gore re nne le kitso ya Yo a ditlhodileng tsotlhe.
Mmoloki wa rona o ne a ruta dithuto tsa Gagwe tse di botlhokwa ka go di kopanya le dilo tsa tlholego. Ditlhare, dinonyane, dithunya, dithaba, dinoka le magodimo a mantle, ga mmogo le dilo tse di diragalang mo tikologong tsa malatsi otlhe, tsotlhe di ne di kopantswe le mafoko a nnete, gore dithuto tsa Gagwe di tle di kgone go gakologelwa motlhofo, le fa motho a thinkgetse mo tirong ya gagwe.
Modimo o batla gore bana ba Gagwe ba lemoge gape ba rate dilo tsa Gagwe, mme ba itumele mo bontleng jo bo motlhofo jo a kgabisitseng legae la rona la lefatshe ka jone. Ke morati wa dilo tse di ntle, mme mo go tse tsotlhe tse di bonwang ka fa ntle o rata popego ya mokgwa o montle; O rata re ka nna le bophepa jo bo motlhofo jo bo tshwanang le bontle jo bo didimetseng jwa dithunya.
Fa re ne re ka reetsa, dilo tse Modimo a di tlhodileng di ne di ka re ruta thuto e e botlhokwa ya gonna le kutlo le tshepho. Go simolola fela ka dinaledi tse di tsamayang tsela ya tsone mo lefaufaung dingwaga le dingwaga, go fitlhelela ko dilong tse di botlana, dilo tsa tlholego di kutlo mo go direng thato ya Motlhodi. Mme Modimo o tlhokomela a bo a tshegetsa sengwe le sengwe se a se tlhodileng. Ene yo o tshegetsang lebopo lotlhe la mafatshe a a senang palo, ke Ene gape yo a tlhokomelang letlhoko lwa lemphorwana le le opeleng pina ya lone le se na poifo. Fa batho ba tsweletse ka ditiro tsa bone, jaaka ba le mo thapelong; jaaka ba ya go robala bosigo, le ba tsgoga mo mosong; fa mohumi a dira moleto wa dijo mo ntlong ya gagwe ya maphatsiphatsi, kana mohumanegi a ntse le bana ba gagwe mo ntlwaneng ya gagwe, mongwe le mongwe o lebeletswe ka lorato ke Rara wa legodimo. Ga gona dikeledi tse di rothang tse Modimo a sa di boneng. Ga go na monyenyo o a sa itseng ka one.
Fa re ne re dumela ka mo go feletseng dilo tse, matshwenyego a a sa tlhokafaleng a ne tlaa kgaphelwa kgakala. Matshelo a rona a ka bo a sa tlala maswabi jaaka go ntse gompieno; ka gore sengwe le sengwe, se ka tswa se le segolo kana se le sennye, se ne se tla tlogelwa mo diatleng tsa Modimo, yo a sa tlhakaneng tlhogo ka ntlha ya matshwenyego a mantsi kana ka ntlha ya bokete ja one. Re ne re tlaa akola boikhutso ja mowa jo bontsi ba nang le lebaka lo lo lelele ba sena jone.
Jaaka re itumela ka ntlha ya bontle jwa lefatshe leno, akanya ka lefatshe le le tlang; le go tlaa bo go sena boleo le fa e le loso; ko tlholego e ka se kakeng ya tlhola e apara moriti wa phutso. A tlhologanyo ya gago e akanye ka legae la ba ba bolokilweng, mme gakologela gore le tla nna ka kgalalelo e phatsimang go gaisa dikakanyo tsa gago. Mo dimpho tse di farolanyeng tse Modimo a re di fileng mo tlholegong, re bona tlhasenyana ya kgalalelo ya Gagwe. Go kwadilwe gore “Matlho ga a ise a bone, tsebe ga e ise e utlwe, gape ga go ise go tsene mo pelong ya motho, dilo tse Modimo a di baakanyeditseng ba ba O ratang” 1 Korintha 2:9.
Mmoki o ka bua dilo di le dintsi ka tlholego, mme ke Mokeresete yo a akolang bontle jwa lefatshe go gaisa, ka gore o lemoga tiro ya lorato la ga Rragwe mo sethunyeng le mo ditlhareng. Dithaba, dinoka le mawatle ke dilo tse di buang ka lorato lwa Modimo mo mothong.
Modimo o bua le rona di dithuto tsa Gagwe tse di tlang ka nako e e lebaneng le ka tlhotlheletso ya Mowa wa Gagwe mo pelong. Mo tikologong ya rona, mo diphetogong tsa tsatsi le letsatsi tse di re dikologileng, re ka bona dithuto tse di botlhokwa fa dipelo tsa rona di bulegile go di lemoga. Mopesalema, fa a bua ka thuso ya Modimo e e tlang ka nako e e lebaneng, a re, “Lefatshe lotlhe le tletse bopelotlhomogi jwa Morena” “Yo o botlhale ke mang? A a tlhokomele dilo tse, a ele ditiro tsa bopelotlhomogi jwa Morena tlhoko” Dipeselama 33:5; 107:43.
Modimo o bua le rona ka lefoko lwa Gagwe. Re supentshwa mokgwa wa Gagwe ka mo go bonalang, re bontshiwa gape ka fa a dirisanyang le batho ka teng, le leano le le golo la poloko. Re supentshiwa ditso tsa baporofiti le bagologolo ba bangwe ba ba boitshepo. E ne e le batho ba ba “maikutlo a a tshwanang le a rona” Jakobe 5:17. Re bona ka fa neng ba kgaratha le diemo tse di neng di kgoba marapo tse di tshwanang le tsa rona, ka fa ba neng ba wela tlase ka ntlha ya dithaelo jaaka rona, mme ba ne ba tsoga mme ba fenya ka tshegofatso ya Modimo; mme se, se a re kgothatsa gore re tshwelele ka go lwela go nna tshiamo. Jaaka re bala ka maitemogelo a bone a a botlhokwa, ka lesedi le lorato le masego a ba neng baa akola, le ka tiro e ba e dirileng ka tshegofatso e ba neng ba e fiwa, mowa o o neng o ba tlhotlheletsa o tukisa molelo o o boitshepo mo dipelong tsa rona, gore re nne le keletso ya go nna le mokgwa o o tshwanang le wa bone, gore re tsamaye le Modimo.
Jeso o buile se ka Testamente e Kgologolo, gore, “Ke tsone tse di supang ka ga Me”, mme Testamente e Ntšha, e supa le go feta, Mmoloki yo ditsholofelo tsa bosakhuteng di ikaegileng ka Ene, Johane 5:39. Ee Baebele yotlhe e bua ka Keresete. Go tswa fela ko mokwalong wa ntlha wa tlholo ya lefatshe ka gore “Kwa ntle ga Gagwe ga se ka ga dirwa sepe sa tse di dirilweng” go ya ko tsholofetsong e ko bofelong e e reng “Bonang, ke tla ka bonako” re bala ka ditiro tsa Gagwe le go reetsa lentswe la Gagwe. Johane 1:3; Tshenolo 22:12. Fa o batla go itse le go tlhaloganya Mmoloki, ithute Baebele e e boitshepo.
Tlatsa pelo yotlhe ka lefoko la Modimo. Ke lone metsi a a tshedileng, a a timolang lenyora la gago. Ke lone senkgwe se se tshelang se se tswang kwa legodimong. Jeso a re, “Fa lo sa je nama ya Morwa motho, lwa ba la nwa madi a Gagwe, ga go na botshelo mo go lona” Mme o itlhalosa ka gore, “mafoko a ke a buileng le lona, ke mowa, e bile ke botshelo” Johane 6:53; 63. Mebele ya rona e agilwe ka se re se jang le se re se nwang; fela jaaka go ntse mo tlholegong, le mo semoweng go ntse fela jalo: se re tlhatlhanyang ka sone ke sone se re fang nonofo ya semowa.
Thuto ya leano la poloko ke se baengele ba batlang go itse ka yone ka mo go tseneletseng; e tla nna thuto le pina ya babolokwa ka bosakhutleng. A ga se selo se re tshwanetseng ke go akanya ka tlhoafalo le go ithuta ka sone gampieno? Boutlwelo botlhoko jo bosakhutleng le lorato lwa ga Jeso, setlhabelo se se dirilweng mo boemong ja rona, di tlisa go tlhatlhanya mo go tlhaofetseng. Re tshwanetse ra akanya ka mo go tseneletseng ka mokgwa wa Morekolodi le Mmueledi wa rona. Re tshwanetse ra tlhatlhanya ka Ene yo a neng a tla go golola batho ba Gagwe mo boleong jwa bone. Jaaka re akanya ka dilo tsa legodimo, nonofo ya tumelo le lorato lwa rona di tla tswelela ka go gola, mme dithapelo tsa rona di tla oketsega ka go amogelesega mo Modimong, ka gore di tla oketsega ka go tlhakanya tumelo le lorato. E tlaa nna dithapelo tse di botlhale gape di tlhwaafetse. Go tla nna le tshepho e e oketsegang mo go Jeso, le boitemogelo ja tsatsi le letsatsi ja gore O na le nonofo ya go boloka ba ba tlang kwa Modimong ka Ene.
Jaaka re tlhatatlhanya ka bophepa jwa Mmoloki, re tla eletsa go fetolelwa le go shafatswa mo tshwanong ya bophepa jwa Gagwe. Go tla nna le tlala le lenyora mo moweng go nna jaaka Ene yo re mo lebang ka lorato. Jaaka go akanya ka Keresete go oketsega, go tla nna le go oketsega mo go batleng go bolelela ba bangwe ka Ene le go mo supentsha lefatshe.
Baebele ga ya kwalelwa barutegi fela, mme e diretswe mongwe le mongwe. Dithuto tse dikgolo tse di tlhokegang tsa poloko di dirilwe gore di nne motlhofo go tlhaloganngwa; mme ebile ga gona yo ka dirang phoso mme a latlhegelwa ke tsela fa e se ba ba salang morago dikanyanyo tsa bone go na le lefoko la Modimo le le senoletsweng mongwe le mongwe.
Ga re a tshwanela ke go tsaya mafoko a motho ope ka se se rutiwang ke Baebele, mme re tshwanetse ra ithuta lefoko la Modimo ka bo rona. Fa re leta gore ba bangwe ba re akanyetse, re tlaa nna le ditlhaloganyo tse di bokowa. Ditlhaloganyo tsa rona di kgona go koafala ka ntlha ya go sa dirisiwa mo e leng gore di tla palelwa ke go tlhaloganya tlhaloso e e ko teng ya lefoko la Modimo. Tlhaloganyo e tla gola fa e dirisiwa go latedisa gore dithuto tsa Baebele di amana jang le tse dingwe, e tshwantshanya lefoko le lengwe le dilo tsa semowa le semowa.
Ga go na se se ka nonotshang tlhaloganyo go feta go ithuta lefoko la Modimo. Ga go na lokwalo le le tshwanang le Baebele ka go kgona go tsholetsa tlhaloganyo. Fa lefoko la Modimo le ne le ithutiwa jaaka go tshwanetse, batho ba ka bo ba na le ditlhaloganyo tse di kgolo, le mokgwa o o tlotlegang o o sa bonweng motlhofo mo malatsing a re mo go one.
Mme ga go na maduo a mantsi a a fitlhelwang mo go baleng lefoko la Modimo go itlhaganetswe. Motho o kgona go bala Baebele yotlhe mme a palelwe ke go bona bontle jwa mafoko a yone le go tlhaloganya tlhaloso e ko teng le e e fitlhegileng ya one. Temana e nngwefela fa e ithutiwa go fitlhelela e tlhaloganngwa ka botlalo le gore e amana jang le leano la poloko, e botlhokwa go feta go bala dikgaolo tse di intsi go sena maikaelelo a a tsepameng mme gape go sena sepe sa botlhokwa se se ithutilweng. Nna le Baebele ya gago ka nako tsotlhe. Fa o nna le sebaka sa go e bala, kanela ditemana mo tlhaloganyong ya gago. Le fa o tsamaya mo mebileng o ka bala temana mme o tlhatlhanye ka yone, ka go rialo ya bo o e kanela mo tlhaloganyong ya gago.
Ga re kake ra nna le botlhale ko ntle ga gore re rapele ka tlhwafalo. Go na le ditemana tse di motlhofo go di tlhaloganya, mme go na le tse e leng gore tlhaloso ya tsone ga e bonale gone foo. Ditemana di tshwanetswe tsa tshwantsiwa le ditemana tse dingwe. Go tshwanetse ga nna le keletlhoko e e tseneletseng mo go baleng le thapelo. Mme go ithuta ga mofuta o go tla nna le maduo a a letlotlo. Fele jaaka moepi wa mage a a botlhokwa a kgona go fitlhele a bone se a se batlang se fitlhilwe ka fa tlase ga mmu, le gone fela jalo yo a tlhwafalang go hukutsa lefoko la Modimo o tla bona nnete ya tlhotlhwa e kgolo, ye e fitlhegileng mo ponong ya yo batlang ka go latlhelela. Mafoko a Modimo a a beilweng mo pelong, a tla tshwana le nokana ya metsi e e elelang go tswa ko motsweding wa botshelo.
Baebele ga e a tshwanelwa ke go ithutiwa go sa rapelwa. Pele ga e bulwa re tshwanetse ra kopa tshedimosetso ya Mowa o o Boitshepo, mme re tla o fiwa. Fa Nathaneele a tla ko go Jeso, Mmoloki o ne a re, “Bonang, Moisaraele wa nnete yo go se nang boferefere mo go ene! Nathaneele a mo raya a re: O nkitse jang? Jeso a mo araba a re: Ke go bone o le ka fa tlase ga setlhare sa mofine, Filipo a ise a go bitse” Johane 1:47,48. Mme le rona Jeso o tla re bona fa re le mo mafelong a rona a sephiri a thapelo fa re Mo kopa lesedi gore re itse nnete. Baegele ba ba tswang kwa lefatsheng la lesedi ba tla nna le bao ba ikobileng mo pelong ba batla ketelelo pele ya Modimo.
Mowa o o Boitshepo o tsholetsa o bo o galaletsa Mmoloki. Ke tiro ya gagwe go baya Keresete fa pele ga rona, le bophepa ja tshiamo ya Gagwe, le poloko e kgolo e re ka nnang le yone ka Ene. Jeso a re, “O tla tsaya mo go tse e leng tsa me, a di lo itsise” Johane 16:14. Mowa o o Boitshepo ke ene fela moruti wa nnete ya legodimo. Modimo o rata losika la motho ka mo go makatsang, ka gore o re file Morwa go re swela mme gape a bo a tlhoma Mowa wa Gagwe go nna moruti wa rona le go tswelela a re etelela pele!
Kgaolo 11: Tshono ya Thapelo
Modimo o bua le rona ka dilo tsa tlholego le tshenolo, le ka nako ya Gagwe e e lebaneng le ka tlhotlheletso ya Mowa o o Boitshepo. Mme tse ga di a lekana; le rona re tlhokana le go bua le Ene. Gore re nne le botshelo jwa semowa le nonofo, re tshwanetse ra nna le puisano le Rara wa rona wa legodimo. Dipelo tsa rona di tshwanetse tsa gogelwa kwa go Ene; re ka tlhatlhanya ka ditiro tsa Gagwe, boutlwelo botlhoko jwa Gagwe, masego a Gagwe; mme tse ga se go bua le Ene ka mo go feletseng. Gore re buisane le Modimo, re tshwanetse ra nna le se re ka buang le Ene ka sone ka botshelo ja rona.
Thapelo ke go bulela Modimo pelo ya gago jaaka o ka dira le tsala ya gago. Ga se gore ga re rapela ra bo re itsise Modimo se re leng sone, mme ra bo re dira gore re kgone go Mo amogele. Thapelo ga e tlise Modimo kwa tlase ko go rona, mme e re isa kwa godimo kwa go Ene.
Fa Jeso a le mo lefatshing o rutile barutwana ba Gagwe go rapela. O ba rutile go re ba ise ditlhoko tsa bone tsa tsatsi le letsatsi fa pele ga Modimo, le go baya matshwenyego otlhe a bone mo go Ene. Mme tlhomamiso e A e ba fileng gore dikopo tsa bone di tlaa reediwa, ke tlhomamiso le mo go rona.
Jeso ka bo Ene, fa a santse a le mo lefatshing, O ne a nna a le mo thapelong. Mmoloki wa rona O ne a nna mokopi, a kopa ko go Rragwe gore a mo fe nonofo, gore a tle a kgone go lebagana le tiro le diteko. Ke sekao sa rona mo dilong tsotlhe. Ke mokaulengwe mo makoeng a rona, “mo dilong tsotlhe a reelwa jaaka rona” mme jaaka yo a senang boleo tlholego ya Gagwe e ne tshaba bosula; O ne a itshokela ditshukatshukano le pogisego ya mowa mo lefatshing la boleo. Setho sa Gagwe se ne se dira gore thapelo e nne botlhokwa. O ne a bona kgomotso le boitumelo mo go bueng le Rragwe. Mme fa Mmoloki wa batho, Morwa Modimo, a ne a bona gore o tlhoka thapelo, go raya gore re e tlhoka go feta rona ba re leng bokoa, ba re leofileng. Ka jalo re tshwanetse ra nna mo thapelong e e tlhwafetseng ka dinako tsotlhe.
Rara wa rona wa legodimo o letletse go re tshelela masego a Gagwe ka botlalo. Ke tshono ya rona go nwa go le go ntsi kwa motsweding wa lorato le le sa feleng. Go a makatsa e le ruri gore re rapela go le go nnye! Modimo o letile, gape o batla go utlwa thapelo ya ngwana wa Gagwe yo o boikobo, mme ga re batle go itsise Modimo ditlhoko tsa rona. Baengele baa akanyang eng ka batho ba ba bokoa, ba ba raelwang, fa pelo ya Modimo ya lorato le le sa feleng, e eletsa go ba thusa, e ipaakantse go ba neela go feta se ba ka se kopang, mme ba rapela go le gonnye gape ba na le tumelo e nnye mo go kana? Baengele ba rata go obama fa pele ga Modimo; ba rata go nna gaufi le Ene. Ba tsaya go buisana le Modimo e le boitumelo jwa bone jo bo ko godimo, mme bana ba lefatshe, ba ba tlhokanang le thuso e Modimo ka nosi a ka ba e nayang, ba lebega ba kgotsofetse go tsamaya kwa ntle ga lesedi la Mowa wa Gagwe, botsalano jwa boleng teng jwa Gagwe.
Lefifi la yo bosula le apesa bao ba ikgatlholosang thapelo. Mmaba o a ba sebetsa, o a ba raela, bo ba leofa; mme gotlhe mo, ke ka gore ga ba dirise tshono e Modimo a ba e fileng ya thapelo. Ke eng bana ba Modimo ba ikgatlholosa thapelo, fa thapelo e le selotolo mo letsogong la tumelo go bula ntlo ya legodimo, ko go beilweng didirisiwa tse di sa feleng tsa Modimo Yo thata ya Gagwe e senang bokhutlo? Mmaba ka nako tsotlhe o batla go re kgoreletsa mo tseleng ya go ya ko setulong sa boutlwelo botlhoko, gore re se seka ra kgona go rapela ka tlhwafalo le tumelo gore re nne le tshegofatso le nonofo ya go lwantsha thaelo.
Go na le mabaka a e leng gore Modimo o a beile gore o ka reetsa a bo a araba thapelo tsa rona. Nngwe ya tsone ya ntlha ke gore re bo re na le letlhoko la gore re thoka thuso Gagwe. O re solefeditse gore, “Ke tla tshela metsi mo nageng e e nyorilweng, ke eledisa dinokana mo nageng e e omeletseng” Isaia 44:3. Ba ba nang le tlala le lenyora la tshiamo, ba ba batlang Modimo, ba tlhomamisetswa gore ba tla kgora. Pelo e tshwanetse ya bo e bulegile go amogela tlhotletso ya Mowa, e seng jalo masego a Modimo ga a kake a amogelwa.
Letlhoko la rona le legolo ke lone le re buelelang. Mme Morena o tshwanetswe a batliwa gore dilo tse di diragale. A re, “Kopa mme o tla neelwa” “Yo e bileng a sa rekegela Morwa-ona, mme o mo neetse mo losong ka ntlha ya rona rotlhe, o ka tlhoka jang go re abela dilo tsotlhe” Mathaeo 7:7; Baroma 8:32.
Ha re na le boleo mo pelong, fa re ngaparela boleo jo re itseng ka ga jone, Morena ga a kake a re utlwa; mme thapelo ya mowa o o ikwatlhayang e a amogelwa. Fa diphoso tsotlhe tse di itsiweng di baakantswe, re ka dumela gore Modimo o tla araba dikopo tsa rona. Bomolemo jwa rona ga bo kake ja dira gore re amogelesega mo Modimong; ke fela tshiamo ya ga Jeso e e tla re bolokang, madi a Gagwe a tla re tlhatswa; le fa go ntse jalo re nale tiro e re tshwanatsweng ke go e dira, ya se se batliwang gore re amogelesege.
Ntlha e nngwe ya thapelo e e sa kgaotseng ke tumelo. “Gonne yo o atumelang Modimo o tshwanetse go dumela gore O teng le gore ke Ene moduedi wa ba ba O batlang” Bahebera 11:6. Jeso o reile barutwana ba Gagwe gore, “tsotlhe tse lo di kopang, lo rapela, le fa e ka nna eng, lo dumele gore lo di amogetse, mme lo tla di bona” Mareko 11:24. A re dumela lefoko lwa Gagwe?
Tlhomamiso e bophara gape ga e na phelelo, mme O boikanyo Ene yo a solofeditseng. Fa re sa bone dilo tse re di kopileng, ka nako e re kopileng, re tshwanetsa ra dumela gore Morena o utlwile mme O tla araba dithapelo tsa rona. Re tletse diphoso gape re lebela fa gaufi mo e leng gore ha gongwe re kopa dilo tse di ka se keng di re segofatse, mme Rara wa rona wa legodimo yo o lorato a bo a araba dithapelo tsa rona ka go re neela se se tla nnang mosola thata mo go rona, se re neng re ka se batla fa pono ya rona ya semowa e ne e ka bulega go bona dilo jaaka di ntse ka nnete. Fa go lebega o ka re dithapelo tsa rona ga di arabiwe, re tshwanetse ra ngaparela tsholofetso; ka gore nako ya gore di arabiwe e tlaa tla, mme re tlaa amogela masego a re a tlhokang thata. Mme go akanya gore thapelo ka dinako tsotlhe e tla arabiwa ka tsela e re e batlang, re neelwa sone se re se kopileng, ke kakanyo fela. Modimo o botlhale thata go ka dira phoso, gape o molemo thata go ka tlhoka go neela ba ba tsamayang mo tseleng ya Gagwe dilo tse di molemo. Ka jalo o se ka wa tlhoka go mo tshepa, le fa o sa bone dilo tse o di rapeletseng gone foo, ikaege mo tsholofetsong ya Gagwe e e tlhomameng ya gore, “Kopa mme o tla neelwa”.
Fa re reetsa dipelaelo tsa rona le letshogo la rona, kana re leka go rarabolola sengwe le sengwe se re sa se boneng sentle, pele ga re ka dumela, matshwenyego a tla tswelela a gola. Mme fa re tla ko Modimong , re ipona gore re ga re kake ra ithusa mme re ikaegile fela mo Modimong, mme ka boingotlo, ka tumelo e e tshepang, re bolela dikopo tsa rona ko go Ene Yo kitso ya Gagwe e sa khutleng, Yo bonang sengwe le sengwe mo lobopong, Yo a laolang sengwe le sengwe ka thato le lefoko la Gagwe, o tla reetsa selelo sa rona, mme a bonese dipelo tsa rona ka lesedi. Thapelo ya nnete e re lomaganya le tlhaloganyo ya Modimo. Ka nako eo re ka tswa re sena bosupi jo bo tletseng ja gore sefatlhogo sa Mmoloki se re okame ka lorato, mme go ntse fela jalo. Re ka tswa re sa bone ka matlho gore O re tshwara ka seatla sa Gagwe, mme O dira se ka lorato le boutlwelo botlhoko.
Fa re tla ko Modimong re kopa boutlwelo botlhoko le masego re tshwanetse ra nna le lorato le boitshwarelo mo dipelong tsa rona. Re ka rapela jang gore, “O re itshwarele melato ya rona, jaaka re itshwarela ba ba melato le rona” Mathaio 6:12. Ha re solofela gore dithapelo tsa rona di arabiwe re tshwanetse ra itshwarela ba bangwe fela jaaka le rona le solofela go itshwarelwa.
Go rapela o sa kgaotse ke lengwe lebaka le le filweng gore re amogele. Re tshwanetsa ra rapela ka dinako tsotlhe fa re batla go gola mo tumelong le go nna le maitemogelo. Baeble ya re, “tswelela mo thapelong” “lo nne lo thantse mo go yone ka tebogo” Baroma 12:12; Bakolosa 4:2. Petere o kgothatsa badumedi gore ba “ikgape” ba “ ineele mo thapelong” 1 Petere 4:7. Paulo a re, “mo dilong tsotlhe a ditopo tsa lona di itsisiwe Modimo ka thapelo le kokotlelo, di na le tebogo” Bafilipi 4:6. “Mme lona baratwi” go bua Juta, “lo rapele ka Mowa o o Boitshepo, lo ipoloke mo loratong lwa Modimo” Juta 20,21. Thapelo e e sa kgaotseng ke tomagano e e sa kgaogang ya mowa le Modimo, gore botshelo bo elele go tswa ko Modimong go tsena mo botshelong jwa rona; mme go tswa mo botshelong ja rona, bophepa le boitshepo di elela di boela ko Modimong.
Go na le letlhoko la thapelo e e tlhwaafetseng; a sepe se se ka sa go kganela. Dira maiteko otlhe a gore puisano fa gare ga ga Jeso le mowa wa gago go nne ka nako tsotlhe. O batle sebaka sengwe le sengwe se o ka se bonang go ya ko thapelo e nnang teng. Ba ba batlang go bua le Modimo ba tla bonala ko bokopanong jwa thapelo, ba le boikanyo go dira tiro ya bone gore ba robe maduo a thapelo. Ba tla tsaya tshono nngwe le nngwe e ba ka e bonang ya go amogela lesedi lwa legodimo.
Re tshwanetse ra rapela le ba ba mo gae, mme bogolo ja dilo tsotlhe ga re a tshwanela ke go ikgatholosa thapelo ya sephira, ka gore ke yone botshelo jwa mowa. Ga go kgonege gore mowa o ka gola fa thapelo e itlhokomolosiwa. Thapelo le ba le lwapa kgotsa ya ko phuthegong ga e ya lekana. Mo bonosing a mowa o bulelwe leitlho le le tlhatlhobang lwa Modimo. Thapelo ya sephiri e tshwanetswe ya reetswa fela ke Modimo. Ga gona tsebe epe e e tshwanetseng ya reetsa morwalo wa dikopo tse di ntseng jalo. Mo thapelong ya sephira mowa o gololesegile mo di tlhotloetsong tse di mo tikologong. Ka makgwafo a a wetseng tlase mowa o tla batla Modimo, mme ka tlhwaafalo. Go tla nna le tlhotloetso e e monate go tswa ko go Ene yo o bonang mo sephiring, yo tsebe ya Gagwe e bulegileng go reetsa thapelo e e tswang mo pelong. Ka makgwafo a a wetseng tlase, le tumelo, mowa o nna le tomagano le Modimo, mme o phutlhela mo go one lesedi la bomodimo go o nonotsha mo ntweng le Satane. Modimo ke Ene nonofo ya rona.
Rapela mo sephiring, mme jaaka o tsweletse ka mekgaphi ya gago ya tsatsi le letsatsi, a pelo ya gago e tsholetsegele ko Modimong. Ke gone ka fa Enoke a neng a tsamaya le Modimo ka teng. Dithapelo tse tsa tidimalo di tlhatloga jaaka monko wa mosi o o nkgang monate o o tlhotlhwa kgolo fa pele ga setilo sa bogosi sa tshegofatso. Satane ga a kake a fenya yo pelo ya gagwe e ikaegileng ka Modimo.
Ga gona nako kgotsa lefelo le le sa sa siamang go isa thapelo ko Modimong. Ga gona se se ka re itsang go tsholetsa dipelo tsa rona ka mowa o o tlhwafetseng wa thapelo. Mo gare ga batho ba ba ntsi mo mebileng, mo gare ga bokopano jwa kgwebo, re ka isa kopo ko Modimong re kopa bokaedi, jaaka Nehemia fa a dira kopo ya gagwe fa pele ga kgosi Atakesase. Thapelo ya sephira le tidimalo e ka nna teng gongwe le gongwe fa re leng teng. Re tshwanetse ra bula lobati lwa pelo ka dinako tsotlhe le go laletsa Jeso gore a tle mo go rona jaaka moeng wa legodimo mo moweng.
Le fa go ka nna mowa o o sa siamang mo tikolong ya rona, ga go tlhokafale gore re o heme, mme re ka tshela mo phefong ee phepa ya legodimo. Re ka tswala kgoro ya dikakanyo tse di sa siamang ka go tsholetsa mowa ka thapelo gore o nne fa pele ga Modimo. Bao ba dipelo tsa bone di bulegileng go amogela thuso le tshegofatso ya Modimo, ba tla tsamaya mo phefong e e boitshepo go na le ya lefatshe le go nna le tomagano ka dinako tsotlhe le legodimo.
Re tshwanelwa ke go nna le pono e e tlhatswegileng ka Jeso le go tlhaloganya mo go tletseng ka tlhwatlhwa ya dilo tsa bosakhuting. Bontle jwa boitshepo bo tshwanetse ja tlatsa dipelo tsa bana ba Modimo; gore se se diragale, re tshwanetse ra batla ka tshenolo ya bomodimo dilo tsa legodimo.
A mowa o gogelwa kwa ntle le kwa godimo, gore Modimo a re fe phefo ya selegodimo. Re ka nna gaufi thata le Modimo mo e leng gore mo tekong nngwe le nngwe ya tshoganetso dikakanyo tsa rona di tla retologela kwa go Ene jaaka mo tlholegong sethunya se retologela kwa letsatsing.
Baya dikopo tsa gago, boitumelo jwa gago, mahutsana a gago, ditlhoko tsa gago, le dipoifo tsa gago fa pele ga Modimo. Ga o kake wa mo dira gore a imelwe; ga o kake wa mo lapisa. Yo a kgonang go bala moriri wa tlhogo ya gago ga a kake a ikgatlholosa ditlhoko tsa bana ba Gagwe. “Morena o pelotlhomogi, gape o boutlwelo botlhoko” Jakobe 5:11. Pelo ya Gagwe e amiwa ke mahutsana a rona le go buiwa ga one. Isa ko go Ene sengwe le sengwe se se tsietsang tlhaloganyo. Ga gona se se ka mo imelang, ka gore o tshegeditse mafatshe, o busa lefatshe lotlhe. Ga gona se se amang kagiso ya rona se a sa se boneng, le fa se ka nna sennye jang. Ga gona karolo ya matshelo a rona e e lefifi thata mo a ka se keng a e bala; ga gona mathata a a sa kgoneng go a rarabolola. Modimo o reeditse gape o bona sengwe le sengwe se se diragalelang ngwana wa Gagwe. Ka jalo ga gona mathata kana boitumelo jotlhe ja rona jo a sa itseng ka jone. “O hodisa ba ba dipelo diphatlogileng, o hapa dintho tsa bone” Pesalema 147:3. Tomagano fa gare ga Modimo le mowa mongwe le mongwe o haphegile jaaka o ka re ga gona mowa o mongwe gape o Modimo a o tlhokomelang, o ka re ga gona mowa o mongwe gape o a o fileng Morwa wa Gagwe go mo swela.
Jeso a re, “Lo tla kopa mo leineng la me: mme ke lo raya ke re ke tla lo rapelela Rara, gonne Rara ka bo Ene o a le rata” “Ke lo itshenketse…gore e tle e re se lo se kopang le fa e ka nna eng mo go Rara, ka leina la me a se lo neye” Johane 16:26,27; 15:16. Mme go rapela mo leineng la ga Jeso ke sengwe se se fetang go bua leina la Gagwe ko tshimologong ya thapelo le ko bofelong. Ke go rapela ka tlhaloganyo le mowa wa ga Keresete, mme re ntse re dumela mo ditsholofetsong tsa Gagwe, re ikaegile mo tshegofatsong ya Gagwe, gape re dira ditiro tsa Gagwe.
Modimo ga se gore o batla gore re nne re le nosi ka ntlha ya tumelo re dule mo bathong gore re itebaganye fela le go obama. Botshelo bo tshwanetse go janna jaaka ja ga Jeso, go tswa mo thabeng kwa a neng a rapela teng go ya ko bathong. Yo a sa diring sepe fa e se go rapela, labofelo o tlaa emisa go rapela, kana dithapelo tsa gagwe di tla nna selo modiro fela. Fa batho ba intsha mo go amaneng le batho ba bangwe, ba tswa mo tirong ya moKeresete le ya go rwala mokgoro; ba emisa go direla Morena wa bone, yo a neng a ba direla a sa kgaotse, ba latlhagelwa ke boleng ja thapelo. Dithapelo ta bone di itebaganya le ditlhoko tsa bone fela. Ga ba kgone go rapela ka ditlhoko tsa setho le go leka go aga bogosi ja ga Keresete, ba kopa nonofo ya go dira tiro ya Modimo.
Re a latlhegelwa fa re itlhokomolosa tshono ya go kopana le ba bangwe gore re kgothatsane mo tirong ya Modimo. Nnete ya lefoko la Gagwe e latlhegelwa ke botlhokwa mo ditlhaloganyong tsa rona. Dipelo tsa rona ga di sa tlhola di amogela lesedi, le go tlhantshiwa le go itshepisiwa ke lone, mme re bo re wela tlase mo semoweng. Yo a batlang fela go nna a le esi ga a dire se Modimo a se mo tlhophetseng gore a se dire. Bokopano le ba bangwe jo bo siameng bo dira gore re nne le kgatlhego mo matshelong a ba bangwe, mme go dira gore re gole le gore re thatafale mo tirong ya Modimo.
Fa baKeresete ba ne ba ka kopana, ba buisana ka lorato lwa Modimo le ka nnete e e botlhokwa ya poloko, dipelo tsa bone di tla timolwa lenyora la semoya mme ba thusi le ba bangwe. Tsatsi le letsatsi re ka ithuta go le le go ntsi ka Rara wa rona wa legodimo, re nna le maitemogelo a masha a tshegofatso ya Gagwe; mme re tla batla go bua ka lorato la Gagwe; mme ga re dira se dipelo tsa rona di tla thuthafala e be di kgothala. Fa re akanya le go bua thata ka Jeso, go na le go akanya le go bua ka bonna, re ka nna le boleng teng jwa Gagwe go feta.
Fa re bona ka fa Modimo a re tlhokomelang ka teng re ne re tla batla go akanya ka Ene ka dinako tsotlhe le go bua ka Ene le go mo galaletsa. Re bua ka dilo tsa matshelo a rona ka gore re a di kgatlhegela. Re bua ka ditsala tsa rona ka gore re a ba rata; re a itumela fa re bona ba itumetse, mme gape re a hutsafala fa re bona ba hutsafetse. Mme re tshwanetse ra rata Modimo go feta ditsala tsa rona; e tshwanetse ya nna selo sa tlholego go mo dira wa ntlha mo dikakanyong tsa rona, go bua ka bomolemo jwa Gagwe le go bua ka nonofo ya Gagwe. Dimpho tse dikgolo tse a re di fang ga di a tshwanela go gapa megopolo ya rona le lorato mo go kalokalo mo e leng gore ga re na go nna le sepe go fa Modimo; di tshwanetse tsa re gakolola ka Ene le go re bofa ka lorato le malebogo ko go Ene Rara wa rona wa legodimo. Re nna thata ko tlase. A re tsholeletseng matho a rona kwa godimo ko kgorong e e bulegileng ya motlaagana, ko lesedi la kgalalelo le bonalang teng mo sefatlhogong sa ga Keresete yo “nonofileng go bolokela mo go feletseng ba ba atamelang Modimo ka Ene” Bahebera 7:25
Re tshwanetse ra galaletse Modimo go feta “ka ntlha ya molemo wa Gagwe, ka ntlha ya ditiro tsa Gagwe tse di gakgamatsang mo baneng ba batho” Pesalema 107:8. Dithapelo tsa rona ga di a tshwanela go nna tsa go kopa le go amogela fela. Re se ka ra akanya fela ka letlhoko la rona re sa akanye ka maduo a re a amogetseng. Ga re leboge ka mo go tshwanetseng. Re nna re amogela ditshegofatso tsa Modimo, mme re leboga go le go nnye thata, re mmaka go le go nnye thata ka se a re se diretseng.
Bogologolo Morena o ne a raya Maiseraela go re fa ba kopana mo tirelong ya Gagwe ba, “jela gone fa pele ga Jehofa Modimo wa lona, mme lo tlaa itumela mo go tsotlhe tse lo di bayang seatla, lona lo ba matlo a lona, tse Jehofa Modimo wa gago a go segofaditseng ka sone ”Deterenomi 12:7. Se se direlwang kgalalelo ya Modimo se tshwanetse sa dirwa ka boitumelo, ka dipina tsa pako le malebogo, e seng ka bohutsana le kutlobothoko.
Modimo wa rona ke Rara yo o boutlwelo bothoko. Bodiredi ja rona ga bo a tshwanelwa ke go lebelelwa gore bo hutsafatsa pelo le gore bo dingalo. E tshwanetse go nna boitumelo go obamela Modimo le go tsaya karolo mo tirong ya Gagwe. Modimo ga a batle gore bana ba Gagwe ba a ba fileng poloko e e kgolo mo go kanakana, ba Mo tseye go re ke morena yo o thata yo a batlang go ba gagamaletsa ditiro tsa bone. Ke tsala ya bone e botlhokwa; mme ga ba le mo kobamong ya Gagwe, O solofela go nna le bone, go ba segofatsa le go ba gomotsa, le go tlatsa dipelo tsa bone ka boitumelo le lorato. Morena o eletsa gore bana ba Gagwe ba gomotsege mo go mo direleng le go bona boitumelo go na le go bona bothata mo tirong ya Gagwe. O eletsa gore ba ba tlang mo kobamong ya Gagwe ba tla tswa foo ka dikakanyo tse dibotlhokwa ka tlhokomelo le lorato la Gagwe, gore ba nne mo boitumelong le fa ba ntse ba le mo tirong ya bone ya malatsi otlhe, gore ba nne le tshegofatso go ya kgona go nna boikanyo mo dilong tsotlhe.
Re tshwanetse ra phuthagana fa mokgorong. Keresete le go bapolwa ga Gagwe e tshwanetse ya nna sone se re tlhatlhanyang ka sone, se re buang ka sone le go nna maikutlo a rona a boitumelo mo go golo. Re tshwanete ra tshegetsa mo dikakanyong tsa rona masego mangwe le mangwe a re a amogelang go tswa ko Modimong, mme ga re lemoga lorato lwa Gagwe le le tona re tshwanetse ra tshepha mo diatleng tse di neng tsa kokotelwa mo mokgorong ka ntlha ya rona.
Mowa o ka tlhatlogela gaufi le legodimo ka diphuka tsa pako. Modimo o obamelwa ka dipina ko legodimong, mme jaaka re supa malebogo re atumela kobamo ya selegodimo. “Le fa e le mang yo a ntshang malebogo” o tlotla Modimo, Pesalema 50:23. A re tleng fa pele ga Motlhodi wa rona ka boitumelo “le difela tsa pako le melodi ya dikopelo” Isaia 51:3
Kgaolo 12: Re dira eng ka dipelaelo?
Bontsi, bogolo jang ba e leng gone ba simololang botshelong ja seKeresete, fa gongwe ba tshwenngwa ke dikakanyo tsa pelaelo. Go na le dilo tse dintsi mo Baebeleng tse ba sa kgoneng go ditlhalosa, le fa e le go ditlhaloganya, mme Satane o dirisa dilo tse go tshikhinya tumelo ya bone mo go reng Baebele ke tshenolo e tswang ko Modimong. Ba botsa, “Ke tla itse jang tsela ya boammaruri? Fa e le gore Babebele ke nnete ke lefoko lwa Modimo, ke tla gololwa jang mo dipelaelong tse?”
Modimo ga a ke a batla gore re dumela, a sa re fa bosupi jo re ka tshegetsang tumelo ya rona ka jone. Bo leng teng jwa Gagwe, mokgwa wa Gagwe, bo nnete ja lefoko la Gagwe, tsotlhe di tlhomaisiwa ke bosupi jo re ka bo bonang fa re dirisa ditlhaloganyo tsa rona; mme bosupi jo bo bontsi. Le fa gontse jalo Modimo ga ise a ko a tlose kgonagalo ya go belaela. Tumelo ya rona e tshwanetse ya ikaega ka bosupi fela, e seng busupi jo bo bonwang. Ba ba batlang go belaela batla nna le sebaka sa go dira jalo; mme ba ba batlang go itse nnete ka boammaruri ba tla fitlhela bosupi jo bontsi jo ba ka tsegetsang tumelo ya bone mo go jone.
Ga go kgonege gore tlhaloganyo tsa rona tse di nang le fa di felelang teng di ka tlhaloganya ka botlalo mokgwa kgotsa ditiro tsa Modimo yo a senang phelelo. Mo mothong yo a nang le botlhale jo bontsi, yo rutegileng thata, Modimo o tla nna ka bosaitsiweng ka dinako tsotlhe. “A o ka itse tse Modimo a di itseng? A o ka nna le kitso e e tletseng ya Mong-wa-thata-yotlhe? E kwa godimo jaaka legodimo, o ka kgona eng? E boteng go feta bobipo; o ka iste eng” Jobe 11:7,8.
Moapostolo Paolo a re, “A boteng jwa khumo le jwa botlhale jwa kitso ya Modimo! Dikatlholo tsa ona ga di na go sekasekiwa jang ne, le ditsela tsa ona ga di na tlhotlhomiso ja ne!” Baroma 11:33. Le fa “Maru le lefifi di mo dikaganyeditse; tshiamo le molao ke motheo wa setilo sa Gagwe sa bogosi” Pesalema 97:2. Re ka lemoga ka fa a dirisanyang le rona ka teng le se se mo gwetlhang, gore re lemoge lorato lo logolo le bopelotlhomogi tse di kopaneng le nonofo e e sa feleng. Re ka tlhalogaya maikaelelo a Gagwe mo go re lakaneng go go itse; mme go feta fa re tshwanetse ra tshepha letsogo le le nang le thata yotlhe, pelo e e tletseng lorato
Lefoko la Modimo, jaaka mokgwa wa Mokwadi wa lone, le supa masaitsiweng a a sa kakeng a tlhaloganngwa ka botlalo ke motho yo a nang le fa a felelang teng. Go tsena ga boleo mo lefatsheng, go nna mo tswanong ya motho ga ga Keresete, go tsalwa sesha, tsogo ya baswi, le tse dingwe dithuto tsa Babebele, ke masaitsiweng a a ko teng thata gore motho o ka a tlhalosa kgotsa a a tlhaloganya ka botlalo. Mme ga re a tshwanelwa ke go belaela lefoko la Modimo ka gore ga re kgone go tlhaloganya masaitsiweng a Gagwe. Mo dilong tsa tlholego re dikaganyeditswe ke masaitsiweng a re ka se keng re a tlhalose. Sebopiwa se se nnyennyane go di feta ga se kgone gore se tlhalosiwe ke morutegi yo a rutegileng go feta botlhe. Gongwe le gongwe re bona bona dilo tse re ka se keng re ditlhalose. A jaanong re tshwanetse ra gakgamala gore mo dilong tsa semowa go na le masaitsiweng a re ka se keng re a tlhalose? Bothata bo fela mo bokoeng ja tlhaloganyo ya motho. Modimo o re file bosupi jo bo ntsi mo Baebeleng ka mokgwa wa bomodimo ja yone, mme ga re a tshwanela ke go belaela lefoko la Gagwe ka gore ga re kgone go tlhaloganya masaitsiweng otlhe a Modimo.
Mo Apostolo Petere are dilo tse di mo Baebeleng, “tse di thata go tlhaloganngwa, tse batho ba ba sa rutegang le ba ba bokoa ba di sokamisang…ba itsisetsa tshenyego” 2 Petere 3:16. Dilo tse di thata tsa Baebele di dirisiwa ke ba ba e ganetsang e le sesupo sa gore ga e na boammaruri; mme tota se se supa fa e tlhotlheleditswe ke Modimo. Fa e ne e sena bomodimo mme re kgona go e tlhaloganya motlhofo; fa bogolo jwa Gagwe bo ne bo kgona go tlhaloganngwa ke ditlhaloganyo tsa rona tse di nang le bofelelo, Baebele e ne e ka seke e nne le tshupo ya gore e tlhotlheleditswe ke Modimo.
Baebele e bolelela nnete ka bomotlhofo jo bo makatsang mo e leng gore e kgotsofatse letlhoko la pelo ya tlhaloganyo ye e tlhatloseditsweng kwa godimo mme gape e kgona go bontsha yo a leng kwa tlase ka tlhabologo tsela ya poloko. Mme gape bomotlhofo jwa nnete ya Baebele bo bua ka dithuto tse di kwa godimo thata go feta se motho a ka se tlhaloganyang, re bo re di amogela fela jaaka di ntse ka gore Modimo di buile. Ka jalo leano la poloko le bewa fa pele ga rona, gore mowa mongwe le mongwe o bone dikgato tse o tshwanetseng ke go di tsaya go bona boikotlhao mo Modimong le tumelo mo go Morena Jeso Keresete, gore a bolokiwe ka fa Modimo a batlang ka teng; mme ka fa tlase ga nnete tse, tse di tllhaloganngwang motlhofo jaana, go na le masaitsiweng a fitlhegileng a kgalalelo ya Gagwe aa heketsang tlhaloganyo mo patlong ya yone, mme a tlhotlhleletsa yo a batlang nnete ka boammaruri gore a nne le tumelo. Mme fa a tswelela a hukutsa Babebele, o tla bona gore ka nnete ke lefoko la Modimo, mme tlhaloganyo ya motho e a ikoba fa pele ga bomodimo jo bo senotsweng.
Go dumela gore ga re ka botlalo ra tlhaloganyo ke lemoga gore motho ka tlhaloganyo ye e nangg le bofelelo ga e kake ya tlhaloganya tse di seng bofelo; gore motho ka kitso ya gagwe e nnyennyane ga a ka ke a tlhaloganya dilo tsa Motha-Otlhe.
Ka gore ga ba kgone go tlhaloganya masaitsiweng otlhe a Baebele, ba ba sa dumeleng ba ganetsa gore ke lefoko lwa Modimo; mme le bangwe ba reng ke BaKeresete ba mo kotsing ka ntlha e. Mo apostolo a re, “Lo itise bagaetsho, e se re kgotsa go bo go na le mo go mongwe wa lona pelo e e bosula, e e sa dumeleng, ya go kgaogana le Modimo o o tshedileng” Bahebera 3:12. Go siame go ithuta mo go tseneletseng ka Baebele le go hukutsa “dilo tse di boteng tsa Modimo” fela fa di senotsweng mo Baebeleng. 1 Bakorintha 2:10. “Dilo tse di fitlhegileng ke tsa ga Jehofa Modimo wa rona, mme dilo tse di senotsweng ke tsa rona” Diterenomi 29:29. Mme ke tiro ya ga Satane go sokamisa dinonofo tsa tlhaloganyo e e batlang go tlhotlhomisa. Boikgodiso bo kopanngwa le go tlholhomisa nnete ya Baebele, e bo e le gore motho o fela pelo le go tsaya go re o fentswe fa a sa kgone go tlhalosa temana nngwe le nngwe ya Baebele mo go mo kgotsofatsang. Mo go bone go ba tlhabisa ditlhong fa ba sa kgone go tlhaloganya mafoko a a tlhotlheleditseng. Ga ba batle go leta ka bopelotelele go fitlhela Modimo a bona go tshwanetse gore a ba senolele nnete. Ba tsaya gore kitso ya bone ya setho e e sa thusiweng ke sepe e lekane go re ba tlhaloganye Baebele, mme se, ga se sa diragale, ba latola gore ke lefoko la Modimo. Ke nnete go na le dithuto tse di ntsi tse go tsewang go di tswa mo Baebeleng mme go sa nna jalo, mme e bile di ganetsa Baebele. Dilo tse di dira gore ba bangwe ba nne le dipelaelo mo tlhaloganyong. Phoso ga e mo lefokong la Modim, mme e mo mothong ka go sokamisa lefoko la Modimo.
Fa go ne go kgonega gore dibopiwa tse di tlhodilweng di tlhaloganye Modimo ka botlalo le ditiro tsa Gagwe, ba ne ba ka seke ba tlhola ba ithuta sepe se se ntšha, mme go ne go ka seke go nne le go gola tlhaloganyo. Modimo o ne a ka seke a tlhola a le kwa godimo ga motho; mme motho a ne a ka seke a gatele pele mo semoweng. A re lebogeng Modimo gore ga go a nna jalo. Modimo o ntse ka bosakhuteng; “Dikhumo tsotlhe tsa botlhale le kitso di fitlhelwa mo go Ene” Bakolosa 2:3. Mme ka bosakhuteng motho o tla tlhotlhomisa, a ithuta, mme a sa kgone go fetsa dikhumo tsa botlhale, tsa molemo le tsa nonofo ya Gagwe.
Maikaelelo a Modimo ke gore le mo botshelong jono nnete ya lefoko la Gagwe e bo e ntse e senolelwa batho ba Gagwe. Tsela e nngwe fela e kitso ya lefoko e ka bonwang ka teng. Re ka le tlhaloganya fela ka tlhotlheletso ya Mowa O O Boitshepo o e leng One o neng wa fa lefoko. “Dilo tsa Modimo ga go ope yo o di itseng, fa e se Mowa wa Modimo” “Gonne Mowa o tlhatlhoba dilo tsotlhe, ee, le dilo tse di boteng tsa Modimo” 1 Bakorinta 2:11,10. Mme tsholofetso ya Mmoloki go ya ko balateding ba Gagwe ke gore, “Fela e tla re Mowa wa boammaruri o sena go tla, o tla lo gogela mo bammaruring jotlhe….gonne o tla tsaya mo go tse e leng tsa Me, o di lo itsise” Johane 16:13,14.
Modimo o eletsa gore motho a dirise tlhaloganyo ya gagwe; mme go ithuta Babebele go tla nonotsha le go tsholetsa tlhaloganyo go feta dithuto tsotlhe. Mme re sthwanetse ra ela tlhoko gore re seka ra obamela tlhaloganyo, e e retelelwang ke bokoa ja setho. Fa re sa batle gore lefoko la Modimo e nne sesiro mo ditlhaloganyong tsa rona, re tshwanetse ra nna tumelo e e motlhofo ya ngwana yo mo nyennyane, re tla batla go ithuta, ka go kopa thuso ya Mowa O O Boitshepo. Go lemoga nonofo le botlhale ja Modimo, le gore ga re kgone go tlhaloganya bogolo ja Gagwe ka botlalo, go tshwanetse ga re tlhotlheletsa gore re nne boikobo, jaaka o kare re tsena fa a leng teng ka bomasisi jo bo itshepo. Fa re tla ko Baebeleng, tlhologanyo e tshwanetse ya lemoga taolo e e ko godimo ga ya motho, mme pelo le tlhaloanyo di tshwanetse tsa obama fa pele ga Modimo.
Go na le dilo tse di ntsi tse di lebegang di le thata, tse Modimo a tla di dirang motlhofo mo go ba ba batlang tlhaloso ya tsone. Mme kwa ntle ga Mowa O O Boitshepo re tla tswelela re sokamisa lefoko la Modimo. Go na go bala Baebele mo go senang mosola e bile fa gongwe go le le borai. Fa lefoko la Modimo le bulwa ko ntle ga thapelo le bomasisi; fa tlhaloganyo le maikutlo a sa tshepama mo Modimong, kana a sa tsamaelane le thato ya Gagwe, tlhaloganyo e tletse dipelaelo; go ithuta mo go ntseng jaana go tiisa dipelaelo. Mmaba o tsaya taolo ya tlhaloganyo, a bo a e tlhotlheletsa ka tlhanolo e e senang boammaruri. Fela fa batho ba sa bate go tsamaelana le Modimo ka lefoko le ditiro, go sa kgathalesege gore ba rutegile jang, ba tla hosa mo go tlhaloganyeng Baebele, ka jalo ga go a siama go tshepa ditlhaloso tsa bone. Ba ba balang Baebele go batla dipharologanyo ga ba na pono ya semowa. Ka gore pono ya bone e sokame batla bona dilo tse dintsi tse dibelaetsang tse e leng gore tota di papametse gape di mothofo.
Le fa ba ka leka go fitlha maikutlo a bone a nnete, gantsi lebaka la dipelaelo ke lorato la boleo. Dithuto le dikiletso tsa lefoko la Modimo ga di amogelesege mo pelo e e tletseng boikgodiso, e e ratang boleo, mme ba ba sa batleng go obamela se Baebele e se rutang ba ipaakantse go belaela taolo ya yone. Gore re fitlhelele ko nneteng, re tshwanetse ra batla ka pelo yotlhe go itse nnte le go e obamela. Botlhe ba ba ithutang Baebele ka mowa o, batla fitlhela bosupi jo bontsi gore ke lefoko la Modimo, mme ba ka bona go tlhaloganya nnete ya lone go re ba nne botlhale mo dilong tsa poloko. Keresete a re “Fa motho a rata go dira thato ya Midimo, o tla itse ka ga thuto” Johane 7:17. Go na le gore o botse o bo o belaele ka ga se o sa se tlhaloganyeng, dira se o setseng o se tlhalogantse, mme o tla amogela lesedi le le fetang le o nang le lone. Ka tshegofatso ya ga Keresete dira tiro nngwe le nngwe e o e tlhaloganyang, mme o tla thusiwa go tlhaloganya le go dira tse o belaelang ka tsone.
Go na le bosupi go bo bontshiwang botlhe, ba ba rutegileng le ba ba sa rutegang, bosupi ja boitemogelo. Modimo o re laletsa gore re mo leke ka bo rona bo nnete ja lefoko la Gagwe, bo nnete ja ditsholofetso tsa Gagwe. A re “A ko lo (latsweng) lekeng lo bone fa Jehofa a le molemo” Pesalema 34:8. Go na le gore re utlwe ka motho yo mongwe, re tshwanetse ra latswa ka borona. A re, “kopa mme lo tla amogela” Johane 16:24. Ditsholefetso tsa Gagwe di tla diragala. Ga di ke di pala. Mme jaaka re atumela Jeso, mme re ipela mo tlalong ya lorato la Gagwe, dipelaelo le lefifi di tla nyelela mo leseding la boleng ja Gagwe.
Mo apostolo Paulo a re Modimo “yo o re golotseng mo thateng ya lefifi, a re tlolaganyetsa mo bogosing jwa Morwa” Bakolosa 1:13. Mongwe le mongwe yo o duleng ko losong go ya ko botshelong o “baya sekano sa gore Modimo o boammaruri” Johane 3:33. Mme O ka netefatsha gore, “ Ke ne ka thoka thusa, mme ka e bona mo go Keresete. O ne a tlosa letlhoko lotlhe, mowa wa yame o o neng o bolailwe ke tlala o ne wa kgotsofala; mme jaanong Baebele mo go nna ke tshenolo ya ga Jeso Keresete. O botsa gore ke eng ke dumela mo go Keresete? Ke gore mo go nna ke Mmoloki. Ke eng ke dumela mo Baebeleng? Ke gore ke bone gore ke lentse la Modimo le bua le mowa wa me.” Re ka nna le bosupi ka bo rona gore Baebele e nnete le gore Keresete ke Morwa Modimo. Re a itse gore ga re a sala morago di polelo tse di itlhametsweng ke motho.
Petere o kgotlhatsha bakaulengwe ka gore “golang mo tshegofatsong, le mo kitsong ya Morena wa rona le Mmoloki Jeso Keresete” 2 Petere 3:18. Fa batho ba Modimo ba gola mo tshegofatsong, ba tlaa bona go tlhaloganya lefoko la Modimo go oketsega. Ba tla bona lesedi le le sha. Se ke se se diragaletseng phutlhego ka metlha e e fitileng, mme se tla tswelela go ya bokhutlong. “Tselana ya mosiami e tshawana le lesedi la mahube le le ntseng le oketsega go ya motshegareng yo mo golo” Diane 4:18.
Ka tumela re ka itshwarelela mo tsholofetsong ya Modimo gore o tla godisa tlhaloganyo ka go e kopanya le bomodimo, le gore nonofo yotlhe ya mowa e tla kopanngwa le Motswedi wa lesedi. Re tla itumela gore gotlhe mo go neng go sa tlhaloganyesege go tla tlhaloganngwa; le gore fa ditlhaloganyo tsa rona tse di nnyennyane di neng di ntse di bona tlhakatlhakano, jaanong di bona bophepa. “Gonne gompieno re bona mo seiponeng go le lefitshwana, mme e tla re mo lebakeng loo, re tla bona go lebanye difatlhogo; gompieno ke itse ka bontlhanngwe; mme e tla re mo lebaken loo, ke tla itse fela jaaka le nna ke itsilwe” 1 Bakorinta 13:12.
Kgaolo 13 : Go ipela mo Moreneng
Bana ba Modimo ba a bidiwa gore e nne ba emedi ba ga Keresete, ba supe molemo le boutlwelo botlhoko ja Modimo. Jaaka Keresete a re senoletse mokgwa wa boammaruri wa ga Rara, le rona re tshwanela ke go senola Keresete mo lefatsheng le le sa itseng lorato lwa Gagwe lwa boutlwelo botlhoko. “Jaaka o nthomile mo lefatsheng,” go bua Jeso, “le Nna ke romile bone fela jalo mo lefatsheng” “Nna mo go bone. Le Wena mo go Nna;…gore lefatshe le itse fa O nthomile” Johane 17: 18,23. Mo apostolo Paulo fa a bua ka barutwana ba ga Jeso a re, “lo bonatshegile fa lo le lokwalo lwa ga Keresete” “lo itsiwe lo balwa ke batho botlhe” 2 Bakorinta 3:3,2. Mo go mongwe le mongwe wa bana ba Gagwe, Jeso o romela lekwalo ko lefatsheng. Fa o le molatedi wa ga Keresete, O romela mo go wena lokwalo go ya ko lwapeng, ko motseng, ko o nnang teng. Jeso fa a dutse mo go wena, O batla go bua le dipelo tse di sa mo itseng. Gongwe ga ba bale Baebele, kana ga ba utlwe lentswe le le bua le bone go tswa mo Baebeleng; ga ba bone lorato lwa Modimo ka ditiro tsa Gagwe; mme fa o le moemedi wa nnete wa ga Jeso, e ka tswa e le ka wena ba ka tlhaloganyang sengwe ka bo molemo ja Gagwe mme ba felela ba Mo rata le go mo direla.
Bakeresete ba tlhomilwe jaaka ba ba tshotseng lesedi le le bonesang tsela e e yang legodimong. Ba tshwanetse ba gasa lesedi le le welang mo go bone go tswa ko go Keresete go ya ko lefatsheng. Ka matshelo a bone le mokgwa wa bone batho ba ka nna le kitso ya boammaruri ka ga Keresete le bodiredi jwa Gagwe. Fa re emetse Keresete, re tla dira gore tirelo ya Gagwe e ratwe ke batho. Bakeresete ba ba nnang ba tetse bohutsana le ngongorego ba fa tshupo e e seng yone ka Modimo le botshelo jwa Mokeresete. Ba fa tshupo ya gore Modimo ga a batle go bona bana ba Gagwe ba itumetse, mme se e tla nna bosupi jo e seng jone ka Rara wa rona wa legodimo.
Satane o a itumela fa a ka gogela bana ba Modimo mo go tlhokeng tumelo le go nna ba kgobegile marapo. O ja monate fa a bona re tlhoka tshepo mo Modimong, re belaela nonofo ya Gagwe ya go re boloka. Ke tiro ya ga Satane go supa fa Modimo a tlhaela boutlwelo botlhoko. O sokamisa nnete ka ga Ene. O tlatsa tlhaloganyo ka dikakanyo tsa maaka mabapi le Modimo; mme tshwanelo ya gore re tsepame mo nneteng ka Rara wa rona wa legodimo, gantsi re tsepama ditlhaloganyo tsa rona mo maakeng a ga Satane mme re bo re sa tlotle Modimo wa rona ka go sa mo tshepa le go ngongorega ka Ene. Satane o rata gore nako tsotlhe a supe fa botshelo ja modumedi e le jwa khutsafalo, o batla gore bo bonale bo le bokete gape bo le thata; mme fa Mokeresete a supa mo botshelong jwa gagwe tebego e ya tumelo, o tlhomamisa maaka a ga Satane.
Bontsi jaaka ba tsamaya mo tseleng ya botshelo, ba bua thata ka diphoso tsa bone, le ka fa ba paletsweng ka teng le maswabi a bone mme dipelo tsa bone di tlale bohutsana le go kgobega marapo. E rile ke le ko Yuropa, mokaulengwa wa mme yo a neng a dira jaana, mme a le mo bohutsaneng, a nkwalela a kopa mafoko a kgotlhatso. E rile morago ga ke sena go bala lokwalo lwa gagwe, bosigong joo ka lora ke le mo tshimong ya dithunya, mme mongwe yo a neng a lebega e le mong wa tshimo a ntsamaisa mo ditselaneng tsa yone. Ke ne ke kgetla dithunya mme ke akola monko wa tsone, fa mme yo a neng a tsamaya fa tlhoko game, a mpitsa gore ke bone ditlhatsana tsa mitlwa tse di neng di mo kgoreletsa mo tseleng. O ne a le foo a utlwile bothoko a lela. O ne a sa tsamaye mo tseleng, a setse morago mong wa tshimo, mme o ne a tsamaya fa gare ga ditlhatsana tsa mitlwa. A lela a re, “Ke utlwiswa botho ke mitlwa e e senyang bontle jwa tshimo e” Mme mong wa tshimo a re, “Tlhokomologa mitlwa, e tla go tlhaba. Kgetla dithunya fela”
A gaa wa nna le maitemogelo mangwe e phatsimang? A ga go na nako e pelo ya gago e kileng ya tlala boitumelo ka ntlha ya go tsibogela Mowa wa Modimo? Fa o leba ko morago mo botshelong ja gago, a ga gona nako e go e o kileng wa nna le maitemogelo a a monate? A ditsholofetso tsa Modimo ga di tshwane le dithunya tse di nkgang monate tse di golang mo tseleng ya gago gongwe le gongwe? A ga o lete gore bontle le monate wa tsone di tlatse pelo ya gago ka boitumelo?
Mitlwa e tlaa go utlwisa botlhoko le go go hutsafatsa fela; mme fa o kgetla fela dilo tse, o bo o di supentsha ba bangwe, a ga o latofatse bomolemo jwa Modimo, le go kganela ba bangwe gore ba tsamaye mo tseleng ya botshelo?
Ga go a siama go kgobokanya maitemogelo otlhe a botshelo jo bo fitileng jo bo sa siamang, jo bo tletseng maleo le maswabi, mme o bo o bua ka jone o hutsafala ka jone go fitlhela o kgobega marapo. Mowa o o kgobegileng marapo o tletse bontsho, o thibela lesedi le le tswang ko Modimong go bonesa mowa mme o dira moriti mo tseleng ya ba bangwe.
Re leboga Modimo ka maitemogela a a phatsimang aa re fileng. A re kgobokanye ditsholofetso tsa lorato lwa Gagwe, gore ka nako tsotlhe re bone tsone: Morwa Modimo a tlogela sitilo sa bogosi sa ga Rragwe, a apesa bomodimo jwa Gagwe setho, gore a tle go re golola mo nonofong ya ga Satane; phenyo ya Gagwe mo boemong jwa rona, a bula legodimo gore motho a tle a tsene, tšhaba e e oleng e tsholediwa go tswa mo moleting wa tshenyego ko boleo bo neng bo e latlhetseng teng, mme e tlisiwa gape mo tomaganong le Modimo yo a sa khutleng, mme fa re kgonne go itshokela teko ka tumelo mo go Mmoloki wa rona, re apesiwa tshiamo ya ga Keresete, mme re bo re tsholediwa go ya go nna mo setilong sa Gagwe sa bogosi, tse ke tsone dikakanyo tse Modimo a batlang gore re tlhatlhanya ka tsone.
Fa re belaela lorato lwa Modimo le ditsholefetso tsa Gagwe ga re mo fe tlotlo mme re hutsafatsa Mowa Wa Gagwe O O Boitshepo. Mmabana o ka tseega jang fa bana ba gagwe ba nna ba ngongorega ka ene, jaaka o ka re gaa batle go ba direla molemo, mme botshelo ja gagwe jotlhe e le maiteko a go ba direla molemo? Fa ba ka belaela lorato lwa gagwe; go ka phatola pelo ya gagwe. Motsadi o ka ikutlwa jang fa ba na ba gagwe ba ka mo tsaya ka tsela ee ntseng jaana? Mme Rara wa rona wa legodimo o re tsaya jang fa re sa tshephe lorato lwa Gagwe, le le dirileng gore a re fe Morwae yo tsetsweng a le esi gore re nne le botshelo? Mo apostolo a kwala a re, “Yo e bileng a sa rekegela Morwaa-ona, mme o mo neetse mo losong ka ntlha ya rona rotlhe, o ka tlhoka jang gore abela dilo tsotlhe Nae?” Baroma 8:32. Mme ke ba ke kae, le fa ba sa bue mafoko a, mme ka ditiro tsa bone, ba re “Morena gaa direla dilo tse nna. Gongwe o rata ba bangwe, mme nna ga a nthate”
Mme tse tsotlhe di koafatsa mow awa gago; ka gore pelaelo nngwe le nngwe e o e buang e laletsa dithaelo tsa ga Satane; e tiisa dipelaela mo go wena, gape e koba baengele ba Modimo mo tikologong ya gago. Ha Satane a go raela o se ka wa bua lefoko le le nngwefela la pelaelo. Ha o bulela Satane kgoro gore o ka amogela dikgakolo tsa gagwe, tlhaloganyo ya gago e tlaa tlala go tlhoka tshepo le dipotso tsa tsuololo. Ha o bua maikutlo a gago, pelaelo nngwe le nngwe e o e buang e tlaa nna peo ee tla unngwang mo matshelong a ba bangwe, mme o ka nna wa palelwa ke busetsa ko morago tlhotlheletso ya mafoko a gago. Wena ka bowena gongwe o ka kgona go falola nako ya thaelo le mo tshwarong ya ga Satane, mme ba bangwe ba o ba tlhotlheleditseng dipelaolo tsa gago ba ka nna ba palelwa ko go falola mo dipelaelong tse. Go botlhokwa jang bo bua fela se se tlaa fang semowa nonofo le botshelo!
Baegele ba reeditse gore o fa lefatshe pego ee ntseng jang ka Morena wa rona wa legodimo. A puo ya gago e nne ka Ene yo a re buelelang fa pele gaga Rara. Fa o tshwara seatla sa tsala, a pako go ya ko Modimong e nne mo dipounameng le mo pelong ya gago. Se se tlaa gogela dikakanyo tsa Gagwe ko go Jeso.
Rotlhe re na le diteko; re lebaganye le matshwenyego a thata, re lwa le dithaelo tse di thata. O se ka wa bolelela batho mathata a gago, mme a ise otlhe ko Modimong ka thapelo. Dira gore e nne molao mo go wena gore o seka wa bua lefoko le le lengwe la pelaelo kgotsa le le kgobang marapo. O ka dira go le go ntsi go phatsimisa botshelo jwa batho ba bangwe ka go tiisa maiteko a bone, ka mafoko a tsholofelo le kgotlhatso.
Ba le ba ntsi ba gateletswe ke dithaelo, ebile ba gaufi le go idibala mo ntweng le bonna le dinonofo tsa bosula. O seka wa kgoba marapo yo a ntseng jaanag mo ntweng ya gagwe e e thata. Mo kgothatse gore a gatele pele ka mafoko aa nang le tsholofetso. Ka jalo a lesedi la ga Keresete a le bonale go tswa mo go wena. “Ga go ope wa rona yo o itshelelang” Baroma 14:7. Ka tlhotlheletso ya rona e re sa e lemogeng bangwe ba tiiswa moko kana ba kgobega marapo, mme ba kgoromeletswe kgakala le Keresete le nnete. Go na le bath oba le bantsi ba ba nang le kakanyo e e seng yone ka botshelo le mokgwa wa ga Keresete. Ba akanya gore o ne a sena boitumelo mo botshelong jwa Gagwe, gore O ne a nna a le bogale a tenegile. Bontsi bo taka botshelo jwa Gagwe e le jwa bohutsana.
Gantsi go buiwa gore Jeso o ne a nna a le mo bohutsaneng a se ke a tshega. Ke nnete Mmoloki wa rona e ne e le Monna wa Mahutsana, a tlwaetse go amana le botlhoko, ka gore pelo ya Gagwe e ne e bulegile go amogela mahutsana a batho. Mme etswa botshelo jwa Gagwe e ne e le botshelo ja go itima bonna gape a apesitswe ke botlhoko le tlhokomelo ya ba bangwe, mowa wa Gagwe o ne o se ke o wela tlase, o ne a sa kgobege marapo. Sefatlhego sa Gagwe se ne se sa apare tebego ya bohutsana le go ngongorega, mme se ne se tletse kagiso. Pelo ya Gagwe e ne e le motswedi wa metsi a botshelo, mme gongwe le gongwe ko a neng a ya teng o ne a rwele boikhutso, kagiso le boitumelo.
Mmoloki wa rona e le e le motho yo o tlhwaafetseng mme a se ke a nna le mowa o o wetseng tlase. Matshelo a ba ba mo etsang a tlaa nna le maikaelelo aa tlhaafetseng; batlaa nna le maikarabelo aa ko teng. Metlae ga e na go fitlhelwa mo go bone, jaaka go tshameka ka boikgantsho, ka matlhapa, mme ba tlaa nna le kagiso ya ga Keresete mo moweng. Kagiso ya ga Keresete ga e timole lesedi la boitumelo; kana go itsa sefatlhego gore se seka sa nyenya. Keresete o ne sa tla go direlwa fa e se go direla; mme fa lorato lo rena mo pelong, re tlaa sala morago sekai sa Gagwe.
Fa re nna re akantse dilo tse di maswe tsa batho ba bangwe re palelwa ke go ba rata jaaka Keresete a re re rata; mme fa dikakanyo tsa rona di nna mo loratong le le makatsang le boutlwelo botlhoko ja ga Keresete, mowa o o tshwanang o tlaa elela o ya ko go ba bangwe. Re tshwanetse ra rata le go tlotla ba bangwe le ntswa re bona diphoso le ditshokamo tsa bone. Boikokobetso le go sa tshepa bonna di tshwanetswe tsa ithutiwa, le go nna pelotelele ka diphoso tsa ba bangwe. Se se tlaa bolaya bonna mme se re dire gore re nne le dipelo tse di bulegileng.
Mopesalema a re, “Ikanye Morena, o dire se se molemo; ka jalo o tlaa aga mo lefatsheng, o ikanyega” Pesalema 37:3 “Ikanye Morena”. Letsatsi lengwe le lengwe le na le merwalo ya lone le matshwenyego a lone; mme ha re kopana re itlhaganela go bua ka mathata le matshwenyego a rona. Mathata a le mantsi a tsenelela puisano ya rona, go buiwa ka matshwenyego a le mantsi mo e leng gore motho o ka tsaya gore ga re na Mmoloki yo boutlwelo botlhoko, yo a ipaakanyeditseng go reetsa dikopo tsa rona tsotlhe gore e nne thuso e e gaufi ka nako nngwe le nngwe e re mo tlhokang ka yone.
Bangwe ba nna mo poifong le go adima mathata a malatsi aa ko pele. Tsatsi le letsatsi ba dikaganyeditswe ke ditshupo tsa lorato lwa Modimo; tsatsi le letsatsi ba akola masego a Gagwe; mme ba itlhokomolosa masego a nako eo. Ditlhaloganyo tsa bone di nna di akantse sengwe se ba se boifang gore se ka nna sa ba wela; kgotsa mathata a ka tswa a le teng mme a le mannye a bo a thiba matho a bone gore ba seka ba bona tse di ntsi tse di ka tisang malebogo mo dipelong tsa bone. Mathata a ba kopanang le one, tshwanelo ya gore a ba kgoromeletse ko Modimong, Ene fela yo a ka ba thusang, mme a ba kgaoganya le Ene ka gore ba nna ba le mo ngongoregong.
A re dira sentle go tlhoka tumelo mo go ntseng jaana? Ke eng re tshwanetse go nna le go tlhoka tebogo le go tlhoka tshepo? Jeso ke tsala ya rona; legodimo lotlhe le berekela bokamoso jwa rona. Ga re a tshwanela go letlelela matswenyego a botshelo go imela tlhaloganyo le go sira pono ya rona. Fa re dira jalo re tlaa nna ka nako tsotlhe re tshwenyegile.
O ka tswa o na le mathata mo kgwebong ya gago; o ka tswa o bona gore o lebagane le go latlhegelwa; o seka wa kgobega marapo; baya tsotlhe mo Modimong, mme o nne o wetse makgwafo o na le monyenyo mo sefatlhogong. Rapelela botlhale jwa go tsamaisa kgwebo gore o tile go latlhegelwa. Dira gotlhe mo o ka go kgonang go tisa maduo a siameng. Jeso o re solofeditse thuso ya Gagwe, mme e kopana le maiteko a rona. Fa re ikaegile mo Mothusing wa rona, re dirile gotlhe mo re ka go kgonang, amogela maduo ka boitumelo.
Ga se go rata ga Modimo gore batho ba Gagwe ba imelwe ke matshwenyego. Mme Morena wa rona ga a re tsietse. Ga a re, “O seka wa boifa, ga gona dikotsi mo tseleng ya gago,” O a itse gore go na le diteko le dikotsi, mme o dirisanya le rona mo pontsheng. Ga a re o tlaa re tlosa mo lefatsheng la boleo le bosula, mme O re supentsha tshireletso e e sa swabiseng. Fa a rapelela barutwana ba Gagwe a re “Ga ke kope gore o ba tlose mo lefatsheng, mme gore o ba sireletse mo go yo o bosula ” “Mo lefatsheng” go bua Jeso, “le tlaa nna le pitlagano: mme nametsegang, ke fentse lefatshe” Johane 17:15; 16:33.
Mo therong ya Gagwe ko thabeng, Keresete o rutile barutwana ba Gagwe botlhokwa ja go nna le tshepo mo Modimong. Dithuto tse di direletswe gore di kgotlhatse bana ba Modimo ka metlha yotlhe, mme di tla mo go rona jaanong gore ruta le go re gomotsa. Mmoloki o lebisa balatedi ba Gagwe dinonyane tsa lewapi jaaka di opela dipina tsa tsone di sena matshwenyego, ka gore “ga di jwale gape ga di robe” Mme le fa go ntse jalo Rara o di neela tse di ditlhokang. Mmoloki o botsa gore, “a ga le tlhotlhwa e kgolo go di feta?” Matheo 6:26 Moabi wa motho le diphologolo o hupurolola seatla sa Gagwe mme bo a naya ditshedi tsa Gagwe tsotlhe tse di di tlhokang. Dinonyane tsa loapi le tsone o a di tlhokomela. Ga a di tsenye dijo mo molomong wa tsone, mme o baakanyetsa ditlhoko tsa tsone. Di tshwanetse tsa sela dipeo tse a digasitseng. Di tshwanetse tsa baakanya di dintlhaga tsa tsone ka go bapala matlhare le bojang. Ditswanetse tsa jesa bana ba tsone. Di opela di ntse di le mo tirong, ka gore “Rara wa lona o a di jesa” A mme “ga le tlhotlhwa e kgolo go di feta?” A lona ba lo leng botlhale, le le baobamedi ba semowa, a go lo tlhotlhwa e kgolo go feta dinonyane tsa loapi? A Mosimolodi wa botshelo ja rona, Mosireledi wa rona, Yo a re bopileng mo tshwanong ya Gagwe, a ga a na go re neela tsotlhe tse re ditlhokang fa re mo tshepa.
Keresete gape o lebisa barutwana ba Gagwe ko dithunyeng tse dinte tsa naga, tse Modimo a di godisang e le sesupo sa lorato la Gagwe mo mothong. A re “Elang dithunya tsa naga tlhoko ka fa di golang ka teng”. Bontle ja dithunya tse di gaisa kgakala kgalalelo yotlhe ya ga kgosi Solomone mo go kgabeng ga gagwe. Jeso a botsa potso gore, “Fa Modimo a apesa jalo bojang ja naga, jo bo leng teng gampieno mme kamoso bo latlhelwa mo leisong, a ga a kitla a lo apesa bogolo lona? A o lona ba tumelo ee potlana!” Matheo 6:28,30. Fa Modimo, Motaki Yo O Boitshepo, a fa dithunya mebala ya tsone e e farologaneng, tse di nyelelang ka letsatsi, o tlaa tlhokomela go le kae bone ba a ba tlhodileng mo tshwanong ya Gagwe? Thuto e ya ga Keresete ke kgalemo mo tlhaloganyo e e nnang e tshwenyegile, e nnang e belaela, ka pelo e e senang tumelo.
Modimo o batla gore bana ba Gagwe ba nne le boitumelo, kagiso le go nna kutlo. Jeso a re, “Ke le tlogelela kagiso, ke lo naya kagiso ya me. Ga ke lo nee jaaka lefatshe le naya. A dipelo tsa lona di se huduege, le gone di se boife” “Dilo tse ke di buile le lona gore boitumelo jwa Me bo nne mo go lona, le gore boitumelo jwa lona bo tlale”Johane 14:27; 15:11
Boitumelo jo bo batiwang gore motho a ikgotsofatse ko ntle ga tsela ya tiro ya Modimo, ke ja nakwana; bo a feta, mme mowa o sala ka bodutu le kutlo botlhoko; mme go na le boitumelo le kgotsofalo mo tirong ya Modimo; Mokeresete ga a sale a tsamaya mo ditseleng tse di sa tlhomamisegeng; ga a sale a le mo boikotlhaong le maswabi. Fa re sena boitumelo jwa botshelo jo re ka nna le boitumelo ja botshelo jo bo tlang.
Mme le gone gampieno Bakeresete ba ka nna le boitumelo ja go tshwaragana le Keresete; ba ka nna le lesedi ja lorato lwa Gagwe, boleng teng ja Gagwe ka nako yotlhe. Kgato nngwe le nngwe mo botshelong e ka re tisa gaufi le Jeso, e ka re naya maitemogelo a a tseneletseng ka lorato lwa Gagwe, mme a ka re tisa kgato e nngwe fela gaufi le legae jele je le sogofetseng la kagiso. Ka jalo a re se ka ra seegela ka fa thoko boikanyo jwa rona mo go Ene, mme re nne le tshepo e e fetang ya pele. “Morena o re thusitse go fitlha gampieno” mme O tla re thusa go ya ko bokhutlong. 1 Samuele 7:12. A re lebeng se Modimo a se dirileng gore gomotsa le go re golola mo tshwarong ya mmaba. Ka nako tsotlhe a re gakologelweng mautlwelo bothoko a Modimo a re a supentshitseng, dikeledi tse a di phimotseng, matlhoko aa ritibaditseng, matshwenyego aa tlositseng, masego aa re fileng one. Ka jalo re tla thatafala go lebagana le tsotlhe tse di re tlelang mo leetong le le setseng mo lefatsheng le.
Re santse re tlaa lebagana le matshwenyego a masha mo ntweng e tlang, mme re ka leba ko morago le se se tlaa tlang, re bo re ka re ““Morena o re thusitse go fitlha gampieno” “Jaaka malatsi a gago a ntse, thata ya gago e tlaa nna fela jalo” Deterenomi 33:25. Teko ga e kake ya feta thata e re tla e newang gore re tle re kgone go emelana le yone teko. Ka jalo a re gateleng pele re dumela gore sepe se se tlang, thata ee lekanang le teko re tlaa e newa.
Mme ko bofelong dikgoro tsa legodimo di tlaa bulwa go amogela bana ba Modimo, mme gotswa ko dipuonameng tsa Kgosing ya kgalalelo go tlaa ultlwa mafoko jaaka molodi o o monate, a re “Tlang lona basegofadiwa ba ga Rre, ruang bogosi jo lo bo baakanyeditsweng e sa le ka tlholego ya lefatshe.” Mathaeo 25:34.
Mme ba barekolotseng ba tlaa amogelwa ko legaeng le Jeso a le ba baakanyetsang. Bakaulengwe ba bone ga e na go nna ba ba bosula, ba ba maaka, ba ba obamelang medimo ya disetlwa, ba ba leswe gape ba sa dumele; mme ba tla amana le ba ba fentseng Satane mme ka tshegofatso ya ga Keresete ba betlile mokgwa o o phepa. Boleo bongwe le bongwe jo ba ntseng ba na le jone mo lefatsheng le mo tlositswe ka madi a ga Keresete, mme kgalalelo ya Gagwe e e fetang phatsimo ya letsatsi, e apesitswe basegofadiwa. Ba eme fa pele ga terone e kgolo e tshweu ba sena molato, ba akola seriti le ditshono tsa ba engele.
Fa re lebile kgalalelo e go buiwang ka yone ya moruabogosi, tota “ke eng se motho o ka se ntshang a se baya mo boemong jwa botshelo jwa gagwe?” Matheo 16:26. O ka tswa a humanegile, mme mo go ene o na le khumo le seriti tse lefatshe di ka se keng di mo fe tsone. Mowa o o rekolotsweng le go tlosiwa boleo, dinonofo tsa one di tshwaetswe Modimo, o tlhotlhwa kgolo go feta; mme go boitumelo ko legodimong mo pele ga Modimo le baengele ba ba boitshepo, boitumelo jo be supiwang ka dipina tsa phenyo e e boitshepo.